Jump to content

Lazarus Hangula

Go tswa ko Wikipedia

Lazarus Hangula e ne e le mothusa mogokgo wa University of Namibia (UNAM) go tswa ka 2004 go tsena 2018. O ne a tlhatlhama Peter Katjavivi, o a neng a ya go nna moemedi wa Namibia. Hangula o ne a aloga ka M.A le Ph.D go tswa kwa Johannes Gutenberg University of Mainz kwa Germany.[1] Pele ga a tlhomiwa mothusa mogokgo o berekile mo maemong a mangwe kwa UNAM, a akaretsa go nna mothusa mogokgo wa tsa thuto le ditshekatsheko. Hangula e ne e le leloko la komiti ya ditlhopho ya Namibia, e e gakololang ka kgaoganyo ya puso ya lefatshe.[2] O na le doctorate ya matlhale le di masters tsa botaki le bodiragatsi go tswa kwa Johannes Gutenberg University kwa Mainz, Germany.[3]

Hangula o ne a fiwa tlotla ya botlotlegi jwa Namibia ya maemo a bobedi ka letsatsi la bagaka ka 2014.[4]

  1. Bause, Tanja (July 13, 2004). "Unam gets new Vice Chancellor". The Namibian. Retrieved 17 October 2025
  2. "Unam VC's term extended to 2018". New Era. 11 August 2016. p. 1.
  3. "LAZARUS HANGULA|Ashinaga". Ashinaga. Retrieved 17 October 2025.
  4. "Namibians honoured by President". New Era. 28 August 2014. Archived from the original on 29 June 2018. Retrieved 17 October 2025