Lekadiba la Kariba
| Lekadiba la Kariba | |
|---|---|
| Basin countries | Zambia Zimbabwe |
| Length | 223 km (139 mi) |
| Source elevation | 479 m |
Lekadiba la Kariba ke lekadiba le legolo go fetisa makadiba otlhe a a itiretsweng ka selekanyo mo lefatsheng ka bophara. Le dikhilomithara di le sekete le makgolo a mararo go tswa kwa molomong wa noka ya Zambezi kwa lewatleng la Indian, mo molelwaneng wa mafatshe a Zambia le Zimbabwe. Lekadiba la Kariba le tladitswe go tswa ka ngwaga wa 1958 go tsena 1963 morago ga go fediwa ga letamo la Kariba kwa bokone-botlhaba jwa phelelo ya lone, le dira morwalela kwa mokgatsheng wa Kariba kwa nokeng ya Zambezi.
Toropo ya kwa Zimbabwe ya Kariba e ne e agetswe baagi ba letamo la lekadiba, fa metse e mengwe jaaka wa Binga le Mlibizi kwa Zimbabwe le Siavonga le Sinazongwe kwa Zambia a atolositswe go baya batho ba ba neng ba fudusiwa fa noka e agelwa letamo.
Popego ya lone
[fetola | Fetola Motswedi]Lekadiba la Kariba le boleele jo bo fetang dikhilomithara di le makgolo a mabedi, masome a mabedi le boraro le bophara jwa dikhilomithara di le masome mane. Le apesitse lefelo la dikhilomithara di le dikete di le tlhano, makgolo matlhano le masome a robabobedi, le selekanyo sa dikhilomithara di le lekgolo, masome a robabobedi le botlhano. Boteng jwa lekadiba ke dimithara di le masome mabedi le borobabongwe go ya kwa masome a robabongwe le bosupa. Ke lone lekadiba le letona mo lefatsheng go feta a mangwe le le itiretsweng, le feta letamo la Three Gorges gane.[1] Bokete jwa metsi go dumelwa fa bo bakile dithoromo tsa lefatshe mo kgaolong e e tshabelelwang ke dithoromo, dithoromo tse di akaretsa tse di fetang masome mabedi tsa bogolo jo bo fetang botlhano mo sekaleng sa Richter.[2]
Lekadiba le, le na le ditlhaketlhake di le mmalwa, di akaretsa setlhaketlhake sa Maaze, sa Mashape, sa Chete, sa Sekula, Sampa Karuma, Fothergill, Spurwing, Snake, Antelope, Bed le Chikanka.
Tikologo
[fetola | Fetola Motswedi]Ka legato la go tlatsa lekadiba, metsi a ne a na le menontshane e e kwa godimo a tswa mo dimeleng tse di neng di bola, tse di khurumeditsweng ke metsi, di dira boalo jwa mmu o o nonneng mo lefatsheng le le neng la nna moalo wa lekadiba. Ka jalo, tikologo ya lekadiba la Kariba e a kgatlhisa. Mefuta e le mmalwa ya ditlhapi di tsisitswe mo lekadibeng le, segolo bogolo wa kapenta (di tsewa kwa lekadibeng la Tanganyika), le jaanong le nang le marekisetso a ditlhapi a a phophomang. Ditshedi tse dingwe tse di nnang mo lekadibeng di akaretsa dikwena tsa Nile le dikubu.
Ditlhapi tsa Game, bogolo jang tsa tigerfish, tse e neng e le mofuta wa mo gae wa mafaratlhatlha a noka ya Zambezi, jaanong di dintsi kwa kapenta, mo go rotloetsang bojanala. Mafatshe a Zambia le Zimbabwe jaanong a leka go tlhabolola mohama wa bojanala mo matshitshing a lekadiba la Kariba kwa mafatsheng a bone.
Bo ntsu ba metsi, dinonyane tsa cormorant le dinonyane tse dingwe tsa metsi di bonala mo lotshitshing, fela jaaka dipalo tse dintsi tsa ditlou le diphologolo tse dingwe tse ditona di akaretsa ditau, mangau, dinare le tse dingwe tse dipotlana. Lefelo la itloso bodutu la Matusadona National park pele le ne le ratiwa ke ditshukudu tse dintsho le tse di tshweu, mme go di bolaya ga mo bosheng go fokoditse dipalo tsa tsone thata.
Mafelo a a sireleditsweng
[fetola | Fetola Motswedi]
Bontlha jwa lekadiba la Kariba kwa Zimbabwe bo seegetswe kwa thoko go nna lefelo la itloso bodutu kwa Zimbabwe Parks and Wildlife Estate.
Ditshedimosetso tse dingwe
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Kariba". Encyclopædia Britannica. Retrieved 2026-06-18
- ↑ Scholz, C. H.; Koczynski, T. A.; Hutchins, D. G. (1 January 1976). "Evidence for Incipient Rifting in Southern Africa" (PDF). Geophysical Journal International. 44 (1): 135–144. Bibcode:1976GeoJ...44..135S. doi:10.1111/j.1365-246X.1976.tb00278.x.