Jump to content

Leruo Molotlegi

Go tswa ko Wikipedia

Leruo Tshekedi Molotlegi (yo o tsetswene ka 1968) ke kgosi ya bo 36, kgotsa kgosi, ya Setšhaba sa Bafokeng sa Bogosi.[1] Morafe wa Bafokeng o kwa Porofenseng ya Bokone Bophirima ya Rephaboliki ya Aforikaborwa.[2]

Baekerafi

[fetola | Fetola Motswedi]

Molotlegi e sale e le Kgosi ka ngwaga wa 2000, fa a ne a tlhatlhama mogolowe, Mollwane Lebone II Molotlegi. [3][4] Go tlhomiwa semmuso ga ga Molotlegi go ne ga se ka ga tshwarwa go fitlha ka 16 Phatwe 2003. [3] Batho ba Bafokeng ba le 3 000 ba ne ba tsenela mokete was go rwesiwa serwalo sa bogosi, o o neng tshwaretswe kwa Lebaleng la Metshameko la Royal Bafokeng kwa Phokeng, Aforika Borwa. [5] Molotlegi ke morwa Kgosi Lebone Edward Molotlegi le Kgosigadi Semane Molotlegi, Kgosigadi Mme wa Bafokeng. [1]

O ne a na le bana ba gagabo ba le batlhano: bomorwarraagwe ba bararo le bokgaitsadie ba babedi. Bomorwarraagwe ba babedi ba bagolo ba tlhokafetse.[1] Mo godimo ga go nna tlhogo ya Ntlo ya ga Molotlegi, ke setlogolwana sa losika lwa ga Khama lwa Botswana. Rraagwemogolo, Kgosi Tshekedi Khama[6], e ne e le Mmusi wa morafe wa Bamangwato ka nako ya puso ya ga Sir Seretse Khama, setlogolo sa gagwe.[1]

Ke leloko la maloba la boto ya Impala Platinum Holdings (Implats), mme jaanong o dutse mo Khamphani e e sa tswang go tlhongwa ya Royal Bafokeng Holdings (RBH) jaaka Mokaedi yo e seng wa Khuduthamaga. RBH ke khamphani ya Bafokeng e e nang le beng ba yone ka botlalo. Kgosi gape ke mopresidente wa Mokgatlho wa Ditshwanelo tsa Diminerale wa Batho ba Naga ba Aforika Borwa mme e ne e le mongwe wa barerisani ba bagolo mo molaong o mošwa wa meepo, o o batlang go rotloetsa go tsaya karolo go go bonalang ga batho bantsho. Ke moithuti wa nako e e fetileng wa Kholetšhe ya Hilton kwa KwaZulu-Natal, kwa Aforikaborwa. O na le dikirii ya yunibesiti ya Boagi le Thulaganyo ya Ditoropo go tswa kwa Yunibesithing ya Natal.[1] Ke motshameki yo o tlhagafetseng mme o ne a abelwa Metlele ya Gauta ya Victor Ludorum kwa Hilton. Ke mokgweetsi wa sefofane sa maphuka a a tlhomameng le sa difofane tse di dikologang mme o thapilwe go nna Mokolonele wa Tlotlo mo Sesoleng sa Difofane sa Aforikaborwa.

Ka 2011, e ne e le moeng yo o laleditsweng kwa lenyalong la ga Albert II, Kgosana ya Monaco, le mothumi wa kwa Zimbabwe, Charlene Wittstock.[7]

  1. 1 2 3 4 5 "Bafokeng Royal Family, South Africa". THE AFRICAN ROYAL FAMILIES. 2020-11-29. Retrieved 2021-06-01. Cite error: Invalid <ref> tag; name ":0" defined multiple times with different content
  2. 83–109
  3. 1 2 "New Bafokeng King Enthroned". http://allafrica.com/stories/200308180203.html.
  4. "Kgosi Leruo Tshekedi Molotlegi | Bafokeng Archive". www.bafokengarchives.com. Retrieved 2021-06-01.
  5. "Bafokeng install new king". http://www.southafrica.info/what_happening/news/bafokeng-king.htm."Bafokeng install new king". SouthAfrica.info. 19 August 2003. Retrieved 2 July 2011.
  6. https://en.wikipedia.org/wiki/Tshekedi_Khama_II#:~:text=Khama%20is%20one%20of%20four,of%20three%20BPF%20candidates%20elected.
  7. "Glitterati hits Monaco for royal wedding". Associated Press. The Australian. 2011-07-01. http://www.theaustralian.com.au/news/world/glitterati-hits-on-monaco-for-wedding/story-e6frg6so-1226085641888. Retrieved 2011-07-02.