Jump to content

Lerato Moloi

Go tswa ko Wikipedia
Lerato Moloi
Tsalo (1985-01-13) 13 January 1985 (age 41)
Ke moSouth Africa
TiroModel,
Actor,
Television producer,
Entrepreneur,
Film director

Lerato Moloi ke mosupi wa diaparo wa Aforika Borwa, yo ka ngwaga wa 2009, a neng a nna sefatlhego sa ntlha sa batho ba bantsho sa letshwaokgwebo la ditlolo la Elizabeth Arden. Kwa tshimologong, Moloi o ne a kgatlhegela thuto ya tlhaloganyo, mme morago ga go etela setheo sa go dira ditshwantsho le mmaagwe le kgaitsadie yo mmotlana, o ne a kgatlhegela go dira ditshwantsho. Tiro ya gagwe ya go nna motlelara e simolotse semmuso a le dingwaga di le lesome le bosupa mme go tsaya dinepe ga gagwe ga ntlha ga seporofešenale e ne e le ga Elle Magazine.

Kganetsano e ne ya tsoga ka ngwaga wa 2000 fa setheo sengwe sa go dira ditshwantsho kwa New York se ne se bolelela Moloi gore o tlhoka go fokotsa boima jwa mmele pele ga a dira ditshwantsho. Tiragalo eno e ne ya tsosa dingangisano tsa boditšhabatšhaba ka tiriso ya dikai tse di nang le boima jo bo kwa tlase mo Intasetering ya Feshene.

Moloi o boleletse BBC News gore, "Basetsana ba bannye mo Aforika ba tshwenyegile thata ka go nna basesane-fa re ntse re kopana le bobegakgang jwa bophirima ke ka fa re nwelelang".[1] Ka ngwaga wa 2002, o ne a tsaya karolo mo kgaisanong ya M-Net Face of Africa mme a nna mofenyi wa makgaolakgang.[2]

Moloi o ne a dira sekao sa mofuta wa tlhokomelo ya letlalo wa "Krimi ya Diura di le Robedi" ya ga Elizabeth Arden. Jaaka sefatlhego sa ntlha se sentsho sa ga Elizabeth Arden, Moloi o boletse gore o batla go nyeletsa tlhamane ya gore tshireletso ya UV ga e botlhokwa mo basading ba mmala.[3]

Moloi e ne e le mogaisani wa MasterChef yo o Tumileng wa Aforikaborwa ka ngwaga wa 2015.

Botshelo jwa motho ka namana

[fetola | Fetola Motswedi]

Moloi o ne a nyetswe ke Sibusiso Hlatshwayo, mokapelo wa gagwe wa nako e telele go tswa kwa sekolong se segolo, ngwaga pele ga tlhalo ya bone ka ngwaga wa 2011. O na le ngwana a le 1 le ene, Muhle, yo o tshotsweng ka ngwaga wa 2010, mme ngwana wa gagwe yo mogolo go tswa mo botsalanong jo bo fetileng, ke Keoratile.

Ka kgwedi ya Phukwi ngwaga wa 2020, go ne ga begwa fa Moloi a ne a tshwarelwa go nyatsa kgotlatshekelo morago ga gore a gane go tlosa tweet e mo go yone a neng a latofatsa gore o ne a tlhaselwa ka tlhakanelodikobo ke banna ba le bararo, yo mongwe wa bone a neng a mo umaka leina e le rametlae Mongezi "Tol Ass Mo" Ngcobondwane. Go begwa fa Ngcobondwane a tsere dikgato tsa semolao mme a laelwa ke kgotlatshekelo go tlosa tweet eo. Ka 19 Seetebosigo o ne a kwadile jaana mo Twitter: "Moment's ago, ke sa tswa go saena & ke amogetse makwalo a mmueledi a go batla, taelo ya tshireletso ya nakwana; jalo le jalo, go tswa mo monneng yo o mpeteletseng ka 2014. Ke sa ntse ke sa tshoge! Ga nkitla ke didimala!". ka ntlha ya ditatofatso tsa maaka tse di neng di beilwe kgatlhanong le ene.[4]

Tse di kwa ntle

[fetola | Fetola Motswedi]
  • 4]- Full Article About Lerato Moloi
  1. Moloi, Lerato. [1], "BBC News: In The Eye of the Beholder," 3 December 2003, retrieved 3 September 2011
  2. Hapa, Nani.[2], "Mimi Magazine,"January, 2009, retrieved 3 September 2011
  3. Moloi, Lerato. [3], "Mimi Magazine," January, 2009, retrieved 3 September 2011.
  4. Citizen reporter (2 July 2020). "Model arrested after refusing to take down #MeToo tweets, refuses to back down". The Citizen. Retrieved 6 July 2020. Smith-Spark, Laura. "Is Ultra-Thin Going Out of Fashion." BBC News 27, September 2006: n. pag. Web. 3 Sep 2011. <https://news.bbc.co.uk/1/hi/world/europe/5384106.stm>.