Leah Paul
Leah Paul (o tshotswe ka 10 Lwetse 1999) ke motshameki wa kirikete wa kwa Ireland. O tshameka kirikete ya boditshabatshaba ya Ireland le kirikete ya selegae mo Women's Super Series ya Scorchers.
Tiro ya Boditshabatshaba
[fetola | Fetola Motswedi]Paul o ne a tshameka motshameko wa gagwe wa ntlha wa boditshabatshaba wa Women's One Day International (WODI) a tshamekela Ireland kgatlhanong le India mo 2017 South Africa Quadrangular Series .[1] Ka kgwedi ya Ngwanatsele wa 2018, o ne a tlhophiwa go nna motshameki wa mosetsana wa ngwaga mo kgaisanong ya ngwaga le ngwaga ya Cricket Ireland Awards.[2]
Ka Motsheganong wa 2019, o ne a bidiwa mo setlhopheng sa Women's Twenty20 International (WT20I) sa Ireland go tshameka kgaisano kgatlhanong le West Indies, mme ga a ka a tshameka.[3] [4] Ka Phatwe wa 2019, o ne a bidiwa gape mo setlhopheng sa Irish WT20I sa 2019 Netherlands Women's Quadrangular Series[5]. O ne a tshamekela Ireland kwa WT20I, kgatlhanong le Netherlands, ka Phatwe a robabobedi ka 2019.[6]
Ka Phatwe wa 2019, o ne a bidiwa mo setlhopheng sa Ireland sa 2019 ICC Women's World Twenty20 Qualifier kwa Scotland.[7] O ne a tlaa nna le kgaisano e e siameng ka kgwele, a feleletsa e le motshameki wa bobedi wa kwa Ireland yo o tsereng diwikete di le thataro,[8] le fa go ntse jalo, Ireland e ne ya retelelwa ke go tsenela kgaisano ya 2020 Women's T20 World Cup morago ga go fenngwa ke Bangladesh kwa seka-makgaolakgannyeng.[9]
Ka Phukwi wa 2020, o ne a fiwa konteraka e e sa duelelweng ke Cricket Ireland (CI) ya ngwaga o o latelang.[10]
Ka Ngwanatsele wa 2021, o ne a bidiwa mo setlhopheng sa Ireland sa kgaisano ya 2021 Women's Cricket World Cup Qualifier kwa Zimbabwe.[11] O ne a tshameka metshameko ka bobedi ya Ireland pele ga kgaisano e ne e tlogelwa ka ntlha ya go runya ga COVID-19, Ireland ga e a ka ya kgona go tsenelela kgaisano ya 2022 Women's Cricket World Cup ka maemo a neng a tlhophiwa ke ICC Rankings.[12]
Paul o ne a fiwa thuto ya fale le fale ke CI ka Mopitlo wa 2022 go mo letla go tswelela ka dithuto tsa gagwe kwa Trinity College, Dublin.[13] Moragonyana mo ngwageng oo o ne a bidiwa Sports Person of the Year kwa Trinity Sports Awards.[14]
Ka kgwedi ya Seetebosigo o ne a bidiwa Player of the Match ka 47 le 1/21 ya gagwe mo phenyong ya Ireland kgatlhanong le Afrika Borwa kwa Pembroke, e ne e le lekgetlho la ntlha a bula go itaya mo WT20Is.[15]
O ne a tla dira maduo a gagwe a a kwa godimo a boditshabatshaba ka Phatwe wa ngwaga oo ka nako ya leeto la Ireland Women go ya kwa Netherlands. Mo motshamekong wa bobedi wa WODI o ne a dira 137 a simolola go itaya, a dira rekoto ya tirisanommogo ya WODI ya kwa Ireland ya 236 le Laura Delany yo o neng a dira 109. E santse e le tirisanommogo ya bobedi e e kwa godimo go di feta tsotlhe mo metshamekong ya malatsi a le mararo.[16] Ireland e ne ya dira maduo a bone a a kwa godimo a WODI ka 337/8 ka pharologano ya phenyo ya 210 le yone e le rekoto ya Ireland.[17][18]
Ka 2024 o ne a tlhatlosiwa go nna mo kontrakeng ya nako e e tletseng ya seporofeshenale ke CI.[19]
Mo motshamekong wa bobedi wa WODI wa loeto lwa Sri Lanka kwa Ireland ka Phatwe 2024, Paul o ne a dira 81 le (101) go dira maduo a a kwa godimo mo Ireland fa ba ne ba fenya baeng ka metabogo e le 15 kwa Stormont go fitlhelela phenyo ya bone ya ntlha ya WODI kgatlhanong le Sri Lanka.[20]
O ne a tlhophiwa mo setlhopheng sa Ireland go ya go tshameka T20I le ODI kwa Bangladesh ka Ngwanatsele wa 2024.[21][22] Paul o ne a nosa 79 ka dikgwele di le 45 go akaretsa le tse pedi tsa 6 le di le lesome tsa 4 mo motshamekong fa Ireland e fenya T20I ya ntlha.[23][24]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Women's Quadrangular Series (in South Africa), 2nd Match: India Women v Ireland Women at Potchefstroom (Uni), May 7, 2017". ESPN Cricinfo. Retrieved 16 February 2025.
- ↑ "Murtagh, Delany take out top player awards at 2018 Turkish Airlines Cricket Ireland Awards". Cricket Ireland. Retrieved 16 February 2025.
- ↑ "Ireland Women receive first ever part-time professional contracts". ESPN Cricinfo. Retrieved 16 February 2025.
- ↑ "Ireland Women's squad announced for West Indies series". Cricket Ireland. Retrieved 16 February 2025.
- ↑ "Women's Squad Quadrangular T20I Tournament". Royal Dutch Cricket Association. Retrieved 16 February 2025.
- ↑ "1st Match, Women's T20I Quadrangular Series (in Netherlands) at Deventer, Aug 8 2019". ESPN Cricinfo. Retrieved 16 February 2025.
- ↑ "Match official appointments and squads announced for ICC Women's T20 World Cup Qualifier 2019". International Cricket Council. Retrieved 16 February 2025.
- ↑ "ICC Women's T20 World Cup Qualifier, 2019 bowling most wickets career Records". ESPNcricinfo. Retrieved 16 February 2025.
- ↑ "Thailand, Bangladesh qualify for 2020 Women's T20 World Cup". ESPNcricinfo. Retrieved 16 February 2025.
- ↑ "Cricket Ireland award new set of women's contracts". ESPN Cricinfo. Retrieved 16 February 2025.
- ↑ "Ireland squad announced for Women's World Cup Qualifier; amendments made to tournament schedule". Cricket Ireland. Retrieved 16 February 2025.
- ↑ "Women's World Cup qualifier in Zimbabwe called off following concerns over new Covid-19 variant". ESPNcricinfo. Retrieved 16 February 2025.
- ↑ "Cricket Ireland confirms first professional women's contracts". The Irish Times. Retrieved 16 February 2025.
- ↑ Wolfe, David (10 May 2022). "Cricketer Leah Paul named Sport Person of the Year at Trinity Sports Awards". Trinity News. Retrieved 16 February 2025.
- ↑ "Gaby Lewis leads from the front as Ireland secure upset win over South Africa". ESPNcricinfo. Retrieved 16 February 2025.
- ↑ "Partnership records | Women's One-Day Internationals | Cricinfo Statsguru | ESPNcricinfo.com". Cricinfo. Retrieved 16 February 2025.
- ↑ "Women ODI matches | Team records | Largest margin of victory (by runs)". ESPNcricinfo. Retrieved 16 February 2025.
- ↑ "Netherlands v Ireland: Leah Paul & Laura Delany hit centuries as Irish win ODI series". BBC Sport. 24 August 2022. Retrieved 16 February 2025.
- ↑ Easdown, Craig (4 June 2024). "Central contracts announced for 2024-25". Cricket Ireland. Retrieved 16 February 2025.
- ↑ "Ireland go 2-0 up despite Harshitha Samarawickrama century". ESPNcricinfo. Retrieved 16 February 2025.
- ↑ "Ireland name squad for Bangladesh series". Cricket Europe. Retrieved 16 February 2025.
- ↑ "Young Ireland squad named for Bangladesh tour". International Cricket Council. 6 November 2024. Retrieved 16 February 2025.
- ↑ "Ireland name squad for Bangladesh series". Cricket Europe. Retrieved 16 February 2025.
- ↑ "Paul runs riot". Cricket Europe. Retrieved 16 Februay 2025.
External links
[fetola | Fetola Motswedi]- Leah Paul at ESPNcricinfo
- Leah Paul at CricketArchive (subscription required)