Jump to content

Lauriane Doumbouya

Go tswa ko Wikipedia
Lauriane Doumbouya
Mohumagadi wa Guinea
Assumed office
Lwetse a le malatsi a matlhano ngwaga wa 2021
PresidentMamady Doumbouya
Ka Ga Ena
O tsetsweChabeuil France
Mo/BakapeloMamady Doumbouya
BanaBa le bane

Lauriane Doumbouya (o a neng a fana ka Darboux pele) ke mohumagadi wa mo Fora wa kwa Guinea fa e sale ka Lwetse a le malatsi a matlhano ngwaga wa 2021. Ke mosadi wa ga tautona o o tshwareletseng wa Guinea, Mamady Doumbouya.

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Tiro kwa France

[fetola | Fetola Motswedi]

Lauriane Darboux o tsholetswe kwa Chabeuil, France. O feditse thuto ya gagwe ya dikgwedi tse tharo kwa Tulle ka 2005. O ne a kopana le monna wa gagwe Mamady Doubouya ka nako eo. O itse go palama dipitse, ka jalo o ne a nna leloko la Republican Guard ka 2006.[1]

Ngwaga one oo, o ne a katisiwa kwa Libourne. O ne a boela kwa toropong ya kwa ga bone kwa Chabeuil, tiro ya gagwe a ya go simolola tiro ya gagwe ya sepodisi. O ne a amogela madi a maduo a mantle ka 2011 le 2014.[1] O ne a nna lepodisi la molao ka Moranang 2016.[2]

O ne a isiwa kwa lephateng la go sekaseka go thuebla batho kwa Valence, Drome, dibeke di se kae fela pele ga a ya Aforika.[2]

Mohumagadi wa Guinea

[fetola | Fetola Motswedi]

Fa monna wa gagwe a tsaya marapo a botautona mo thankgolong ya puso ya Guinea ya 2021, Lauriane o ne a nna mohumagadi wa Guinea. O ne a sa itsege kwa Guinea. O ne a le teng ka nako ya fa monna wa gagwe a tlhomamisiwa go nna tautona.[2] Ka 2023, o ne a isa matshidiso morago ga merwalela ya kwa Coyah le Kindia. O ne a etelela pele moletlo wa Miss Guinee 2023. Ka 2024, o ne a tsaya karolo mo ditirelong tsa botsalano le mafatshe a sele di le dintsi.[1]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Lolwapa lwa ga Darboux lo tswa kwa borwa jwa France.[1][3][4]Fa e sale ka 2011, o ne a nyetswe ke tautona wa nakwana wa Guinea Mamady Doumbouya, o a kopaneng le ene moragonyana fela ga a sena go goroga kwa France ka 2005.[1] Bobedi boo bo na le bana ba le bane (mosetsana le basimane ba bararo.)[5][6]

  1. 1 2 3 4 5 Tijani, Achraf (2024-09-03). "Lauriane Doumbouya, The Mysterious French First Lady Of Guinea Steps Into The Limelight". Worldcrunch. Retrieved 2025-10-29
  2. 1 2 3 "Politique. Une gendarme drômoise Première dame de la Guinée". www.ledauphine.com (in French). 2021-10-30. Retrieved 2025-10-29
  3. Zimmerman, Thomas (2021-10-30). "Une gendarme drômoise Première dame de la Guinée". Le Dauphiné libéré.
  4. "Ancienne gendarme de la Drôme, Lauriane Darboux est devenue Première dame de Guinée". L'Indépendant. 2021-10-30.
  5. Thomas, Abdul Rashid (2021-09-06). "Is dissent an act of faith in a democracy? Lessons from the Guinean military coup". Sierra Leone Telegraph. Archived from the original on 2021-09-07. Retrieved 2025-10-29
  6. "12 Quick Facts about Guinea's coup leader Mamady Doumbouya - P.M. News". pmnewsnigeria.com. Retrieved 2025-10-29