Jump to content

Leila Reitz

Go tswa ko Wikipedia
Leila Reitz
Leloko la Ntlo ya Kokoano ya Aforika Borwa la Parktown.
In office
1933–1943
Ka Ga Ena
O tsetswe13 Sedimonthole 1887
Cape Town, Cape Colony
O Tlhokafetse27 Sedimonthole 1959 (aged 72) Wynberg, Cape Town, Province of the Cape of Good Hope, Union of South Africa
Mosetshaba wamo aforika borwa
MokgatlhoSouth African Party
Mo/BakapeloDeneys Reitz

Leila Agnes Buissinné Reitz, (nee Wright ; 13 Sedimonthole 1887 – 27 Sedimonthole 1959) e ne e le mopolotiki wa Aforika Borwa yo o dirileng jaaka mosadi wa ntlha go tlhophiwa go tsena mo Palamenteng mo Aforika Borwa. O ne a emela Parktown mo ntlong ya kokoano ya aforika borwa borwa go tloga ka 1933 go fitlha ka 1943.

Morago ga go fetisiwa ga Molao wa Ditshwanelo tsa Basadi, 1930 o o neng o naya basadi ba basweu ba ba fetang dingwaga di le masome a mabedi le bongwe tshwanelo ya go tlhopha, Reitz o ne a gaisana mo ditlhophokakaretso tsa Aforika Borwa tsa 1933 mme a tlhophiwa go emela Parktown.[1][2]Ka nako ya tiro ya gagwe ya palamente Reitz o ne a dira jaaka leloko la Komiti ya Maphata a a Farologaneng ya Bana le Baša ba ba Tlhokang, ba ba Tlhokomologilweng,tlwaelegang sentle le ba ba tlolang molao le baša le jaaka Motlhusa tautona yo o Tlotlegang wa bokopano ba bosetšaba ba Tiro ya Loago.[3]

O ne a tlogela dipolotiki ka 1943 go tsamaya le monna wa gagwe, Deneys Reitz, go ya kwa Lontone morago ga gore a tlhomiwe go nna Mokhomišenara yo Mogolo wa Aforika Borwa kwa United Kingdom. O ne a rola tiro kwa Cape Town mme a tlhokafala ka 1959 a le dingwaga di le 72.

  1. "In 1930, white women secured the right to vote in South Africa for the first time". yworld.co.za. Retrieved 21-11-25
  2. "Leila Reitz was the country's first female MP, elected in 1933 on a South Africa Party ticket". hsf.org.za. Archived from the original on 15 January 2018. Retrieved 21-11-25
  3. Klausine, Susanne M. (4 September 2017)"Fears of National Decline and the Politics of Birth Control". Race, Maternity, and the Politics of Birth Control in South Africa, 1910–39. Palgrave Macmillan, London. pp. 12–39. doi:10.1057/9780230511255_2. ISBN 978-1-349-51722-0.