Jump to content

Lephutsi

Go tswa ko Wikipedia
Maphutshi

Lephutshi ke morogo o o nang le dikotla tse dintsi. E na le dibitamine le diminerale tse dintsi mme ga e na dikilojoule tse dintsi. Peo ya lephutshi e ka dirisiwa go dira matute a a nang le dikotla tse dintsi. Go na le ditsela di le dintsi tse ka tsone lephutshi le ka tsenngwang mo dijong tse di monate, mo disupong, mo disalateng, mo dijong tse di bolokilweng e bile a ka dirisiwa mo boemong jwa botoro.

Go botoka go di jala mo tshimologong ya setlha ka mo go ka kgonegang ka teng, ka gonne peo ee jalwang moragonyana a ka tlhaselwa ke ditshenekegi le malwetse. Mathata a mabedi a a tlwaelegileng thata ke malwetse a a bakwang ke dibaerase a a bakwang ke ntsi ya lephuthsi le a a bakwang ke di-aphid. Fa o ka kgona go dira gore dijalo tsa gago di gole ka bonako, o tla nna le tshono e e botoka ya go di roba pele di nna bothata.