Jump to content

Kuoth Wiel

Go tswa ko Wikipedia

Kuoth Wiel Ke motshameki wa difilimi le mmabonte wa kwa South Sudan le moagedi kwa America, o itsege thata ka seabe sa gagwe mo filiming ya The Good Lie (2014), filimi e e bontshang bana ba le bane ba batshabi go tswa kwa Sudan yo a kgautlhantsweng ke ntwa.

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Wiel o belegetswe kwa kampeng ya batshabi kwa Itang, Ethiopia, morwadia badiri ba thuso ba lekgotla la Ditšhaba tse di Kopaneng. O ne a fetsa dingwaga tsa gagwe tsa bongwana a fuduga go tswa kwa Nasir kwa South Sudan, kwa rraagwe e neng e le ngaka teng, go ya kwa Gambela kwa Ethiopia. Rraagwe o ne a tlhokafala fa a ne a na le dingwaga di le tlhano. Wiel le mmaagwe ba ne ba fudugela kwa United States ka 1998, fa a ne a le dingwaga di le robedi, mme ba nna kwa Faribault, Minnesota.

E ne e le moithuti wa thutotlhaloganyo kwa Augsburg College fa a ne a dira kopo ya go tshameka mo The Good Lie.[1] Fa a sena go aloga, o ne a fudugela kwa Los Angeles koo a dirang jaaka mmotlelara gone jaanong.[ 2]

Metshameko ya gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

The Good Lie, 2014

[1] Euan Kerr, 'The Good Lie' treads close to Sudanese refugee life, Minnesota actress says Archived November 16, 2018, at the Wayback Machine, MPR News, October 16, 2014.

[2] Jhoni Jackson, Kuoth Wiel's American Dream Archived November 16, 2018, at the Wayback Machine, papermag.com, July 4, 2018.