Jump to content

Lerotse

Go tswa ko Wikipedia
Lerotse

Lerotse ke mofuta mongwe wa melon, segolobogolo leungo le le nang le nama ya namune, le le dirisiwang go dira sejo sa setso sa Botswana se se bidiwang bogobe jwa lerotse, e leng mofuta mongwe wa mmidi.Lerotse ke melon, e gape e itsegeng e le "lekatane", e e nang le nama e e serolwana e e seng botshe.E dirisiwa thata go dira bogobe jwa lerotse[1], sejo se se tshwanang le mmidi se e leng sejo sa bosetšhaba sa Botswana. E sa apewa, e na le tatso e e tshwanang le ya komiki, mme fa e apeilwe, e dira gore boupe bo nne le tatso e e sa tshwaneng le epe e e monate. Gantsi melon e bedisiwa mo metsing, go tswa foo e bo e tlhakatlhakanngwa go dira boupe. Lerotse e itsege gape jaaka lekatane. Matlape a teng a ka omisiwa mo letsatsing a bo a bolokiwa gore a dirisiwe moragonyana. Lerotse e na le Khalisium e ntsi mme e ka nna ya thusa gore marapo a nonofe, gape e na le faeba.

Bogobe jwa Lerotse

[fetola | Fetola Motswedi]

Bogobe jwa lerotse gantsi e jewa kwa manyalong le kwa dikokoanong tse dingwe tsa boitlosobodutu. Bo nale le go bidiwang "kgodu" se e leng mmidi wa mokolane, o o dirwang ka lerotse.

References

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. https://evokedigital.co.bw/blog/how-tos/bogobe-jwa-lerotse-recipe/