Jump to content

Lekgotla la bobega dikgang la borwa jwa Aforika (MISA)

Go tswa ko Wikipedia
Lekgotla la bobegadikgang la borwa jwa Aforika
Founded1992
HeadquartersWindhoek, kwa kgaolong ya Khomas, Namibia
Key people
Gwen Lister
Websitewww.misa.org

Lekgotla la bobega dikgang la borwa jwa Aforika (MISA) ke lekgotla le e seng la puso le le nang le maloko a le lesome le motso mo mafatsheng a SADC. Le tlhomilwe semmuso ka Lwetse 1992,[1] lekgotla la MISA le itebagantse le go rotloetsa bobegadikgang jwa mahala, jo bo ikemetseng ebile bo akaretsa ditumelo,dingwao le merafe yotlhe, jaaka go ne go akantswe mo molaong wa 1991 wa Windhoek.

Lekgotla la MISA le batla ditsela tsa go rotloetsa phatlalatso mafoko le tirisano mmogo gareng ga babereko ba bobegadikgang, e le tsela la ya go rotloetsa puso ya batho ka batho le ditshwanelo tsa setho mo Aforika. Tiro ya MISA ke ya go rulaganya, go tsamaisa le go laola dipuisano, ka mabaka a, MISA e ikaelela go bereka le makgotla a a tshwanang, go fitlhelela bobegadikgang jo bo sa tlhaoleng ebile bo le mahala.

Ofisi ya bokwaledi bogolo, ee kwa Windhoek,Namibia, e laola:

  • Bobueledi: go buelela go ya maikaelelo a lekgotla, go dira ditshekatsheko le go ela tlhoko tlolo molao.
  • Neelano ya dikgang: go okamela neelano dikgang (go netefatsa gore dikgang tsa mo gae go tswa mo babegadikgang ba ba ikemetseng, di kgona go bonwa ke kgaolo yotlhe le gore dikgang tsa kgaolo di goroga kwa mafatsheng otlhe).

Lekgotla la MISA le na le makalana kwa Angola,Botswana,Lesotho,Malawi,Mozambique,Namibia,Aforika Borwa,Eswatini,Tanzania,Zambia le Zimbabwe.

MISA ke leloko la mafaratlhatlha a mafatshe fatshe a makgotla a eseng a puso a IFEX, le bereka go sireletsa le go rotloetsa tshwanelo ya go gasa mafoko ntle le poifo epe.

Ke leloko gape la IFEX Tunisia Monitoring Group, setlhopha sa ditlhopha di le lesome le boratari tse di rotloetsang lefatshe la Tunisia go tokafatsa ditswanelo tsa setho tsa lone.

MISA Malawi: makalana a kwa Malawi a ruta maloko a one.[2] Ka 2025, MISA Malawi ba ne ba itsise fa ba dira letsholo la go fokotsa dikgang tse e seng tsa boammaruri pele ga ditlhopho tsa lefatshe tsa 2025. Mothusa modulasetilo Chisomo Ngulube o ne a re ba tla a nna le tsamaiso ya go netefatsa mafoko kgotsa dikgang e le tsela ya go emisa dikgang tse e seng tsa boammaruri.[3]

  1. "Cominit". www.comminit.com. Retrieved 2025-10-20
  2. Chiwayula, McDonald (2024-01-12). "CAPITAL HILL'S LONE FIGHTER REVEALS PENSION PROCESSING FLAWS". Malawi Broadcasting Corporation. Retrieved 2025-10-20
  3. Agency, Malawi News (2025-01-09). "Misa Malawi in drive to curb misinformation". Nation Online. Retrieved 2025-10-20.