Jump to content

Lekgotla la basadi ba Mozambique

Go tswa ko Wikipedia
OMM
Lekgotla la basadi kwa Mozambique
Organização da Mulher Moçambicana
FormationMopitlo a le lesome le borataro ngwaga wa 1973

Lekgotla la basadi ba Mozambique (OMM) ke lekgotla la basadi la frelimo. Le tlhamilwe ka 1973, ka nako ya ntwa ya boipuso, go lemoga seabe sa basadi mo kgotlhang kgatlhanong le bokolone jwa mapotokisi, lekgotla le le ne la tlhamiwa e se la sesole go rotloetsa thuto ya basadi, kgololesego le go tsaya karolo.[1][2] Morago ga boipuso ka 1975, lekgotla le ne la itebaganya le dikgang tse di amang thuto ya basadi, kgaogano ya semorafe, tlhalo, go rulaganya malwapa, botagwa, go rekisa mebele le boaka.Ka 1990, lekgotla le le ne la tlhopha go itsheegela kwa thoko ga FRELIMO, le ntswa e rile moragonyana la boela mo FRELIMO.[3]

Go tsaya karolo ga basadi mo ntweng kgatlhanong le bokolone ka dingwaga tsa 1960 go tlhalositswe go ne go le go golo thata ebile go bakile go tlhamiwa ga sesole sa basadi, Destacamento Feminino, mo sesoleng sa kgololesego sa Mozambique ka 1967.[4][5]

Bakwaledi

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. Arnfred, Signe (September 1988). "Women in Mozambique: gender struggle and gender politics". Review of African Political Economy. 15 (41): 5–16. doi:10.1080/03056248808703759.
  2. Hansen, Helena; Hansen, Ragnar; Gjerstad, Ole; Sarazin, Chantal (1985). "The Organization of Mozambican Women (A Organizacao Mulher Mocambicana/Omm)". Journal of Eastern African Research & Development. 15: 230–244. ISSN 0251-0405. JSTOR 24325658.
  3. Darch, Colin (2019). Historical Dictionary of Mozambique. Rowman & Littlefield. p. 299. ISBN 978-1-5381-1135-2.
  4. Machel, Samora (1975). "The People's Republic of Mozambique: The Struggle Continues". Review of African Political Economy (4): 17. ISSN 0305-6244. JSTOR 3997882.
  5. Arnfred, Signe (1988-09-01). "Women in Mozambique: gender struggle and gender politics". Review of African Political Economy. 15 (41): 5. doi:10.1080/03056248808703759. ISSN 0305-6244.