Lerato Nxumalo
Lerato Nxumalo (o tshotswe ka kgwedi ya ka Tlhakole ele boferabongwe (9) ka ngwaga wa 1999) ke motshameki wa mo Afrika Borwa, mogasi, mmakgwebo le mmopi wa diteng. O itsege thata ka go tshameka mo mananeong a a itsegeng thata a E.tv soapie opera Durban Gen jaaka Dr Ndabezinhle Luthuli le Scandal! jaaka Phakamile. Ke ene mothei wa blaHoody.
Botshelo le tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Botshelo jwa gagwe jwa pele Nxumalo o belegetswe le go golela kwa Durban, KwaZulu-Natal, mo Afrika Borwa mo lelapeng la setso sa MaZulu le setso sa Basotho. O ne a ya kwa Yunibesithing ya Witwatersrand kwa a boneng teng dikirii e e kgethegileng ya Filimi le Thelebišene.[1]
Tiro
Nxumalo o simolotse tiro ya gagwe ka ngwaga wa 2017 morago ga go tlhagelela mo papatsong ya Edgar's le Aero ka 2019.[2] O ne a simolola go tshameka mo thelebišeneng mo Durban Gen a tshameka karolo ya ga Ngaka Ndabezinhle Luthuli go tloga ka ngwaga wa 2020 go fitlha ka ngwaga wa 2023.[3][4]O ne a tlhagelela mo 1Magic telenovela Lingashoni jaaka Mpumi Cele. O ne a atolosa tiro ya gagwe ya go tshameka ka ngwaga wa 2023, fa a ne a tshameka karolo e kgolo mo E.tv soapie opera Scandal! jaaka Phakamile. [5]
Ka ngwaga wa 2024, Nxumalo o ne a tsepamisa mogopolo mo tirong ya gagwe ya go tlhama diteng tsa metswedi ya dikgang mme a ikgaoganya le go tshameka. Ka ngwaga wa 2025, o tshameka karolo e kgolo mo terameng ya mmino wa Mzansi Magic Genesis jaaka Owethu Hlope le go tshameka karolo ya Barbie mo thelebišeneng ya Netflix ya bokebekwa Bad Influencer.[6] [7] [8]
Dikgwebo tse dingwe
[fetola | Fetola Motswedi]Ka kgwedi ya Phukwi ngwaga wa 2025, Nxumalo o ne a simolola letshwao la gagwe la feshene "blaHoody", le le neng le dira ka hoodies tse di iketlileng.[9] Setshwaelo se ne sa tlhotlhelediwa ke boswa jwa gagwe le kgwebo ya inthanete. [10]
Tsa bodiragatsi
[fetola | Fetola Motswedi]| Year | Title | Role | Notes |
|---|---|---|---|
| 2020 | Durban Gen | Dr Ndabezinhle Luthuli | Main role, season 1 |
| 2021 | Lingashoni | Mpumi Cele | Supporting role, season 1 and 2 |
| 2023 | Scandal! | Phakamile | Starring role |
| 2025–present | Genesis | Owethu Hlope | Supporting role, season 1 |
| 2025–present | Bad Influencer | Barbie | Starring role, season 1 |
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Get to know Lerato Nxumalo". Retrieved 2025-11-17
- ↑ Sekhu, Katlego (2024-10-30). "Actress Lerato Nxumalo announces she's off the market as she shows off engagement ring". TimesLIVE. Retrieved 2025-11-11.
- ↑ Muzavazi (2021-04-15). "Lerato Nxumalo exits "Durban Gen"". Bafana Bafana Latest News Update. Retrieved 2025-11-11
- ↑ Nteyi, Zama. "Dr Zinhle Luthuli leaves Durban Gen!". Daily Sun. Retrieved 2025-11-11
- ↑ Langa, Jabulani. "Another big blow for Scandal!". Daily Sun. Retrieved 2025-11-11
- ↑ Tleane, Lebo (2025-05-12). "Lerato Nxumalo Returns to Acting With A New Role". Youth Village. Retrieved 2025-11-11
- ↑ Chiraag (2025-10-16). "Lerato Nxumalo Lands Netflix Role and Hits YouTube Milestone". Bona Magazine. Retrieved 2025-11-11.
- ↑ Moroeng, Moroba (2025-10-16). "Actress Lerato Nxumalo Celebrates Netflix Role and YouTube Milestone – Briefly.co.za". briefly.co.za. Retrieved 2025-11-11.
- ↑ Hlalane, Reabetswe (2025-07-04). "Lerato Nxumalo Launches Cozy Hoodie Brand 'blaHoody' and Thanks Fans for Support". OkMzansi. Retrieved 2025-11-17.
- ↑ Moroeng, Moroba (2025-07-06). "Former 'Scandal!' Actress Lerato Nxumalo Launches New Clothing Business - Briefly.co.za". briefly.co.za. Retrieved 2025-11-17