Lekgotla la babereki ba Namibia
Lekgotla la babereki la Namibia le le itsegeng ka NUNW, ke lengwe la makgotla a babereki a mararo kwa Namibia. Le tlhamilwe ka 1970 le amana le SWAPO, phathi e e busang kwa Namibia.
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Lekgotla le le tlhamilwe e le la babereki botlhe ka Moranang 1970 ka tharabololo ya 1969 kgotsa 1970 ya bokopano jwa SWAPO kwa Tanzania.[1] Go tswa ka nako eo, lekgotla le le ne la nna la SWAPO.[2]
Ka ngwaga wa 1978, lekgotla le le ne la amana le lekgotla la mafatshefatshe la makgotla a babereki. Diofisikgolo tsa lone di ne tsa tlhomiwa kwa Lunada, Angola ka 1979. Go tswa ka 1986, makgotla a a farologanneg a babereki a ne a tlhamiwa mo Namibia ka fa tlase ga lekgotla le, ka 1989 go ne ga nna le bokopano jo bo neng jwa kopanya makgotla a.[1] Ka jalo lekgotla le le ne la nna la makgotla a a farologaneng le le tlhomilweng semmuso ka 1989. Ka 1991, lekgotla le le ne le amana le a mangwe a supa ka boloko jwa dikete di le masome a marataro.[2]
Ka Phalane 2009, lekgotla le le ne la ikamanya le bokopano jwa makgotla a babereki la mafatshefatshe, le ikgogela orago mo go la pele.[3] Ka Firikgong 2014, le ne la tlhomamisa go amana le SWAPO ga lone, le supa fa bobedi boo bo na le maiphithelo a a tshwanang ka nako ya bokolone le maemo a SWAPO mo sepolotiking.[4]
Ba ba amanang le bone
[fetola | Fetola Motswedi]Lekgotla le le na le makgotla a robabongwe a le amanang le one ka dipalo tsa boloko tse di akanyediwang ka 2017.[1]
| Lekgotla | Boloko | Ngwaga o le tlhamilweng ka one |
|---|---|---|
| Lekgotla la babereki ba meepo | dikete di robabobedi | 1986 |
| Lekgotla la maphata a tsa madi | dikete di le nne, le makgolo a matlhano | |
| Lekgotla la babereki ba dijo le ba ba berekisanang le bone | dikete di le lesome le bobedi | 1986 |
| Lekgotla la barutabana | dikete di le lesome le borataro | 1989 |
| Lekgotla la babereki ba puso | dikete di le masome mabedi le botlhano | 1987 |
| Lekgotla la babereki ba dipalamo | dikete di le nne | 1988 |
| Lekgotla la mohama wa moopelo | makgolo a mane | |
| Lekgotla la babereki ba kwa masimong | dikete di le supa | |
| Dipalo tsotlhe | dikete di le masome a robabobedi le bone, makgolo a robabongwe. |
Maloko a tlhwatlhwa
[fetola | Fetola Motswedi]- Tjekero Tweya, tona, tautona wa lekgotla la babereki 1991 go tsena 1993[5]
- Bernhardt Esau, mokwaledi mogolo wa lekgotla la babereki ka 1991
- Evilastus Kaaronda, mokwaledi wa pele
- Hafeni Ludwigh Ndemula
- Pohamba Shifeta
- Ismael Kasuto, tautona go tswa ka Motsheganong a rogwa, 2015
- Risto Kapenda, tautona wa gompieno
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 Jauch, Herbert. "Namibia's trade union movement: an overview" (PDF). Friedrich Ebert Foundation. Retrieved 09 October 2025
- 1 2 "Trade unions in Namibia" (PDF). sahistory.org.za. Namibia Support Committee. Retrieved 09 October 2025
- ↑ "Le Conseil général de la CSI accepte quatre nouvelles organisations affiliées et se penche sur la crise mondiale". Confédération Syndicale Internationale. ITUC-CSI. 15 October 2009. Retrieved 09 October 2025.
- ↑ "NUNW reaffirms allegiance to Swapo". Namibian Sun. January 21, 2014. Archived from the original on 7 April 2014. Retrieved 09 October 2025,
- ↑ "Tweya, Tjekero". Parliament of Namibia. Retrieved 09 October 2025.