Latifa (singer)

Latifa bint Alaya El Arfaoui o tshotswe ka 14 Tlhakole 1961), yo o itsegeng thata ka Latifa, ke moopedi wa pop wa kwa Tunisia le motshameki wa bogologolo wa metshameko yo o nnang kwa Egepeto, mme ke mongwe wa baopedi ba ba itsegeng thata le ba ba rekisang thata mo lefatsheng la Searabia le Botlhaba Gare. O itsege thata ka mmino wa gagwe wa Searabia wa kwa Tunisia le Egepeto. O opela ka dipuo di le tlharo tse di farologaneng, Searabia, Sefora le Sekgoa . O ne a amogela World Music Awards ka 2004 ka ntlha ya go rekisa go gaisa kwa Middle East mme ke Mo-Tunisia wa ntlha go amogela sekgele se.
Botshelo jwa gagwe jwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]Latifa Bint Alaya El Arfaoui o tsholetswe kwa Manouba, Tunisia.
Ka 1983, fela fa rraagwe a sena go tlhokafala, Latifa le lelapa la gagwe ba ne ba tsaya loeto go ya kwa Egepeto go ya go ikhutsa le go hutsafala. Fa a le koo, o ne a kopana le motlhami wa mmino e bong Baligh Hamdi, yo o neng a mo gakolola gore a fudugele kwa Egepeto gore a tle a kgone go tsweledisa tiro ya gagwe. Le fa go ntse jalo, Latifa o ne a batla go tlhoma mogopolo mo thutong ya gagwe, mme a boela kwa Tunisia go ya go wetsa ditlhatlhobo tsa gagwe tsa bofelo tsa sekolo se segolwane. Ka ntlha ya mabaka a tsa madi, o ne a sa kgone go boela kwa Egepeto, ka jalo o ne a ya kholetšheng kwa Tunisia, a ithuta dibuka tsa Se-Dutch ka ngwaga le halofo. Lelapa la gagwe le ne la swetsa go mo duelela gore a ye kwa Egepeto, ka jalo o ne a tlogela kholetšhe kwa Tunisia mme a tsenela Arab Academy of Music kwa Egepeto, koo a neng a fetsa teng dikirii ya gagwe ya bachelor. O ipaakanyetsa go dira dikirii ya gagwe ya master.[ 1]
Fa a ne a le kwa Academy, o ne a bonwa ke motlhami Mohammed Abdel Wahab, yo o neng a mo utlwile mo radiong. Ka nako eo o ne a tshameka dipina tse ditelele tsa Tarab, mme go ise go ye kae o ne a simolola go dira le motlhami Ammar El Sherei le mmoki Abdulwahab Muhammed, ba a kopaneng le bone mo loetong lwa gagwe lwa ntlha kwa Egepeto.[ 2]
Tiro ya kopelo
[fetola | Fetola Motswedi]Dialbamo tsa ntlha tsa ga Latifa di ne tsa tswa ka 1984. Alebamo ya Mesa Al Jamal ("Evening Of Beauty") e ne ya dira gore Latifa Bint Alayah Al Arfaoui a tume kwa Egepeto. Akthar Min Roohi ("More than My Soul") e ne ya gololwa ka 1986. Latifa o ne a simolola go opela dipina tsa pop tsa Searabia ka mmino wa ga Ammar El Sherei le mafoko a ga Abdulwahab Muhammed. Alebamo eno e ne ya atlega mo lefatsheng lotlhe la Searabia, ka dipina tse dikhutshwane le go tsenngwa ga dipina tse di farologaneng tse di jaaka mmino wa tango. O ne a rekota bidio ya pina ya "Ew'ah Tegheer" ("O se Ka wa Nna Lefufa"). Katlego ya alebamo eno e ne ya dira gore Latifa a kgone go reka sephatlo sa dišere tsa khampani le studio ya motlhami wa gagwe, La Reine. Fa e sale go tloga ka nako eo, o ne a nna motlhami-mmogo wa dialebamo tsa gagwe tsotlhe le dibidio tsa mmino.[ 3]
Ka 1997, Latifa o ne a golola alebamo ya Al Ghinwa ("The Song"), e e neng e tsewa jaaka e e latelang ya "Akthar Min Roohi" go tswa alebamo e e fetileng. Latifa o ne a simolola go opela pina e ntšha e e bidiwang Qasa'ed Fos'ha. Alebamo ya gagwe e e latelang, Taloomoni Al Donya ya 1998 ("The World Blames Me"), e ne e na le Latifa a opela mafoko a a kwadilweng ke mmoki Nizar Qabbani.[ 5]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi][1] "Arabic reference". Archived from the original on 4 February 2009. Retrieved 29 July 2018.
[2] "Arabic reference". Archived from the original on 4 February 2009. Retrieved 29 July 2018.
[3] نت, المؤتمر (29 June 2008). "لطيفة: لم أقع بغرام ثري خليجي". www.almotamar.net. Retrieved 29 July 2018.
[4] "Third paragraph". Archived from the original on 4 February 2009. Retrieved 29 July 2018.
[5]Archived 2007-09-27 at the Wayback Machine Latifaonline.net