Lebenkele le Lennye
This article has multiple issues. Please help improve it or discuss these issues on the talk page. (Learn how and when to remove these template messages)
|
Lebenkele lelennye "Tuck shop" ke lebenkele le lennye le le fitlhelwang mo teng kgotsa gaufi le mabala a sekolo, bookelong, ntlo ya bonno, kgotsa mafelong a ngtseng yalo.[1] Mo tirisong ya setso sa Borithane, mabenkele a arekisa dijo a amangwe thata a rekisa dimonamone, kgotsa dijo tse di Botlhofo mme a tlwaelegile kwa dikolong tsa poraefete ('tse di duelang madi a sekolo'). Mabenkele a a rekisang dilonyana tse di rekisiwang a a leng mo dikampaseng gantsi ke one hela a barutwana ba ka rekang mo go one. Ka jalo, ba ka nna ba reka le dilwana tsa go kwala kgotsa dilwana tse dingwe tse di tlhokagalang mo sekolong. Mo dikgaolong tse dingwe, mahoko a a reng "Tuck shop" a ka nna a bo a tshwana le a a reng "canteen". Lereo leno le dirisiwa mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe la Senyesemane kwa ntle ga United States.