Jump to content

Lekadiba la Volta

Go tswa ko Wikipedia

Lekadiba la Volta (ka teme ya seFora:Lac Volta), lekadiba le letona go gaisa otlhe a a ikagetsweng ka bophara mo lefatsheng lothle, le kwa letamong la Akosombo le le fetlhang motlakase o montsi kwa Ghana. Le mo lefatsheng la Ghana lotlhe, ka bophara jwa dikhilomithara di le dikete di robabobedi, makgolo a matlhano le bobedi.[1] Le tswa kwa Akosombo kwa borwa go ya bokone jwa lefatshe.[2][3]

Lekadiba la Volta le mo prime meridian, kwa bokone jwa Equator. Bokone jwa lekadiba bo gaufi le toropo ya Yapei, fa borwa jwa lone bo le kwa letamong la Akosombo, dikhilomithara di le makgolo a matlhano le masome a mabedi go tswa kwa Yapei, Letamo la Akosombo le kganela dinoka tsa White Volta le Black Volta tse pele di neng di kopana kwa lefelong le jaanong le apesitsweng ke lekadiba go tlhama noka ya Volta. Noka ya Volta ya gompieno e elelela go tswa kwa letamong le mesele e e tshelang kwa lewatleng la Indian kwa borwa jwa Ghana.

Ditlhaketlhake tse dikgolo kwa lekadibeng ke tsa Dodi, Dwarf le Kporve.[4] Digya National Park e kwa bontlheng jwa lotshitshi lwa lekadiba.

Lekadiba le tlhamilwe ke letamo la Akosombo, le pele le neng le akantswe ke moitseanape wa majwe Albert Ernest Kitson ka nako ya bokolone jwa Britain ka 1915, go dirisa kgothetso ya noka go nyerolola bauxite e e neng e tswa mo gae. Kakanyo e ne ya tlhaga gape fa bokolone bo ya bokhutlong morago ga ntwa ya bobedi ya mafatshe fa Kwame Nkrumah a nna tautona wa kolone ya Gold Coast a simolola go lwela go ntshafatsa lefatshe. Dipuso tsa mo gae le tsa britain di ne tsa dira lekgotla le le kopaneng la dipaakanyo, le le neng la fetsa ka gore batho ba le dikete di le masome marataro ba tlaa tshwanelwa ke go fudusiwa. Le fa go ntse jalo, lekgotla le ne la supa gape fa lekadiba le tlaa tokafatsa ditshono tsa go tshwara ditlhapi, ka jalo la thusa go jesa batho kwa kgaolong eo. Mo ntlheng e nngwe, mathata a malwetsi a metsi a ne a belaelwa fa a tlaa nna teng, a tshwana le malaria, trypanosomiasis, schistosomiasis le onchocerciasis.[5]

Kompone e e neng e le yone e e emeng porojeke nokeng thata ya Aluminium Limited, e ne ya ikgogela morago, morgo ga gore lefatshe la Ghana le tseye boipuso ka 1957. Mananeo a masha a ne a tlogela kakanyo ya mohama wa aluminium o o kopaneng, mme ga ntshiwa kakanyo ya gore go nyerolosiwa bauxite e e rekilweng. Kompone ya Kaiser Aluminum e ne ya tsena mo porojekeng ka nako e, morago ga dipuisano ka lobaka, go ne ga bonwa madi a a tlaa thusang porojeke, mme jaanong go sa lebelelwe baagi ba lefelo le le amegang e le tsela ya go fokotsa ditlhwatlhwa. Kago e ne ya simologa pele ga puso e simola go rulaganya phuduso ya bone. Moragonyana, go ne ga tlhamiwa lekgotla la puso, ga rulaganngwa kago ya ditoropo di le masome masome matlhano le bobedi tse batho ba tlaa fudusediwang kwa go tsone, tse go neng go ikaelelwa gore di tlaa nna sekao sa go ntshafatsa le go tokafatsa matshelo a batho ba mo gae. Mme ka ntlha ya lobelo, phuduso e ne ya baka bothata mo bathong ba mo gae, mo mathata a, a neng a tswelela le morago ga porojeke e sena go fela.[5] Malwapa a le dikete di le lesome le botlhano mo metseng e le makgolo a supa, le masome a mane a ne a tsewa ke morwalela, se sa gwetlha gore batho ba le dikete di le masome a supa le borobabobedi ba fudusiwe.[1]

Mo tsamaong ya nako, go tlhamiwa ga lekadiba go ne ga kgoreletsa go tshwara ditlhapi le ditsela tsa temothuo kwa kgaolong eo ga baka go ya godimo ga malwetse. Go ntshafatsa lefatshe ga puso go ne ga seka ga kgonega, batho ba tshwanelwa ke go tlwaela diemo tse disha ka bo bone.[5] Le fa go ntse jalo, go dira dijo mo kgaolong go ne ga atologa mo dingwageng tse di lesome morago ga kago ya letamo la Akosombo, lekadiba le ne la bula tsela e e tsamaegang kwa bokone jwa ledatshe la dira le ditshono tse disha tsa go tlhabolola bojanala. Mo ntlheng e nngwe, seelo sa metsi se ntse se ya kwa tlase ka ntlha ya go gotela ga lefatshe, se se fokotsa go fetlha motlakase.[6]

Itsholelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Letamo la Akosombo le ntsha motlakasewa dimegawatts di le makgolo a robabongwe lesome le bobedi, le bo le isa o mongwe kwa Togo, Benin le mafatshe a a mabapi, ka jalo le amogela dituelo tsa go rekisetsa mafatshe a mangwe.[1] Lekadiba la Volta le bolthokwa gape mo go tsa dipalamo, go dira tsela ya metsi e e tsamayang dikepe tsa bapalami le dithoto. Ka lekadiba le letona le le le mo kgaolong e e boboatsatsi, metsi a nna a le bothitho ngwaga otlhe. Fa le okamelwa sentle, lekadiba la Volta le na le ditlhapi tse dintsi.

Lekadiba le gape le kgatlha bajanala, dikepe tsa bajanala di etela setlhaketlhake sa Dodi.[4] Setlhaketlhake sa Didi ke lefelo le le nang le bojanala jo bontsi jwa Ghana fa e sale se tlhamiwa ka 1961 morago ga kago ya lekadiba la Volta. Ka ngwaga wa 2011, lekgotla le le okametseng noka ya Volta le ne la ntsha didkadike di le pedi lebotlhano tsa madi a di dolara go tlhabolola setlhaketlhake sa Dodi le kgonagalo ya sone ya bojanala ka kompone ya boroko ya Volta Hotels Limited.[7]

Ditlhabololo tsa mo bosheng di akaretsa dikgwebo tse ditona tsa go roba logong lo lo kwa tlase ga metsi mo dikgweng tse di apesitsweng ke metsi kwa tlase ga lekadiba la Volta. Porojeke e,e roba logong lo lo thata lwa maemo a ntlha kwa ntle ga go tlhoka go senya sekgwa se se teng, go ya ka Wayne Dunn, e ka ntsha motswedi o motona wa logong mo lefatsheng ka bophara.[8] Fa godimo ga go dira letseno la madi a mafatshe a sele mo kgaolong le go fokotsa go ikaega ka go tshwara ditlhapi ga beng gae e le tirelo ya itsholelo, go ntshiwa ga ditlhare tse di nwetseng go tokafatsa go tsamaya mo lekadibeng le go tokafatsa pabalesego.[8]

Bana ba ka nna palo ya kakanyetso ya dikete di supa go tsena di le lesome ba bereka mo mohameng wa ditlhapi kwa lekadibeng la Volta. Mokgwa wa go bereka ga bone o supilwe e le bokgoba ke pampiri ya The Guardian[9] le porojeke ya CNN Freedom. Betty Mensah le moithuti Samuel Okyere ba supile fa se e le go shakgatsa bababdi ka gore bontsi jwa banana, ba madi a bone a neelwang batsadi ba bone kwa pele, ba gola ba nna batshwari ba ditlhapi ba ba itshetletseng fa ba gola le bone ba thape bana ba bone go nna bathusi ba bone. Ba fetsa ka gore bana ba le bantsi ba ka tswa ba sa duelwe sentle mme fela ga ba a diriwa makgoba.[10][11]

Dipetso tsa tlholego le ditiragalo tsa pabalesego

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Phalane a le lesome le motso ngwaga wa 2025, kotsi ya mokoro e ne ya diragala kwa lekadibeng la Volta gaufi le Kete Krachi kwa kgaolong ya Oti, ya baka dintsho tsa batho ba le lesome le botlhano. Mokoro o monnye wa bapalami, o tswa kwa Okuma go ya Bovime, o menogile ka nako ya bongwe e fetilwe ke metsotso e le masome a mararo. Ditshekatsheko tsa lekgotla la dikepe le mekoro kwa Ghana di supile fa mokoro o ne o pegile palo e ntsi, e feta seelo sa one.[12]

Batho ba ba tlhokafetseng ba ne ba akaretsa bana ba le lesome le motso (ba dingwaga tse pedi go stena di le lesome le bone) le bagolo ba le bane (bomme ba le bararo le monna a le mongwe, ba dingwaga di le lesome le borobabobedi go tsena masome a marataro le bone). Bagolo ba bangwe ba le bane ba ne ba falola tiragalo. Mebele ya batswasetlhabelo ba le lesome le bobedi e ne ya isiwa kwa Kete Krachi le mmoshara wa septalea sa puso sa Worawora. GMA e ne ya dira ditshekatsheko tse di tseneletseng la bo la itlama go gagamatsa melao kwa lekadibeng go thibela dikotsi mo isagong.

Setshwantsho se se ikadileng sa lekadiba la Volta kwa Ghana: Lekadiba la Volta ke lone le letona ka bophara mo lefatsheng lotlhe.






Sekepe mo lekadbeng la Volta
Setshwantsho sa lekadiba la Volta
Senepe sa lekadiba la Volta

Ditshedimotsetso tse dingwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. 1 2 3 "Lake Volta | lake, Ghana". Encyclopedia Britannica. Retrieved 2026-06-19.
  2. "Lake Volta, Ghana". Visible Earth. NASA. 7 April 2002. Retrieved 19 June 2026
  3. "Largest, Tallest, Biggest, Shortest". McqsPoint. Archived from the original on 9 February 2019. Retrieved 19 June 2026
  4. 1 2 "Dodi Island cruises". secureserver.net. Archived from the original on 2010-10-31.
  5. 1 2 3 Miescher, Stephan F. (2021-10-01). "Ghana's Akosombo Dam, Volta Lake Fisheries & Climate Change". Daedalus. 150 (4): 124–142. doi:10.1162/daed_a_01876.
  6. Gyau-Boakye, P. (2001). "Environmental impacts of the Akosombo Dam and effects of climate change on the lake levels". Environment, Development and Sustainability. 3 (1): 17–29. doi:10.1023/A:1011402116047.
  7. "VRA votes 2.5m for Dodi Island eco-tourism development". Modern Ghana. Ghanaian Times. 22 November 2011. Retrieved 19 June 2026
  8. 1 2 "Harvesting an Underwater Forest". Archived from the original on March 4, 2012. Retrieved 19 June 2026
  9. "Sons for Sale". www.theguardian.com. 22 March 2007.
  10. Okyere, Samuel (18 March 2019). "How CNN reported on 'child slaves' who were not really enslaved". AlJazeera. Retrieved 19 June 2026
  11. "Ghanaian children wrongly taken in raids backed by US charity IJM". BBC News. July 10, 2023.
  12. "Ghana Maritime Authority confirms fatal Volta Lake boat disaster near Kete Krachi". 2025-10-13. Retrieved 2026-06-19