Lakhvinder Singh Walia
| Motlotlegi. Tshiamiso Lakhvinder Singh Walia | |
|---|---|
| Moatlhodi wa Kgotlatshekelo ya Boikuelo (Botswana). | |
| Assumed office 2017 | |
| Motshwarelela Moatlhodimogolo wa Kgotlatshekelokgolo (Botswana) kwa Gaborone | |
| In office 2014–2014 | |
| Ka Ga Ena | |
| Moagi Wa | Botswana |
| Mosetshaba wa | Botswanian |
| Tiro | moatlhudi |
Moatlhodi Lakhwinder Singh Walia e ne e le moatlhodi wa maemo a a kwa godimo wa kwa Botswana yo o neng a direla jaaka Moatlhodimogolo wa Kgotlatshekelo Kgolo ya Botswana. O ne a direla jaaka moatlhodi wa Kgotlatshekelo ya Boikuelo ya Botswana.[1][2][3][4]
Botshelo jwa gagwe jwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]O tsholetswe mo lelapeng la Ba-Sikh ba ba tswang kwa India. O na le morwarraagwe yo o bidiwang Satvinder Singh Walia yo e leng mong wa Engen Truck Inn, e leng lefelo la go tlamelwa. Pele ga moo, Walia o ne a dira jaaka mmueledi mo komponeng ya gagwe e e ikemetseng ka nosi. Pele a dira mo dikgotlatshekelo, Walia o ne a dira jaaka mmueledi wa moe ma nosi.[5][6][7]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Walia o simolotse tiro ya gagwe ya boatlhodi ka Moranang 2001 fa a ne a tlhophiwa go nna Moatlhodi wa Kgotlatshekelo Kgolo.[7] Gape, go simolola ka August 2002, o ne a tlhomiwa go nna Moatlhodi wa nakwana. O ne a tlhophiwa jaaka moatlhodi wa Kgotlatshekelo Kgolo ka Ferikgong 2003.[8]
O kile a dira jaaka moatlhodi wa Kgotlakgolo ya Ditsheko ya Botswana kwa Lobatse le kwa Gaborone.[9] O ne gape a dira jaaka Moatlhodimogolo wa Kgotlatshekelo Kgolo ka nakonyana e khutshwane.[10] O ne a tshwanetse go tlogela tiro ka Sedimonthole 31, 2016 fa a fitlha dingwaga tsa go tlogela tiro a le 70. Kwa tshimologong, tumalano ya gagwe e ne ya atolosiwa ke puso ka dikgwedi di le thataro tse di neng tsa mo letla go wetsa dikgetsi tsa gagwe. O ne a direla jaaka moatlhodi wa Kgotlatshekelo Kgolo ka dingwaga di ka nna lesome le botlhano.[8] Morago ga moo, o ne a tlhophiwa jaaka moatlhodi wa Kgotlatshekelo ya Boikuelo ya Botswana ka 2017.[11][12]
Katoloso ya konteraka
[fetola | Fetola Motswedi]Ka 2017, go atolosiwa ga konteraka ya ga Walia go ne ga baka tlhakatlhakano mo lefatsheng lotlhe morago ga go tlhophiwa go nna mo Kgotlatshekelo ya Boikuelo. O ne a setse a le mo dingwageng tsa go rola tiro, mme o ne a atolosiwa tiro eno ka ntlha ya maitemogelo a gagwe a go nna moatlhodi. E ne ya buisanelwa gape kwa Palamenteng ya Botswana le Tona ya Tshireletso, Bosiamisi le Tshireletsego Shaw Kgathi a bua ka yone.[13] Konteraka ya gagwe e ne ya atolosiwa gape ka 2020 e e neng ya baka dipuisano tse di anameng le go tshwaiwa diphoso.[11][12][1]
Dikganetsano
[fetola | Fetola Motswedi]Moatlhodi Walia le tautona wa Kgotlatshekelo ya Boikuelo Tebogo Tau ba ne ba begelwa kwa Bokaeding jwa tshenyesto sechaba le borukutlhi jwa Itsholelo ke motlhotlhomisi mo kgetsing e e neng e ama polokelo ya Stanbic , Hollard Insurance Botswana le Bothati jwa Taolo ya Ditheo tsa Matlole tse e seng tsa polokelo (NBFIRA).[14] Dikganetsano tse dingwe di akaretsa thulano ya dikgatlhego mo kgetsing le go begelwa Moatlhodimogolo ka ntlha ya dikatlholo le ditshwaelo tsa gagwe tse di bakileng tlhakatlhakano e e anameng. Dikakgelo tsa gagwe mo kgetseng nngwe di ne tsa sirelediwa ke mmueledi mogolo wa puso yo o neng a latofatsa Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ka go sokamisa dikakgelo tsa moatlhodi yo mongwe jaaka tsa ga Walia.[14][15][16][17][18][19]
Dikatlholo tse di tlhomologileng
[fetola | Fetola Motswedi]O ne a eteletse pele kgetsi e e amanang le puso ya Botswana e e neng e tshwere batho ba morafe wa Ba-Bushmen ka tsela e e sa siamang, ba gape ba itsegeng e le batho ba San. O ne a kopa puso go phepafatsa melawana ya metsi le morafe wa Ba-Bushmen go tlhalosa selekanyo sa metsi a a tlhokegang go tswa mo sedibeng.[20][21] Tshwetso ya kgotlatshekelo le dikakgelo tsa gagwe ka ga kgetse di ne tsa tshwaiwa diphoso ka gore di ne di le mo letlhakoreng la puso.[22]
Kgetsi eno e ne e amana le go epiwa ga sediba go bona metsi mo lefelong la Central Kalahari Game Reserve ke morafe wa Ba-Bushmen. Puso e ne ya se ka ya letlelela seo mme ya kopa batho ba morafe go fuduga fa ba sena go bona diteemane kwa Kalahari Game Reserve.[23] Moragonyana, Kgotlatshekelo ya Boikuelo e ne ya sutlha tshwetso e mme ya neela katlholo e e neng ya akgolwa lefatshe ka bophara go thusa morafe wa Ba-Bushmen ka 2011.[24][23][22][25]
Ka 2011, e ne e le moatlhodi mo kgetsing ya moagi wa Amerika, ngaka ya diphologolo, Dr. Clay Wilson.[26] Wilson o ne a ya kwa kgotlatshekelong e e kwa godimo kgatlhanong le go tsena ga ga tautona Ian mo tsamaisong ya bosiamisi le dikakgelo tsa gagwe. Tautona Ian o ne a bolela gore ke moagi yo o sa letlelelwang. Walia o ne a ntsha katlholo ya gagwe kgatlhanong le Wilson mme a gatelela gore o tshwanetse go boela gae.[27]
Wilson o ne a bolela gore seno se ne se amana le taletso e e neng ya sutlhiwa ke Lephata la Tikologo kwantle ga go ntsha lebaka. Visa ya gagwe le yone e ne ya sutlhiwa, mme o ne a tshwanetse go busediwa kwa lefatsheng la gaabo. Go rarabolola kgang eno, o ne a ya go kopana le mokwaledi wa tautona mme a ntse a tsamayatsamaya mo kamoreng nngwe le nngwe a batla mokwaledi. Mo kamoreng e nngwe, e a neng a e tlhalosa jaaka ntlwana ya boithomelo, o ne a kopana le tautona mme a tshwarwa ke batlhokomedi ba gagwe ba ba neng ba baka tlhakatlhakano e e oketsegileng e e neng ya dira gore a lelekwe.[28][29] Moragonyana, tautona o ne a ganela ditatofatso tse ka ga gagwe tse di dirileng gore Wilson a lelekwe.[30]
Ka 2020, Walia o ne a fetola tshwetso ya Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya go se reetse boikuelo jwa Umbrella for Democratic Change ka ga go sa siama ga ditlhopho. O ne a letlelela kganetso go ikuela kgatlhanong le dipholo tsa ditlhopho kwa Kgotlatshekelo ya Boikuelo. [31] O ne a bolela fa kgetse ya boikuelo ya UDC e utlwala.[32][33][34]
Moragonyana, o ne a le mo gare ga baatlhodi ba ba neng ba reetsa kgetsi kgatlhanong le tautona wa maloba Ian Khama. Walia le baatlhodi ba bangwe ba ne ba sa itumelele go nna le seabe ga lephateng la ditlhatlhobo la setšhaba le le neng la bolela fa Khama e le matshosetsi mo tshireletsong ya bosetšhaba. Walia o ne a botsa gape le go tshwaya phoso lephata la ditsotsi la Botswana,Bokaedi jwa Botlhale le Tshireletso le tiro ya bone mo kgetseng kgatlhanong le Khama yo o neng a bitsa ditatofatso kgatlhanong le ene jaaka tse di itlhametsweng.[35][36][37][38][39]
Bona gape
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 Motlhoka, Thobo (24 August 2020). "Justice Walia's contract extension raises eyebrows | Sunday Standard". Retrieved 30-09- 2025.
- ↑ Keleboge, Mpho (31 January 2022). "Criminal investigations against Justice Walia ongoing | Sunday Standard". Retrieved 30-09-2025.
- ↑ News.gov, Daily (12 June 2024). "COURT OF APPEAL DISMISSES KOBATI APPEAL". DailyNews gov.bw. Retrieved 30 -09- 2025.
- ↑ Admin (15 March 2018). "Khama Case with Former Magistrate Set for Month End". Botswana Gazette. Retrieved 30 -09-2025.
- ↑ "Attorney-turned-judge has courted controversy since 1980. - Free Online Library". www.thefreelibrary.com. Retrieved 30-09-2025.
- ↑ "High Commission of India, Gaborone, Botswana : Events/Photo Gallery". www.hcigaborone.gov.in. Retrieved 30 -09-2025.
- 1 2 "Walia could retire before suspended judges' case is over | Sunday Standard". 11 December 2016. Retrieved 30-09- 2025.
- 1 2 News.gov.bw, Daily. "Chief Justice happy with progress". DailyNews.gov.bw. Retrieved 30-09-2025.
- ↑ Writer, Chandapiwa Baputaki Staff (21 February 2011). "BOFEPUSU fails to overturn its deregistration". Mmegi Online. Retrieved 30-09-2025.
- ↑ .gov.bw, The Justice. "Newsletter Vol..." (PDF). Justice.gov.bw. Retrieved 30-09- 2025.
- 1 2 Mosikare, Oarabile (18 November 2016). "Four attorneys listed for Walia's post". Mmegi Online. Retrieved 30-09-2025.
- 1 2 "Justice Singh Walia joins Court of Appeal next month". Guardian Sun. 20 June 2017. Retrieved 30-09-2025.
- ↑ Mosikare, Oarabile (3 March 2017). "Parley to scrutinise Dibotelo, Walia contract extensions". Mmegi Online. Retrieved 30-09-2025.
- 1 2 Mokwena, Nicholas (21 July 2023). "Justices Tau, Walia reported to Chief Justice". Guardian Sun. Retrieved 30-09-2025.
- ↑ Mokwape, Mpho (17 February 2025). "High Court twisted Walia's statement-State". Mmegi Online. Retrieved 30-09-2025.
- ↑ Piet, Bame (25 July 2023). "Infotrac wants judges replaced » TheVoiceBW". TheVoiceBW. Retrieved 30-09-2025.
- ↑ "Botswana: Election Appeals January 29". allAfrica.com. Archived from the original on 10 January 2020. Retrieved 30-09-2025.
- ↑ Mokwena, Nicholas (21 July 2023). "Judge Walia's woes continue". Guardian Sun. Retrieved 30-09-2025.
- ↑ Reporter, Sunday Standard (23 March 2020). "DCEC investigating conflict-of-interest allegations against Court of Appeal judge | Sunday Standard". Retrieved 30-09-2025.
- ↑ "Botswana high court rules against water rights for Bushmen". www.jurist.org. 22 July 2010. Retrieved 30-09-2025.
- ↑ Staff Reporter (28 January 2011). "Kalahari Bushmen win appeal". The Mail & Guardian. Retrieved 30-09-2025.
- 1 2 International, Survival. "Victory for Kalahari Bushmen as court grants right to water". www.survivalinternational.org. Retrieved 30-09-2025.
- 1 2 "Kalahari Bushmen in 'remarkable' legal victory". BBC News. 27 January 2011. Retrieved 30-09-2025.
- ↑ "Kalahari bushmen's legal victory". The Hindu. 30 January 2011. ISSN 0971-751X. Retrieved 30-09-2025.
- ↑ "Victory for Kalahari Bushmen as court grants right to water (and more from Wikileaks)". Just Conservation. Retrieved 30-09-2025.
- ↑ Writer, Isaiah Morewagae Staff (28 November 2011). "Unwanted Man gets Respite". Mmegi Online. Retrieved 30 -09-2025.
- ↑ MOREWAGAE, ISAIAH (1 December 2011). "Yes, Wilson must go- Justice Walia". Mmegi Online. Retrieved 30 -09-2025.
- ↑ "Deported doctor's unanswered questions". Guardian Sun. 8 October 2013. Retrieved 30 -09-2025.
- ↑ "Khama kicks out celebrity American surgeon | Sunday Standard". 28 November 2011. Retrieved 30-09-2025.
- ↑ "Tshekedi Khama denies causing veterinarian's deportation | Sunday Standard". 5 December 2011. Retrieved 30-09-2025.
- ↑ "Botswana opposition wins right to challenge election result". France 24. 8 January 2020. Retrieved 30-09-2025.
- ↑ "Botswana opposition wins right to challenge election result". France 24. 8 January 2020. Retrieved 30-09-2025.
- ↑ "Botswana opposition wins right to challenge election result". News24. Retrieved 30-09-2025.
- ↑ AfricaNews (9 January 2020). "Botswana court to adjudicate 2019 election petition case". Africanews. Retrieved 30-09-2025.
- ↑ mozambique. "Botswana's ex-president Ian Khama dismisses charges as fabricated". Mozambique. Retrieved 30 -09- 2025.
- ↑ Mokwape, Mpho (6 September 2022). "DIS escapes punishment for 'lying' against Khama". Mmegi Online. Retrieved 30-09-2025.
- ↑ Reporter, Sunday Standard (21 November 2022). "DIS didn't prove how Khama is a national security threat – CoA | Sunday Standard". Retrieved 30-09-2025.
- ↑ Ontebetse, Khonani (16 July 2023). "State refuses to hand over Khama's official residence | Sunday Standard". Retrieved 30-09- 2025.
- ↑ Mokwape, Mpho (28 November 2022). "Khama was a security threat – Garekwe". Mmegi Online. Retrieved 30-09-2025.