Kudzai Chimbaira
Kudzai Chimbaira (13 October 1985 -January 2018) e ne e le motshameki le motsamaisi wa difilimi wa kwa Sweden-Zimbabwe.[ 1]
O dirile tshimologo ya gagwe ka 2005 ka filimi e khutshwane e e bidiwang Pamvura, mme ka 2007 o ne a amogela sekgele kwa Zimbabwe International Film Festival[2] sa motshameki yo o gaisang mo filimeng e khutshwane ka go tshameka moanelwa yo mogolo mo filiming e e bidiwang The Return. Mo ngwageng oo o ne a amogela gape le National Arts Merit Awards ya Zimbabwe ka ntlha ya seabe sa gagwe mo motshamekong wa Anatol. [ 3][4]
Ka 2008 o ne a tsamaisa terama ya Silent Words ya Harare International Festival of the Arts, [[ 1] [ 2] mme ka one ngwaga oo o ne a gapa sekgele sa motshameki yo o gaisang wa sesadi kwa Carthage Film Festival [2][3] ka ntlha ya seabe sa gagwe mo filiming ya Zimbabwe. Ka 2008 o ne a fudugela kwa Sweden.[ 2][ 5]
Kwa Sweden o simolotse theater Integrationsteatern [1] mme o ne a le matlhagatlhaga mo moletlong wa filimi wa Cinemafrica, modulasetulo wa letsholo la go farologana Tryck, mme a tshameka mo metshamekong e mentsi, le mo filiming ya Medan vi lever . [ 2][ 6]
Chimbaira o tlhokafetse ka Ferikgong 2018, a le dingwaga di le 32.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi][1] "Kudzai Chimbaira" (in Swedish). Archived from the original on 2018-01-26. Retrieved 2018-01-25.
[2] Kachiko, Tafadzwa (2018-01-24). "Renowned actress dies". NewsDay Zimbabwe. Retrieved 2018-01-25.
[3] Sundell, Joachim (2018-01-23). "Prisbelönta skådespelaren Kudzai Chimbaira är död" (in Swedish). Retrieved 2018-01-25.
[4] Hassler, Karin (2018-01-24). "Prisbelönt skådespelerska död". Östgöta Correspondenten (in Swedish). Retrieved 2018-01-25.
[5] "Filmmaker and theatre star Kudzai Chimbaira dies". Three Men On A Boat. 2018-01-23. Retrieved 2018-01-25.
[6] "Kudzai Chimbaira". IMDb. Retrieved 2018-01-25.