Legwale
Legwale | |
|---|---|
| Title | Kgosi ya Bakwena |
| Term | 1785 - 1795 |
| Predecessor | Seitlhamo |
| Successor | Maleke (motshwareledi) |
| Bana | Motswasele II
Segokotlo Molese Kgama |
| Batsadi(s) |
|
Legwale e ne e le kgosi ya morafe wa Bakwena ka lekgolo la dingwaga di le lesome le borobabobedi. O ne a tlhatlhama rraagwe ebong Seitlhamo, mme ene a tlhatlhamiwa ke monnawe Maleke e le motshwareledi. Gary Okihiro o ganetsa gore Legwale ke motho a le mongwe, are go ne go na le dikgosi di le pedi tse di neng di tlhomagana,e le rre le morwa botlhe ba bidiwa Legwale.
Botshelo
[fetola | Fetola Motswedi]Legwale e e ne e le morwa Seitlhamo o e neng e le kgosi ya Bakwena. Fa a le lekawana, go dumelwa gore Legwale o ne a etelela pele Bakwena mo ntweng kgatlhanong le ba ga Kgafela,mo maitekong a a neng a retela a go busetsa Makgotso go nna motshwarelela setilo sa bogosi jwa ga Kgafela ka nakwana. Legwale o ne a tshwarwa ka nakwana ka nako ya kgotlhang e.[1]
Morago ga go tlhokafala ga ga Seitlhamo, Legwale o ne a nna kgosi.[1] Fa a le kgosi, Legwale o ne a etelela pele tlhaselo ya go utswa dikgomo.[1][2] Se se begilwe e le tlhaselo kgatlhanong le Babirwa ba Shoshong, kgotsa BaShona ba Bonyani.[2] Legwale o ne a bolawa ka nako ya tlhaselo.[1][2] Ngwaga o a tlhokafetseng ka one o begilwe e le 1798[1] le 1803.[3] Ka batlhaselwa ba ne ba baakantswe, le ka gore Legwale e ne e le ene fela leloko la ba ba neng ba ya go bolawa, magatwe a ne a supa fa batsalwa le Legwale ba ne ba tsibositse batlhaselwa pele ga nako.[1]
Boswa
[fetola | Fetola Motswedi]Barwa Legwale ba ne ba akaretsa Motswasele II le Segokotlo mo ntlong e tona, Molese mo ntlong ya bobedi le o monnye ebong Kgama. Ka ba ne ba santse ba le ba botlana fa Legwale a tlhokafala, motsalwa le ene Tshosa o ne a tshwarelela bogosi pele ga Motswasele II a nna kgosi.[1] Go ya ka Gary Okihiro, go supa Legware e le motho a le mongwe ke phoso go ne go na le magosi a mabedi a a neng a tlhomagana, botlhe ba bidiwa Legwale, Legwale I le morwae Legwale II.[4]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 5 6 7 Schapera, I (1980). "Notes on the early history of the Kwena (Bakwena-bagaSechele)". Botswana Notes and Records. 12: 83–87. ISSN 0525-5090. JSTOR 40980796.
- 1 2 3 de Jongh, M.; de Beer, F. C. (1992). "A case of ambiguous identity - oral tradition and the Ba ga Seleka of Lephalala". South African Journal of Ethnology. 15 (4): 101–108. ISSN 0379-8860
- ↑ Morton, Fred (2011). "Bogwera and Mephato". Botswana Notes and Records. 43: 38–51. ISSN 0525-5090. JSTOR 23237955.
- ↑ Okihiro, Gary Y. (1976). "Genealogical Research in Molepolole: A Report on Methodology". Botswana Notes and Records. 8: 47–62. ISSN 0525-5090. JSTOR 40979457