Jump to content

Lebitla la ga Sambo

Go tswa ko Wikipedia
Lebitla la ga Sambo ka ngwaga wa 2008

Lebitla la ga Sambo ke kwa mosimanyana wa mmala o montsho o a neng a dirilwe lekgoba a boloketsweng teng kwa masimong gaufi le motsana wa Sunderland Point kwa Lancashire kwa lefatsheng la England. Sunderland Point e ne e le maemelo a dikepe kwa go neng go rekisiwa matsela, sukiri le dikepe tsa makgoba go tswa kwa West Indies le bokone jwa America, kwa go  neng ga phutlhama morago ga go bulwa ga maemelo a dikepe a Glasson Dock ka ngwaga wa 1787. Ke motsana o monnye thata o go gorogiwang kwa go one ka tselana e tshesane, e e kgabaganyang madirelo a letswai.

Ka lekgolo la dingwaga di le lesome le borobabobedi, motsana wa Sunderland Point e ne e le maemelo a dikepe a Lancaster, a ntsha dikepe tse ditona thata di fitile go ka ya kwa toropong.[1] Go ya ka pampiri ya dikgang ya Lonsdale ya ngwaga wa 1822,[2] e go lebegang e ikaegile thata ka ditso tsa molomo,[3] Sambo o gorogile ka dingwaga tsa 1736 go tswa West Indies e le motlhanka wa mokgweetsi wa sekepe se se neng se sena leina:

Lebitla la ga Sambo ka 2007

Morago ga gore a folose dithoto, Sambo o ne a isiwa kwa ntlong ya boroko ya batsamai...ka maikaelelo a gore a nne koo go fitlhela sekepe se siametse go tsamaya; mme ka dipelaelo tsa gore mong wa gagwe o mo latlhile, ka a ne a sa utlwe puo e e neng e buiwa, o ne a tlhakatlhakana maikutlo a ithapolela mo lefatsheng la ntlo eo, a itaolola fa fatshe a gana dijo tsotlhe. O ne a tswelela jaana malatsi a le mmalwa fela, go fitlhelela loso lo fedisa pogisego ya gagwe. Erile fela bakgweetsi ba dikepe ba utlwa ka go tlhokafala ga ga Sambo ka ba ne ba le foo, ba mo epela mo khutleng ya mebutla kwa morago ga motse, malwapa a le masome mabedi go tswa kwa lotshitshing lwa lewatle, ba ne ba latlha mmele wa gagwe go sena kesi, a hapilwe ka diaparo tse a tlhokafetseng a di apere fela.

Go buiwa gape gore Sambo o ka tswa a tlhokafetse ka ntlha ya bolwetse jo masole a gagwe a mmele a neng a sa kgone go itwela mo go bone, a bo tshetswe ke go amana le ma Europa.[4] O ne a bolokelwa mo lefelong le le seng boitshepho (ka a ne a se MoKeresete) kwa lotshitshing lo lo sotlilweng ke seemo sa bosa lwa Morecambe.[5]

Ka go bulwa ga maemelo a dikepe a Glasson ka ngwaga wa 1787, dikepe tsa kgwebo di ne tsa tswa kwa Sunderland Point, kwa go neng ga sala go nna lefelo la go tlhapa le lefelo la boikhutso.[1] Dingwaga di le masome a marataro morago ga go bolokiwa ga ga Sambo, mogokgo wa sekolo sa basimane sa thutapuo wa Lancaster James Watson, o ne a utlwa polelo e a kgobokanya madi go tswa mo baeting ba paka ya selemo a a kgobokanyetsa segopotso, gore se diriwe mo lebitleng le le neng le wa tshwaiwa. Watson o e neng e le mogolowe William Watson o e neng e le mogwebi wa tlhwatlhwa wa makgoba kwa Lancaster, o ne a kwala molaetsa o gompieno o tshwaileng lebitla.[6]

Mokwalo
Fa, go robetse Samboo

motho montsho o a neng a le boikanyego o (fa a ne a tlhokometse mong wa gagwe go tswa West Indies) a neng a tlhokafala fa a goroga kwa Sunderland

Dingwaga di le masome a marataro tse di tletseng, phefo ya mariga e e šhakgetseng e raletse lotshitshi lo fa e sale tlhogo ya ga Sambo e robala mo lebitleng le, o santse a robetse ebile ga a kitla a utlwa pogiso ya bone gape.

Dinonyane tsa motlhaba di opela fa godimo ga lefatshe Marang a letsatsi a bina go dikologa bolao jwa gagwe, maru a a le mantsi a leletse mo tlhogong ya gagwe. Mme o ntse o robetse - go fitlhelela torompeta ya moengele o motona e mmusetsa mo botshelong, jalo Moatlhodi o mogolo o tla a atlhola a sa lebelela mmala wa letlalo - mme a lebile bontle jwa pelo ya motho. James Watfon Scr. H. Bell del. 1796

Mokwalo wa gompieno ke setshwano sa wa pele o o neng wa utswiwa.[7] Se se tlhalosiwa ke mokwalo o monnye o o beilwe a godimo fa mokwalo wa boremelelo, o o balegang jaana;[6]

Batho ba ba senang kelelelo ebile ba sena tlotlo ba ne ba senya

sejana se, o o kwadilweng gape o o ne wa ngaparisiwa. TLOTLANG LEBITLA LE LE BOLAWANG KE BODUTU LE.

Go bolokwa

[fetola | Fetola Motswedi]
Lebitla la ga Sambo ka 2020

Matshwao a semmuso kwa Sunderland Point a supa lebitla le e le lefelo la bojanala. Lebitla le le nna le na le dithunya kgotsa matlapa a a takilweng ke bana ba mo gae.[1][5][8] Lebitla le ne la agelelwa ka lorako lo lo kwa tlase ka ngwaga wa 2019.

  1. 1 2 3 Howard, Peter F. (2008). The Ashgate research companion to heritage and identity. Aldershot: Ashgate Pub. Co. pp. 56, 57. ISBN 0-7546-4922-9.
  2. Hodgson, Liz (February 2007). "Sambo's Grave, Lancaster". Commemorating Abolition. University of Central Lancashire. Archived from the original on 18 January 2008. Retrieved 14 July 2025.
  3. Handlist 69: Sources for Black and Asian history (PDF). Lancashire Record Office (Report). April 2010. pp. 5–6. Retrieved 14 July 2025.
  4. Anon (2005). "Sunderland Point and Samboo's Grave". Mostly-Victorian. E. Ashworth. Retrieved 14 July 2025.
  5. 1 2 Anon (2007). "Sambo's grave at Sunderland point". Pandora's box. Little Frank. Retrieved 14 July 2025
  6. 1 2 Thomason, N. (24 July 2005). "Sambo's grave, near Sunderland point". The Ministry of Information – the blog. Retrieved 14 July 2025.
  7. Hartwell, Clare; Pevsner, Nikolaus (2009). Lancashire: North. Pevsner Architectural Guides. New Haven: Yale University Press. p. 662. ISBN 9780300126679.
  8. Oldham, Sophie (2016). "Remembering the Enslaved at Home - Slave Burials in Britain from 1701 to 1868" (PDF). Department of History. Newcastle University. Retrieved 14 July 2025.