Lekgotla la babereki ba meepo la Namibia
Ponalo
Lekgotla la babereki ba meepo la Namibia (MUN) ke lengwe la makgotla a a nonofileng a thata a babereki kwa Namibia. Le na le seabe se setona mo sepolotiking sa Namibia gape le berekisana le phathi e e busang ya South West Africa People's Organization (SWAPO).[1] Lekgotla le le tlhamilwe ka 1989. Le amana le lekgotla la babereki la Namibia le ne le na le maloko a le dikete di robabobedi ka 2017.[2]
Megwanto
[fetola | Fetola Motswedi]Lekgotla le le ne le eme nokeng mogwanto wa 2008 wa moepo wa Skorpion, le supa fa Skorpion Zinc e dira tlhaolele ya lotso le mmala le go sa buisane sentle le babereki.[3]
Maloko a tlhwatlhwa
[fetola | Fetola Motswedi]- John Shaetonhodi, tautona wa lekgotla go tswa ka 1986 go tsena 1995, morago a nna tona wa pereko[4]
- Bernhardt Esau, mokwaledi mogolo wa lekgotla la babereki, morago a nna tona wa go tshwara ditlhapi[5]
- Asser Kuveri Kapere, tautona go tswa ka 1987 go tsena 1991
- Peter Naholo, mokwaledi mogolo go tswa ka 1993 go tsena 2001
- Ben Ulenga, motlhami wa lekgotla[6]
- Rudolf Isaaks 1996
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ A people united shall never be defeated & The Mineworkers Union of Namibia Sister Namibia, 1 October 2002
- ↑ Jauch, Herbert. "Namibia's trade union movement: an overview" (PDF). Friedrich Ebert Foundation. Retrieved 09 October 2025
- ↑ Strike ends at Namibia's Skorpion Zinc mine in Reuters, 30 May 2008
- ↑ "Shaetonhodi, John Mueneni - Parastatals". Namibia Institute For Democracy. Archived from the original on 11 June 2011. Retrieved 09 October 2025
- ↑ "Esau, Bernhardt Martin - Swapo". Namibia Institute For Democracy. Archived from the original on 11 June 2011. Retrieved 09 October 2025
- ↑ "NUNW: Proud history, uncertain future". New Era. 30 April 2019.