Jump to content

Lebusa

Go tswa ko Wikipedia
Lebusa
A drawing of abnormal vaginal discharge seen during a speculum exam
SpecialtyGynecology
DikaiNormal: Thin, watery, thick, sticky, clear or white[1][2]
Abnormal: go fetoga ga mmala, go oketsega ga lebusa, monko o bosula, go babiwa, go fisiwa, pelvic pain, go tswa madi mo bosading mo go sa tlwaelesegang, Botlhoko ka nako ya thobalano sex[2][3]
TypesLe le tlwaelesegileng , Le le sa tlhwaelesegang[2]
Differential diagnosisNormal, bacterial vaginosis, yeast infection, trichomoniasis, chlamydia, gonorrhea, herpes[2]

Go tswa ga Lebusa go ka nna mo go tlwaelesegileng kgotsa mo go sa tlwaelesegang.[2] Go tswa ga lebusa le le tlwaelegileng mo bosading go diragala mo basading le mo basetsaneng ba le bantsi.[2] Selekanyo, boleng le popego ya go tswa ga lebusa di farologana go ya ka batho, mo modikologong otlhe wa go bona kgwedi, le mo dikgatong tsotlhe tsa go gola ga tlhakanelodikobo le tsa tsalo.[4] Lebusa le le tlwaelegileng la bosadi le ka nna le mmala o mosesane, o o metsi kgotsa o o kitlaneng, o o kgomarelang, mme le ka nna mmala o o phepa kgotsa o mosweu.[1][2] Go tswa ga lebusa le le tlwaelegileng mo bosading gantsi ga go na monko o o bogale, e bile gantsi ga go amane le go baba kgotsa botlhoko.[4] E ka nna ntsi,mo go diragalang gantsi ka nako ya boimana, fa o tlhakanela dikobo, kgotsa fa o dirisa tsa thibelo boimana.[4][2]

Lebusa le le tlwaelegileng le le tswang mo bosading ke motswako wa mesti disele, le dibakateria tse di kolobetsang le go sireletsa bosadi.[1] Motswako o o tlhagisiwa ke disele tsa bosadi le molomo wa popelo, mme o tswa mo mmeleng ka phatlha ya bosadi.[3] Go tswa ga lebusa le le tlwaelegileng mo bosading ga go ka ke ga thibelwa mme go tlhapa ga go kgothalediwe ka tlhamalalo.[2]

Le fa bontsi jwa go tswa ga lebusa bo emela go dira go go tlwaelegileng ga mmele, diphetogo dingwe mo go tsweng ga lebusa di ka bontsha tshwaetsego kgotsa mathata a mangwe.[5] Ditshwaetsego tse di ka bakang diphetogo mo metsi a a tswang mo bosading di akaretsa ditshwaetso tsa tomoso ya bosadi, bolwetse jwa bosadi jo bo bakiwang ke dibakateria, le ditshwaetso dingwe tse di tshelanwang ka thobalano.[6] Mabaka a a tshelanweng a akaretsa bata ya bubble kgotsa dilo tse dingwe.[3] Diponagalo tsa go tswa ga lebusa le le tlwaelegang mo bosading di farologana go ikaegile ka se se bakang, ka diponagalo tse di tlwaelegileng tse di akaretsang phetogo ya mmala, koketsego ya selekanyo, monko o o bosula, kgotsa dikai tse di amanang le one a a jaaka go babiwa go fisa, botlhoko jwa mo sehubeng, go dutla madi go go sa tlwaelegang mo bosading, kgotsa botlhoko ka nako ya thobalano.[2][3]

Ditshupiso

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. 1 2 3 Beckmann, R.B. (2014). Obstetrics and Gynecology (7th ed.). Baltimore, MD: Lippincott Williams & Wilkins. p. 260. ISBN 9781451144314.
  2. 1 2 3 4 5 6 7 8 9 10 "Vaginal discharge". nhs.uk (in Sekgoa). 18 October 2017. Archived from the original on 23 September 2020. Retrieved 24 September 2020.
  3. 1 2 3 4 "Vaginal Discharge - Women's Health Issues". Merck Manuals Consumer Version. Archived from the original on 24 December 2020. Retrieved 24 September 2020.
  4. 1 2 3 Hacker, Neville F. (2016). Hacker & Moore's Essentials of Obstetrics and Gynecology (6th ed.). Philadelphia, PA: Elsevier. pp. 276. ISBN 9781455775583.
  5. ↑ Richardson, Ania; Robinson, Angela J. (1 May 2022). "Vaginal discharge". Medicine (in Sekgoa). 50 (5): 254–258. doi:10.1016/j.mpmed.2022.02.002. ISSN 1357-3039.
  6. ↑ Rice, Alexandra (2016). "Vaginal Discharge". Obstetrics, Gynaecology & Reproductive Medicine. 26 (11): 317–323. doi:10.1016/j.ogrm.2016.08.002.