Jump to content

Lenaneo la ditlhopho mo Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Botswana ke lefatshe le le busiwang ke palamente le le nang le tautona wa khuduthamaga, la thulaganyo ya makgotla a sepolotiki a mantsi.[1][2][3] Tautona wa ntlha go etelella Botswana e ne e le Sir Seretse Khama.[4] Lefatshe le, le nnile le ditlhopho tsa setšhaba di le lesome le boraro gotswa ngwageng wa 1961, tse di tshwarwang dingwaga dingwe le dingwe tse tlhano.[5][6]. Ditlhopho tsa bofelo di tshwarwa ke tsa Phalane a le masome a mararo, 2024.[7] Tautona mongwe le mongwe o lekanyeditswe sebaka sa dingwaga tse tlhano; Quett Masire, Tautona wa bobedi o tlhomile selekanyetso se sa dingwaga ka 1997.[8][9][10][11]Lefatshe le, le amogetse e le lantlha teseletso ya kakaretso ka ditlhopho tsa setšhaba tsa Bechuanaland ngwaga e le wa 1965.[12]

Ditlhopho ts setšhaba tsotlhe gotswa kwa boipusong gogitlhe gompieno di ne di fenngwa ke Botswana Democratic Party.[13][14] Tautona wa Botswana o tlhophiwa morago ga ditlhopho tsa kakaretso. Ka yone tsamaiso e, ntlhopheng wa botautona wa mokgatlho wa sepolotiki o o fenyang ka bontsi ja ditilo kwa palamenteng ke ene a ikanisiwang go nna Tautona.[15]

Moalo o o latelang ga o a tsenya ditlhopho tsa European Advisory Council ka gore maloko a yone a ne a setse a tlhophilwe ke batho ba Yuropa, eseng baagi ba lefatshe le, le le sireleditsweng.[16][17] Ka nako ya ditlhopho tse , baagi ba Bechuanaland ba ne gape ba sa tseye karolo mo Ditsamaiso tsa Boritani.[18]

Lenaneo la ditlhopho tsa setšhaba mo Botswana

Lenaneo la ditlhopho tsa setšhaba mo Botswana
Ditlhopho Mofenyi Yo o molatelang Ditilo tse di fentsweng

ke mekgatlho e mengwe

Ditilo tsotlhe Tshologelo ya batlhophi Tshupo
Mokgatlho Ditilo tse di fentsweng Mokgatlho Ditilo tse di fentsweng
1961 BPFP n/a n/a n/a n/a n/a n/a
1965 BDP 28 BPP 3 0 31 74.55%
1969 BDP 24 BNF 3 4 31 54.7%
1974 BDP 27 BNF 2 3 32 31.2%
1979 BDP 29 BNF 2 1 32 58.4%
1984 BDP 29 BNF 4 1 34 77.6%
1989 BDP 31 BNF 3 0 34 68.2%
1994 BDP 27 BNF 13 0 40 76.6%
1999 BDP 33 BNF 6 1 40 77.11%
2004 BDP 44 BNF 12 1 57 76.2%
2009 BDP 45 BNF 6 6 57 76.71%
2014 BDP 37 UDC 17 3 57 84.75%
2019 BDP 38 UDC 15 4 57 84.1%
2024 UDC 36 BCP 15 10 61 81.42%

a. Go na le maloko a a tlhophilweng a le masome a marataro le bongwe, le a le borobabobedi a a tlhomilweng mo palamenteng

b. Molao-motheo o moša ka 1960 o ne wa tlhoma Khansele ya Peomolao, Khansele ya Khuduthamaga, le Khansele ya Kgakololo ya Aforika. Khansele ya Peomolao e ne e nale maloko a feta masome a mararo; ba le lesome gotswa mo pusong-ya-Mmamosadinyana, ba le lesome e le batho ba bantsho, be le lesome e le batho basweu, a le mongwe e le Moešia le ba bangwe ba ba kopanetseng tsamaiso. Seretse Khama o ile a bona dikonopo tse dintsi gofeta fa go tlhophiwa baemedi ba bantsho.

c. Bechuanaland Protectorate Federal Party

d. Botswana Democratic Party

e. Botswana People's Party

f. Botswana National Front

g. Umbrella for Democratic Change

Mebepe ya ditlhopho tsa setšhaba tsa Botswana

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. "World Factbook Glyph". cia.gov. CIA. Archived from the original on 9 January 2021. Retrieved 26 April 2024.
  2. "History of Botswana | Events, People, Dates, Maps, & Facts | Britannica". www.britannica.com. Archived from the original on 8 June 2024. Retrieved 8 May 2024.
  3. "Cambridge University". Cambridge.org. Cambridge. Archived from the original on 8 June 2024. Retrieved 26 April 2024.
  4. "Sir Seretse Khama | Botswana Leader, Independence & Legacy | Britannica". www.britannica.com. 26 April 2024. Archived from the original on 8 June 2024. Retrieved 28 April 2024.
  5. "Botswana at a Glance | Embassy of the Republic of Botswana in Washington, D.C." www.botswanaembassy.org. Retrieved 8 May 2024.
  6. "65. Botswana (1966-present)". UCA. Archived from the original on 8 June 2024. Retrieved 26 April 2024.
  7. "Africa Center". africacenter.org. Africa Center for Strategic Studies. Archived from the original on 8 June 2024. Retrieved 26 April 2024.
  8. "Botswana: Freedom in the World 2023 Country Report". Freedom House. Archived from the original on 8 June 2024. Retrieved 27 April 2024.
  9. Chan, Stephen (18 July 2017). "Ketumile Masire obituary". The Guardian. ISSN 0261-3077. Archived from the original on 22 October 2023. Retrieved 8 May 2024.
  10. Padnani, Amisha (29 June 2017). "Ketumile Masire, Who Shaped and Led a Vibrant Botswana, Dies at 91". The New York Times. ISSN 0362-4331. Archived from the original on 8 June 2024. Retrieved 3 May 2024.
  11. "History". www.parliament.gov.bw. Archived from the original on 20 May 2021. Retrieved 8 May 2024.
  12. "EISA Botswana: The 1965 Pre-Independence General Election". 27 April 2023. Archived from the original on 27 April 2023. Retrieved 28 April 2024
  13. Warren, Shana. "Botswana's ruling party has been in power 50 years. That could change this week". Washington Post. Archived from the original on 28 March 2024. Retrieved 12 May 2024.
  14. Friesen, Paul (6 November 2019). "Analysis | Botswana's ruling party won again. This makes 12 consecutive victories". Washington Post. ISSN 0190-8286. Archived from the original on 21 October 2020. Retrieved 8 May 2024
  15. "Botswana 12/09". state.gov archives. Archived from the original on 8 June 2024. Retrieved 12 May 2024.
  16. "European And African Advisory Councils - Hansard - UK Parliament". UK Parliament. Archived from the original on 10 May 2024. Retrieved 12 May 2024.
  17. R. D. Manungo, Kenneth. "The role of the Native Advisory Council in the Bechuanaland Protectorate, 1919-1960". Pula: Botswana Journal of African Studies, vol. 13, nos. 1 & 2 (1999). 13: 38. Archived from the original on 8 May 2024. Retrieved 12 May 2024.
  18. R. D. Manungo, Kenneth. "The role of the Native Advisory Council in the Bechuanaland Protectorate, 1919-1960". Pula: Botswana Journal of African Studies, vol. 13, nos. 1 & 2 (1999). 13: 38. Archived from the original on 8 May 2024. Retrieved 12 May 2024.