Jump to content

Lentswe Kolometse

Go tswa ko Wikipedia

Lentswe[1] ke kolometse ya moagisanyo e e rulagantsweng mo Porofenseng ya Bokone Bophirima kwa Aforikaborwa. E rulagantswe gangwe ka beke mme e abelwa mo metseselegae e e jaaka Klerksdorp, Stilfontein, Orkney, Kanana, le Jouberton. Lefelo la kolometse ena le fitlhelelwa ko kagong ya Klerksdorp Record[2], mo mmileng wa Ian wa 125. Pampiri eno e fa batho ditaba tsa mo lefelong, mekgwa ya setshaba, dipolotiki, le matsapa a baagi. Lekwalodikgang leno le anamisa dikhopi di ka nna 14 250[3] beke le beke ka Labone. Lekwalodikgang lena le tlhomilwe ka 2007.

Lentswe e akaretsa ditlhong tse di farologaneng jaaka:

  • Ditaba tsa motse
  • Dipolotiki tsa mo lefelong
  • Dipapatso tsa bagwebi
  • ditiragalo tsa sechaba
  • Mapheko a dithuto le dipapadi

Setswhantsho sa puo

[fetola | Fetola Motswedi]

Kolometse eno e dirisa puo ya Seesemane le Setswana. Ke go rotloetsa tshedimosetso mo bathong ba ba farologaneng, mo di tikilogong tse farologaneng tse akaretsang ditaba tsa baagi ba tikilogo eo.

Botlhokwa

[fetola | Fetola Motswedi]

Lentswe ke nngwe ya dikolometse tse di tshwanetseng ke go rotloetsa kitsiso mo lefelong. Ke go fa baagi, mmino, dipuo, le ditiragalo tse di nang le mosola mo matshelong a bone. Edirwa ke boraditaba ba ba agileng mo lefelong, ba ba itseng ditlhako tsa baagi.

  1. https://www.northwestnewspapers.co.za/lentswe/
  2. https://www.northwestnewspapers.co.za/klerksdorprecord/
  3. https://localadvertiser.co.za/northwest/lentswe/#:~:text=The%20Lentswe%20is%20the%20reliable,%2C%20Manzilpark%2C%20Orkney%2C%20Stilfontein.