Leila Zerrougui
Leila Zerrougui (o tshotswe ka ngwaga wa 1956) ke moitseanape wa molao wa Algeria ka ditshwanelo tsa botho le tsamaiso ya bosiamisi. O ntse a direla jaaka Moemedi yo o Kgethegileng wa Mokwaledi Kakaretso wa UN le Tlhogo ya United Nations Stabilization Mission in the Democratic Republic of the Congo (MONUSCO) [1] go tloga ka kgwedi ya Ferikgong ka ngwaga wa 2018.
Botshelo le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Zerrougui o tsholetswe kwa Souk Ahras. O ne a aloga kwa L'Ecole Nationale d'Administration (Algiers) ka ngwaga wa 1980. Fa e sale ka ngwaga wa 1993, o ntse a dira ditiro tse di farologaneng tsa borutegi kwa dikolong tsa molao kwa Algeria, mme e ne e le moporofesara wa L'Ecole Supérieure de la Magistrature (Algiers). O kwadile thata ka tsamaiso ya bosiamisi le ditshwanelo tsa botho.[2]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]E ne e le Moemedi yo o Kgethegileng wa Mokwaledi Kakaretso wa Bana le Dikgotlhang tsa Sesole go tloga ka kgwedi ya Lwetse ka ngwaga wa 2012 go ya go Motsheganong ngwaga wa 2017. Mo maemong a, o ne a direla jaaka mmueledi yo o ikemetseng go aga kitso le go neela tlotlo mo ditshwanelong le tshireletso ya basimane le basetsana ba ba amilweng ke kgotlhang e e tshwaraganeng.
E ne e le leloko la Setlhopha sa Tiro se se neng se le ka fa tlase ga Khansele ya Ditshwanelo tsa Botho ya Ditšhaba tse di Kopaneng go tloga ka ngwaga wa 2001, mme o ne a direla jaaka Modulasetulo wa Setlhopha sa Tiro-Mmui go tloga ka ngwaga wa 2003 go fitlha ka Motsheganong ngwaga wa 2008. Pele ga se, o ne a na le tiro e telele mo kgotlatshekelo ya Algeria mme ka ngwaga wa 2000, o ne a tlhophiwa go nna mo Kgotlatshekelo Kgolo ya Algeria.
O ne a direla jaaka moatlhodi wa bana le moatlhodi wa kgotlatshekelo ya ntlha go tloga ka ngwaga wa 1980 go fitlha ka ngwaga wa1986, le jaaka moatlhodi wa kgotlatshekelo ya boikuelo go tloga ka ngwaga wa 1986 go fitlha ka ngwaga a 1997. Go tloga ka mgwaga wa1998 go fitlha ka ngwaga a 2000, o ne a direla jaaka mogakolodi wa semolao wa Kabinete ya Lefapha la Bosiamisi mme go tloga ka ngwaga wa 2000 go fitlha ka ngwaga wa 2008, jaaka mogakolodi wa semolao wa Kabinete ya Moporesitente wa Algeria. O ne gape a dira mo maemong a a farologaneng mo pusong ya Algeria mme e ne e le leloko la Khomišene ya Bosetšhaba ya Algeria ya Diphetogo tsa Tsamaiso ya Boatlhodi.
Pele a tlhophiwa jaaka moemedi yo o kgethegileng ka ngwaga wa 2012, e ne e le Motlatsa Moemedi yo o kgethegileng wa Mokwaledi Kakaretso le Motlatsa Tlhogo ya United Nations Stabilization Mission mo Democratic Republic of Congo (MONUSCO) koo, go tloga ka ngwaga 2008, a neng a etelela pele maiteko a borongwa mo go maatlafatseng puso ya molao le tshireletso ya baagi. Ka ngwaga wa 2013 o ne a tlhatlhamiwa ke Abdallah Wafy.[3]
O ne a tlhatlhamiwa ke Bintou Keita jaaka tlhogo ya MONUSCO ka ngwaga wa 2021.[4]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "RDC : l'Algérienne Leila Zerrougui nommée cheffe de la Monusco". Le Monde.fr (in French). 2017-12-28. ISSN 1950-6244. Retrieved 2017-12-28.
- ↑ "Leila Zerrougui | United Nations Office of the Special Representative of the Secretary-General for Children and Armed Conflict". Childrenandarmedconflict.un.org. Retrieved 2013-04-08
- ↑ "Secretary-General appoints Abdallah Wafy of Niger Deputy Special Representative for the Democratic Republic of the Congo". Press release. United Nations. 26 June 2013
- ↑ "Bintou Keita Special Representative of the Secretary-General in the Democratic Republic of the Congo and Head of the United Nations Organization Stabilization Mission in the Democratic Republic of the Congo | United Nations Secretary-General". www.un.org. Retrieved 2025-04-21