Lekgotla la Botswana Predator Conservation Trust
Botswana Predator Conservation Trust (BPCT), e e neng e bidiwa Botswana Wild Dog Research Project ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le borobabongwe (1989), e ne ya atologa go tswa go go tlhokomela go sireletsa dintša tsa naga go akaretsa mefuta yotlhe e megolo ya di-carnivore kwa Botswana.
Tlhaloso
[fetola | Fetola Motswedi]Botswana Predator Conservation Trust ke nngwe ya diporojeke tse di tsereng lobaka lo loleele go gaisa tsotlhe tsa go dira dipatlisiso ka dibatana tse dikgolo mo Afrika, e bile ke nngwe ya diporojeke di le mmalwa fela tsa mofuta ono mo lefatsheng lotlhe. Patlisiso ya BPCT e e dirilweng mo dintšheng tsa naga e bontshitse sentle gore botsogo le boitekanelo jwa diphologolo tsotlhe tsa naga ke sesupo sa botlhokwa sa botsogo jwa tikologo ya Botswana.
Puso ya Botswana, e bile e lemoga gore tsamaiso e e maleba le e e tlhokegang ya metswedi e ka se ka ya dirwa fa go se na tshedimosetso e e nepagetseng ka ga metswedi ya yone ya tlholego, e neetse BPCT tiro ya go etelela pele maiteko a Botswana bokone a tshomarelo le patlisiso ya diphologolo tsotlhe tse dikgolo tse di jang nama le mafelo a di nnang mo go one mo nageng eo.
Dipatlisiso ka Okavango Delta
[fetola | Fetola Motswedi]Kgaolo ya Okavango Delta, e go dirwang bontsi jwa dipatlisiso tsa BPCT kwa go yone, ke lefelo le le nang le metsi a a phepa le le le botlhokwa mo lefatsheng lotlhe. Ke lefelo le le sireleditsweng le legolo go a gaisa otlhe mo lefatsheng ka ntlha ya Tumalano ya Boditšhabatšhaba ya Ramsar ka ga Mafelo a a bongola, mme e ne ya fiwa maemo a IUCN a boswa jwa lefatshe ke World Conservation Union (IUCN).[1]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Smith, Carol (June 25, 2014). "Iconic Okavango Delta Becomes 1,000th World Heritage Site - Our World". ourworld.unu.edu. United Nations University.