Lefelo la Tshomarelo la Kavango–Zambezi
Lefelo la Tshomarelo la Kavango–Zambezi ( KAZA TFCA ) ke lefelo la bobedi ka botona la tshomarelo ya tlholego le naga mo lefatsheng, le le kgabaganyang melelwane ya mafatshefatshe ya mafatshe a le matlhano mo borwa jwa Aforika . E akaretsa karolo e tona ya Noka ya Zambezi godimo le dikgampu tsa Okavango le makgobokgobo, Caprivi Strip ya Namibia, bontlha jo bo kwa borwa-botlhaba jwa Angola, borwa-bophirima jwa Zambia, naga e e kwa bokone jwa Botswana le bophirima jwa Zimbabwe . Legare la kgaolo e, ke kwa noka ya Zambezi le Chobe di kopanelang teng, kwa melelwane ya Botswana, Namibia, Zambia le Zimbabwe di kopanang teng. E akaretsa mafelo a boiketlo a le mmalwa ga mmogo le mafelo a tlholego, a akaretsa Chobe National Park, Hwange National Park, le Diphororo tsa Victoria. Kgaolo e, e na le Ditlou tsa Aforika di ka nna dikete di le makgolo a mabedi le masome a matlhano, e le palo e kgolo go gaisa tsotlhe mo lefatsheng ka bophara. [1]
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Kakanyo e e simolotswe ke mokgatlho kgaolo ya botlhophi ya Shoshong le letlole la lefatshe lotlhe la tlholego . E tlhotlheleditswe ke lenaneo la bojanala jwa kwa godimo ga noka ya Zambezi le ya Okavango ga mmogo le batsamaisi ba ditswammung tsa melelwane e mene. Ka ngwaga wa dikete pedi le boraro, matona a a nang le maikarabelo a bojanala kwa Angola, Botswana, Namibia, Zambia le Zimbabwe a ne a kopana kwa Katima Mulilo, kwa Namibia, go buisana ka porojeke eo. [2] Ka ngwaga wa dikete pedi le borataro lekgotla la Southern African Development Community (SADC) le ne la ema nokeng KAZA TFCA jaaka porojeke ya SADC, mme moragonyana ka ngwaga wa dikete pedi le borataro mafatshe a matlhano a a dirisanang mmogo a ne a baya monwana tumalano kwa Victoria Falls, kwa Zimbabwe. [2] Go agiwa ga lefelo le go ne ga tlhomamisiwa ka Phatwe a le lesome le borobabobedi, ngwaga wa dikete pedi lesome le motso, ka tumalano e e neng ya bewa monwana ke baeteledipele ba dipuso tsa mafatshe a matlhano a a neng a tsaya karolo. [3] Pulo semmuso ya lefelo le e diragetse ka kgwedi ya Mopitlo e le lesome le botlhano, ngwaga wa dikete pedi lesome le bobedi, kwa Katima Mulilo. [3]
Dithuso tsa madi di tswa mo metsweding e e farologaneng. Metswedi e, e akaretsa banka ya Tlhabololo ya KfW, puso ya Jeremane, Banka ya Lefatshe (World Bank), lefatshe la the Netherlands, le la Sweden. [4]
Go ne ga ithutiwa ka ditau mo lefelong le lotlhe ka ngwaga wa dikete pedi lesome le bone. [5] Ka Ngwanatsele ngwaga wa dikete pedi lesome le bone, dipuso tsa mafatshe a Zambia le Zimbabwe di ne tsa simolodisa teseletso mesepele e e tshwanang le ya KAZA, e e letlang ba ba e tshotseng go tsamaya ka tshosologo go kgabaganya melelwane mo teng ga lefelo la tshomarelo.[6]
Dikarolo
[fetola | Fetola Motswedi]
Lefelo la Tshomarelo la Kavango–Zambezi le botona jwa dikhilomithara di le makgolo a matlhano le masome a mabedi. [7] Mo lefatsheng le, lesome le bosupa mo lekgolong le kwa Angola, masome a mararo mo lekgolong kwa Botswana, lesome le bone mo lekgolong kwa Namibia,masome a mabedi le botlhano mo lekgolong kwa Zambia, le lesome le bone mo lekgolong kwa Zimbabwe.
Dikhilomithara di le dikete di le makgolo a mabedi masome a robabobedi le bosupa le lekgolo masome a mararo le bobedi tsa lefatshe le le akareditsweng ke mafelo a a sireleditsweng a a setseng a le teng . [8] Mafelo a a sireleditsweng a a akareditsweng ke a a latelang:
kwa Zambia:
- Kafue National Park
- Liuwa Plain National Park
- Mosi-oa-Tunya National Park
- Sioma Ngwezi National Park
- Zambezi National Park kwa tlase
kwa Namibia:
- Bwabwata National Park
- Khaudum National Park
- Mangetti National Park
- Mudumu National Park
- Nkasa Rupara National Park
mo Botswana:
kwa Zimbabwe:
- Chizarira National Park
- Hwange National Park
- Kazuma Pan National Park
- Mana Pools National Park
- Matusadona National Park
- Lefelo la itloso bodutu la Diphororo tsa Victoria
- Zambezi National Park
kwa Angola:
Ditshedimosetso tse dingwe
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Southern African Peace Parks - Peace Parks Foundation - The Global Solution". 2009-12-19. Archived from the original on 2009-12-19. Retrieved 2022-11-09.
- 1 2 "Kavango Zambezi Park Development". Peace Parks Foundation. Retrieved 2010-09-07.
- 1 2 Zeitung, Allgemeine (2012-03-16). "KAZA: Größtes Naturschutzgebiet in Afrika eröffnet". Allgemeine Zeitung (in German). Retrieved 2022-11-09.
- ↑ "Donors". kavangozambezi.org (in British English). Archived from the original on 2022-11-09. Retrieved 2022-11-09.
- ↑ Elliot, N.B.; Cushman, S.A.; Macdonald, D.W.; Loveridge, A.J. (2014). "The devil is in the dispersers: predictions of landscape connectivity change with demography". Journal of Applied Ecology. 51 (5): 1169–1178. doi:10.1111/1365-2664.12282.
- ↑ "KAZA Visa for Zambia and Zimbabwe". Archived from the original on 2017-07-21. Retrieved 31 July 2026
- ↑ "Kavango Zambezi .:. Peace Parks Foundation". 2017. Archived from the original on 2017-11-17. Retrieved 2022-11-09.
- ↑ "KAZA-TFCA". 2013. Archived from the original on 2013-05-08. Retrieved 2022-11-09.