Lejwana, Botswana
Lejwana, Botswana ke motsana o monnye mo repaboliking ya Botswana mo Aforika. O mo kgaolong ya Borwa jwa Botswana. E fa gare ga ditekanyetso tsa 25°24’23S le 25°32’27E. O fa gare ga metse ya Gathwane, Pitsane, Kgoro, le Digawana. Lejwana o ka nna dikhilomithara di ka nna masome a mararo go tswa kwa Lobatse gape a le dikhilomithara di ka nna lekgolo ka tsela go tswa kwa toropo kgolo Gaborone.
Bogosi le Hisetori
[fetola | Fetola Motswedi]Kgosi wa Lejwana (thota e nnye) ke Motlotlegi Neo Letlhare. Monnamogolo, Kgosi Taolelo Letlhare, o tlogetse tiro mme a neetse yo o ntseng mo setilong, e le ngwana wa gagwe Kgosi Neo Letlhare. Taolelo ke ngwana wa ga Kgethelo, yo o tsetsweng ke Letlhare. Letlhare o ne a romelwa jaaka tlhogo ya morafe wa kgaolo ya Mongala go ya go tlhoma Lejwana ka ngwaga wa 1902. Se e ne e le ditlamorago tsa se se diragetseng morago ga gore "British Bechuanaland" e kgaoganngwe ka dikarolo tse pedi ka ngwaga wa 1895, fa gare ga Koloni e e kwa borwa jwa Molopo le Tshireletso (Botswana wa segompieno) kwa letlhakoreng la bokone. Kgosi Montshioa wa Barolong ga mmogo le Kgosi wa Batlhaping yo o neng a eteletse pele ka nako eo, Mankurwane, ba ne ba ngongorega ka go tlogelwa kwa ntle ga kgaolo ya tshireletso ka ba ne ba rata go nna mo letlhakoreng la tshireletso. Molaodi yo mogolo wa nako eo, Sir Williams o ne a sekaseka boikuelo jwa bone mme a buisana le Kgosi Bathoen I gore ba neele karolo ya Lefatshe la Bangwaketse.
Bathoen o ne a ineela mme a ba naya lefatshe fa gare ga Ramatlabama, Pitsane, Thaba ya Kgoro, Mogobewakgomo, Mokgomane le Phitshane. Morago ga moo Bathoen o ne a ntsha banna ba gagwe ba a ba tshepang kwa Kanye go netefatsa gore merafe ya Batlhaping le ya Barolong ga e nne mo Legaeng la Ngwaketse. Ka jalo Letlhare e ne e le mongwe wa dikgosana tse di neng tsa ntshiwa mo Kanye mme tsa nna mo lefelong le ka nako eo le neng le itsege ka leina la GaBatlhaping. Dikgosi tse dingwe tse di neng tsa fiwa kabelo e ne e le Makaba kwa Gathwane, Selerio kwa Mokgomane mme ga go itsiwe go le kalo gore ke mang yo o neng a abetswe go thibelela mo Phitshane. Banna ba botlhe e ne e le bomalomagwe Bathoen.
Kgosi Letlhare o ne a goroga le monnawe e bong Motseotsile go tswa Kanye le ba merafe e mengwe Nkgelepang le Sennye. Monnawe Letlhare, kwa ntlong e potlana, Magogodi, o ne a tlogelwa go tlhokomela kgotla ya Mongala kwa Kanye. Magogodi o ne a nna le mathata a pelegi ya ga Gaopatwe (Kgosi ya Ga-Segwagwa yo o sa tswang go tlhokafala), Ramokhana le ba bangwe.
Tlelaemete
[fetola | Fetola Motswedi]Tlelaemete ya motse wa Lejwana e tshwana le ya Botswana borwa jotlhe. Mariga a simolola ka Motsheganong mme a felela ka Phukwi. Themphereitšhara e e kwa tlase ke 4 °C mme e e kwa godimo ke 24 °C. Dikgwedi tse di tsididi thata ke Seetebosigo (Seetebosigo, se tota se rayang gore, o seka wa etela bosigo) le Phukwi. Selemo ke go tloga ka Phatwe go ya go Moranang (jaaka se tlwaetse go bidiwa ke batho ba selegae le fa go na le dipaka di le tharo mo pakeng ya nako e leng dikgakologo, selemo le letlhafula), dithemphoritšhara di simolola ka 15 °C go ya go 31 °C. E ke nako e gantsi pula e nang ka yone kwa Lejwana ka bonnye jwa 5.8mm le bogolo jwa 143mm go ya ka kgwedi.
Dipalopalo
[fetola | Fetola Motswedi]Palo ya batho ba motse wa Lejwana go ya ka palo ya batho ya lephata la Central Statistics Office ya 2001 e ne e le 621. Fa e sale palo e, batho ba oketsegile ka ntlha ya batho ba ba fudugelang kwa motseng le palo e e kwa godimo ya matsalo le dintsho tse di kwa tlase, ka ntlha ya koketsego ya bosheng ya dingwaga tsa botshelo jwa Botswana.
Thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Lejwana o na le sekolo se le sengwe se se potlana, se se bidiwang Lejwana, se se neng sa bula dikgoro tsa sone ka ngwaga wa 1984. Ga go na sekolo sa ba ba nnye mme baithuti ba ya kwa Sekolong se segolwane sa Nthwalang kwa Digawana go ya kwa dithutong tse dinnye mme morago ga moo ba ya kwa sekolong se segolwane sa Lobatse kgotsa sa Good Hope go ya kwa dithutong tse dikgolwane.
Itsholelo
[fetola | Fetola Motswedi]Lejwana ke motse o monnye o o senang ditlhabololo tse dintsi, mme o ne wa bewa mo maemong a metse e le lesome kgotsa masome a mabedi e e humanegileng thata mo Botswana ka ngwaga wa 2015.[1][2]
Batho ba ikaegile ka temothuo, ka mo e ka nnang lelwapa lengwe le lengwe le na le setsha kwa morago ga ntlo go lema. Motse o na le lebentlele le le lengwe, Lerothodi General Dealer, le e leng lone mmaraka wa konokono wa motse mo dingwageng tse dintsi jaanong. Go na le mabenkele a le mmalwa a a rekisang dijo, le bara e e bulwang ka paka ya meletlo fela.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Mguni, Mbongeni (5 June 2015). "Botswana's poorest village is..." Mmegi Online. Retrieved 2018-11-18
- ↑ Goodhope-Mabule's soaring unemployment and poverty rates: Botswana Guardian". Botswana Guardian. 18 August 2015. Retrieved 18 November 2018.