Kwatsi
| Anthrax | |
|---|---|
| Maina a mangwe | Anthrax disease |
| A skin lesion caused by anthrax; the characteristic black eschar | |
| Specialty | Infectious disease |
| Dikai | Skin form: small blister with surrounding swelling Inhalational form: fever, chest pain, shortness of breath Intestinal form: nausea, vomiting, diarrhea, abdominal pain Injection form: fever, abscess[1] |
| Ditshimologo tse ditwaelesegileng | 1 day to 2 months post contact[1] |
| Causes | Bacillus anthracis[2] |
| Risk factors | Working with animals, travelers, postal workers, military personnel[3] |
| Diagnostic method | Based on antibodies or toxin in the blood, microbial culture[4] |
| Prevention | Anthrax vaccination, antibiotics[3][5] |
| Treatment | Antibiotics, antitoxin[6] |
| Prognosis | 20–80% die without treatment[5][7] |
| Frequency | >2,000 cases per year[8] |
Kwatsi ke mogare o o bakiwang ke baketeria ya Bacillus anthracis . E ka itshupa ka ditsela di le nne: letlalo, mafatlha, mala le go kentiwa. Go simolola ga dikai go diragala magareng ga letsatsi le le lengwe go ya go dikgwedi di feta pedi morago ga gore mogare o tshwarwe.[1] Sebopego sa letlalo se itshupa ka letshoroma le lennye le le nang le go ruruga mo go dikologileng mo gantsi go fetogang go nna seso se se senang botlhoko se se nang le bontshi ga gare.[1] Mokgwa wa go hema o itshupa ka letshoroma, botlhoko mo sehubeng, le go tlhaela mowa.[1] Sebopego sa mala se itshupa ka letshololo le le ka nnang le madi, ditlhabi mo mpeng, go feroga sebete, le go kgwa.[1] Sebopego sa lemao seitshupa ka letshoroma le ntho mo lefelong la mokento wa lemao.
Kwatsi e anamisiwa ka go kopana le dipeo tsa baketeria, tse gantsi di bonalang mo ditswa diphologolong tse di tshelanwang.[9] Go amana ke ka go hema, go ja, kgotsa ka lefelo le le thubegileng la letlalo.[9] Ga e aname ka tlhamalalo fa gare ga batho. Dintlha tse di kotsi di akaretsa batho ba ba dirang ka diphologolo kgotsa dilo tse di dirilweng ka diphologolo, batsamai, badiri ba poso le badiri ba sesole. Temogo e ka netefadiwa ka go bona dilwantsha-ditwatsi kgotsa botlhole mo mading kgotsa ka go tlhotlhora sampole go tswa mo lefelong le le amegileng.
Mokento wa Kwatsi o rotloelediwa batho ba ba mo kotsing e ko godimo ya go ka amega. Go kentela diphologolo kgatlhanong le Kwatsi go a rotloediwa mo mafelong a ditshwaetsego tse di fetileng di diragetseng. ithutntsho ya dikgwedi di le pedi ya dibolayamegare tse jaaka ciprofloxacin, levofloxacin, le doxycycline morago ga go tlhagelela le yone e ka thibela mogare.[5] Fa megare e ka tlhagelela, kalafi ke ka dibolayamegare mme gongwe le dibolayatokisi . Mofuta le palo ya dibolayamegare tse di dirisiwang go ikaegile ka mofuta wa mogare.[5] Antitoxin e e rotloediwa baba nang le mogare o pharaletseng.[5]
Le fa e le bolwetse jo bo sa tlwaelegang, bolwetse jwa Kwatsi jwa batho, fa bo itshupa, bo tlwaelegile thata mo Afrika le kwa Asia bogare le borwa. Gape e tlhagelela ka metlha kwa Yuropa Borwa go feta kwa mafelong a mangwe mo kontinenteng, mme ga e tlwaelega kwa Yuropa Bokone le Amerika Bokone.[10] Lefatshe ka bophara, bobotlana dikgetse di le dikete tse ped di diragala ka ngwaga mme dikgetse di ka nna pedi ka ngwaga kwa United States.[8] Megare ya letlalo e emela go feta 95% ya dikgetse.[7] Kwa ntle ga kalafi, kotsi ya loso ka ntlha ya Kwatsi ya letlalo ke 24%.[5] Mo mogareng wa mala, kotsi ya loso ke masome a mabedi le botlhano go ya go 75%, fa Kwatsi ya go hema e na le dintsho di ka nna masome a matlhano e ka alafiwa.[5][7] Go fitlha ka lekgolo la bo masome a mabedi la dingwaga, Megare ya anthrax e ne ya bolaya batho le diphologolo di le dikete di le makgolokgolo ngwaga le ngwaga.[11] Kwatsi e tlhamilwe jaaka sebetsa ke mafatshe a le mmalwa. Mo diphologolong tse di jang dimela, megare re ka e tsena fa di ja kgotsa di hema mo di-spores fa di ntse di fula.[12] Diphologolo di ka tsaya megare ka go ja diphologolo tse di amegileng.[12]
Ditshupiso
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 5 6 Cite error: Invalid
<ref>tag; no text was provided for refs named "CDC2014Sym". - ↑ Cite error: Invalid
<ref>tag; no text was provided for refs named "CDC2015Bas". - 1 2 Cite error: Invalid
<ref>tag; no text was provided for refs named "CDC2015Risk". - ↑ Cite error: Invalid
<ref>tag; no text was provided for refs named "CDC2015Diag". - 1 2 3 4 5 6 7 Hendricks, KA; Wright, ME; Shadomy, SV; Bradley, JS; Morrow, MG; Pavia, AT; Rubinstein, E; Holty, JE; Messonnier, NE; Smith, TL; Pesik, N; Treadwell, TA; Bower, WA; Workgroup on Anthrax Clinical, Guidelines (February 2014). "Centers for disease control and prevention expert panel meetings on prevention and treatment of anthrax in adults". Emerging Infectious Diseases. 20 (2). doi:10.3201/eid2002.130687. PMC 3901462. PMID 24447897.
- ↑ Cite error: Invalid
<ref>tag; no text was provided for refs named "CDC2016Tx". - 1 2 3 Cite error: Invalid
<ref>tag; no text was provided for refs named "FDA2015". - 1 2 Anthrax: Global Status. GIDEON Informatics Inc. 2016. p. 12. ISBN 9781498808613. Archived from the original on 10 September 2017.
- 1 2 Cite error: Invalid
<ref>tag; no text was provided for refs named "CDC2015Tran". - ↑ Schlossberg, David (2008). Clinical Infectious Disease. Cambridge University Press. p. 897. ISBN 9781139576659. Archived from the original on 10 September 2017.
- ↑ Cherkasskiy, B. L. (1999). "A national register of historic and contemporary anthrax foci". Journal of Applied Microbiology. 87 (2): 192–195. doi:10.1046/j.1365-2672.1999.00868.x. PMID 10475946. S2CID 6157235.
- 1 2 Cite error: Invalid
<ref>tag; no text was provided for refs named "WHOBook2008".