Jump to content

Lekadiba la Sua

Go tswa ko Wikipedia
Lekadiba la Sua

Lekadiba la Sua ke kgaolo e kgolo ya tlholego ya lefatshe mo teng ga kgaolo ya Makgadikgadi kwa bokonebotlhaba jwa Botswana. E gaufi le motse wa Sowa, o leina la one le rayang letswai ka puo ya Ba-San.[1][2] Lekadiba la letswai la Sua ke lengwe la makadiba a mararo a matona mo teng ga Makgadikgadi, ta mangwe a mab edi ke la Nxai le la Nwetwe Pan.[3]

Lekadiba la Sua le ne la tlhalosiwa la ntlha mo lefatsheng la Yuropa ke David Livingstone, go ya ka dipatlisiso tsa gagwe mo kgaolong eno.[4] Diphitlhelelo tse di botlhokwa tsa baepi ba dilo tsa bogologolo di dirilwe mo teng ga Lekadiba ka Nwetwe, tse di nang le didirisiwa tsa Motlha wa Matlapa go tswa mo bathong ba ba neng ba nna mo lefelong leno[5] fa letsha le letona le le neng le nna mo lefelong leno[5]fa letsha le letona le le neng le nna ngwaga otlhe le ne le nna mo lekadibeng la Sua le la Nwetwe.[6]

Letswai la Lekadiba la Sua ke lengwe la makadiba a matona a playa mo lefatsheng e akaretsa disekwerekilometara di ka nna 24 000. Le fa sodiamo tleloraete e le karolo e e botlhokwa, go na le matswai a mangwe a mantsi a a fitlhelwang mo teng ga lefelo leno jaaka sodiamo khaboneite, sodiamo bikhaboneite, sodiamo salefeite, le selekanyo se sennye sa potasiamo tleloraete (potashe).[7]

Mo bo gompienong Lekadiba la Sua ke letsha la dipaka; e tlala ka metsi ka nako ya dipula tsa selemo mme e boloka metsi a a tlisitsweng go tswa kwa Nokeng ya Nata go fitlha ka Moranang kgotsa Motsheganong.[8] Gareng ga ditiro tsa ditlhabololo tse di atlegileng thata tsa tshomarelo ya diphologolo tsa naga le ne la bulwa ka ngwaga wa 1993 mme ka ngwaga oo la newa "Kabo ya Bojanala ya Ka moso" ya Hemisefere ya Borwa.[9] E tshegediwa ke maloko a metse e le mene e e gaufi, ba ba thusitseng gore e atlege.

Nngwe ya melatswana ya Lekadiba la Sua ke noka ya Mosetse. Motse wa Mosetse o biditswe ka one mme o rapaletse go bapa le noka.

Makadiba a a dirisediwang meepo ya khaboneite ya sodiamo

Lekadiba la Sua gape ke lefelo la komponi ya meepo ya sodiamo khaboneite (molora wa soda) ya Botash. Kompone eno ke ya puso ya Botswana ka sephatlo mme e ntsha ditone di feta 300 000 tsa molora wa soda le ditone di le 450 000 tsa letswai ka ngwaga.[8]

Mo godimo ga go ntsha khaboneite ya sodiamo, moepo o ntsha gape matswai a halite, sodiamo salefeite le sodiamo bikhaboneite. Moepo o dirisa pharologano ya thulaganyo ya Solvay go ntsha molora wa soda le ditlhagiswa tsa bona.[9]

Dipalangwa

[fetola | Fetola Motswedi]

Lekadiba la Sua le mo bokhutlo jwa bophirima jwa seporo sa Francistown–Lekadiba la Sua le dikilometara di le 174.5.

  1. ↑ Sowa Pan Archived 2011-02-20 at the Wayback Machine. Botswana Tourism Board.
  2. ↑ Murphy, Alan (2007). Southern Africa (4th ed.). Lonely Planet. p. 99. ISBN 978-1-74059-745-6. OCLC 156530975.
  3. ↑ B.R. Davies, 1986
  4. ↑ D. Livingstone, 1868
  5. ↑ Jones, Sacha C.; Stewart, Brian A., eds. (2016). Africa from MIS 6-2: Population Dynamics and Paleoenvironments. Vertebrate Paleobiology and Paleoanthropology. Springer Netherlands. doi:10.1007/978-94-017-7520-5. ISBN 9789401775199. S2CID 12509903.
  6. ↑ Burrough, Sallie L.; Thomas, David S.G.; Bailey, Richard M. (July 2009). "Mega-Lake in the Kalahari: A Late Pleistocene record of the Palaeolake Makgadikgadi system". Quaternary Science Reviews. 28 (15–16): 1392–1411. Bibcode:2009QSRv...28.1392B. doi:10.1016/j.quascirev.2009.02.007.
  7. ↑ Republic of Botswana (November 24, 1980). "Botswana Soda-ash Study Contract No. AID/SOD/PDC-C-0407" (PDF). The Brines of Sua Pan. United States Agency for International Development. Archived from the original (PDF) on February 21, 2017.
  8. ↑ ""History"". Archived from the original on 2020-12-02. Retrieved 2026-06-08.
  9. ↑ Frank D.Eckardt; Robert G.Bryant; Graham McCulloch; Baruch Spiro; Warren W.Wood (2008). "The hydrochemistry of a semi-arid pan basin case study: Sua Pan, Makgadikgadi, Botswana". Applied Geochemistry. 23 (6): 1563–1580. Bibcode:2008ApGC...23.1563E. doi:10.1016/j.apgeochem.2007.12.033.