Lesedi La Rona
Lesedi La Rona, pele e ne e itsege ka leina la Karowe AK6 kgotsa Quad 1[1] ke babereki ba moepo, ke teemane ya botlhano ka botona e e kileng ya bonwa, e le ya boraro ka seelo. E bonwe kwa moepong wa Karowe, (o pele o neng o bidiwa AK6) mo Botswana ka Ngwanatsele a le lesome le borataro ngwaga wa dikete pedi lesome le botlhano.
Moitseanape wa mekgabisa Graff o rekile teemane e e sa rethefadiwa ka didikadike tsa di dolara di le masome a matlhano le boraro ka ngwaga wa dikete pedi lesome le bosupa. Ka Moranang ngw aga wa dikete pedi le some le borobabongwe, Graff o ne a e kgaotse go nna teemane ya emerald e tona ya Graff Lesedi La Rona, e le bokete jwa di gereme di le masome a marataro le majwana a le masome a marataro le borataro.[2]
Tlhaloso
[fetola | Fetola Motswedi]Lesedi La Rona ke teemane e esenang mmala kgotsa e tshweu,[3] e bokete jwa digereme di le makgolo a mabedi, masome a mabedi le bobedi; 7.84 oz (dikharete di le sekete, lekgolo,lesome le motso) e di milimithara di le masome a marataro le botlhano x di le masome matlhano le borataro x masome mane. Fa e tshwantshanngwa, Cullinan, e e bonweng ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le botlhano kwa Aforika, e ne e le bokete jwa di gereme di le makgolo a marataro, masome a mabedi le motso (dikharete di le dikete tharo, lekgolo le borataro).[4][5] Lesedi La Rona e epilwe go dirisiwa dimetshine tsa XRT tsa Large Diamond Recovery,[6] ke teemane e tona go epiwa go dirisiwa dimetshine tsa go tlhopha diteemane.[3][7] Go akanyediwa e le dingwaga di le dibilone di pedi le botlhano ka bogologolo.[8]
E bonwe ka Ngwanatsele a le lesome le borataro ngwaga wa dikete pedi lesome le botlhano,[9] kwa borwa jwa moepo wa Karowe dimithara donle makgolo a mabedi kwa tlase ga lefatshe, se se be sa itsisiwe setshaba ka Ngwanatsele a le lesome le borobabobedi.[4][10] Letsatsi morago ga e sena go bonwa, diteemane tse pedi tse di bokete jwa makgolo a robabobedi lesome le boraro le dikharete di le makgolo a mararo masome a supa le bone di ne tsa bonwa kwa moepong oo.[11][12] Fa e sale phaephebya AK6 e bulwa dikgwedi di le lesome le borobabobedi pele, e ntshitse dikharete tsa diteemane di le sedikadike (dikhilogereme di le makgolo a mabedi).[13]
Lejwe le le ne le letona go ka bonesiwa ka diipone tsa kompone e.[9]
Leina
[fetola | Fetola Motswedi]Teemane e pele e ne e filwe leina la kakaretso la moepo (Karowe) le phaephe (AK6) kwa e fitlhetsweng teng.[13] Ka Firikgong ngwaga wa dikete pedi lesome le borataro, mookamedi wa Lucara Diamond William Lamb o ne a itsise kgaisano , e e neng e buletswe Batswana botlhe go fa teemane leina. Fa godimk ga go fa teemane leina, mofenyi o tlaa amogela madi a pula a le dikete di le masome mabedi le botlhano (di dolara tsa America di le dikete pedi, lekgolo le masome a supa).[14]
Ka Tlhakole a robabongwe ngwaga wa dikete pedi lesome le borataro, Lucara Diamond e ne ya itsise gore teemane e filwe leina la Lesedi La Rona ka puo ya Setswana. Mofenyi wa kgaisano o o fileng teemane leina e ne e le Thembani Moitlhobogi go tswa kwa Mmadikola.[15][16][17] O ne a re lebaka la gagwe la leina leo ke ka gore "teemane ke seikgantsho, lesedi le tsholofelo ya Batswana". [17]Ka nako ya kgaisano koporase ya Lucara Diamond e ne ya amogela melaetsa e le dikete di le lesome le motso ya email le ya molaetsa khutswe e le dikete di le lesome e e fa teemane leina.[18]
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]
Teemane e bonwe kwa lotlhakoreng lo lo lwa borwa jwa kompone ya Canada ya Lucara Diamond ya moepo wa Karoee dikhilomithara di ka nna makgolo a matlhano kwa bokone jwa Gaborone mo Botswana.[4][12] Moepo o kwa kgaolong ya Letlhakane, kwa masimong a mangwe a kimberlite a nang le meepo ya diteemane e bidiwa Orapa, Letlhakane le Damtshaa, e okametswe ke kompone ya Debswana Diamond Company Ltd[13]. Teemane ya ntlha go tswa mo moepong o e ntshitswe ka ngwaga wa dikete pedi lesome le bobedi. Mafatshe a Botswana, Aforika Borwa le Namibia ke baepi ba diteemane ba bararo ba batona mo lefatsheng ka bophara.[3]
Dikgwedi morago ga go bonwa ga yone, teemane e ne ya supiwa kwa loetong lwa mafatshe kwa Singapore, Hong Kong, New York le Antwerp, lefelo le legolo la kgwebo ya diteemane.[19]
Boleng, palobalo ya ntlha le thekiso
[fetola | Fetola Motswedi]Boleng jwa lejwe le ga bo ka ke jwa metiwa go fitlhelela go tsewa tshwetso ya gore le tlaa kgaolwa jang gape go na le dintlha tse di tseneletseng ka mmala wa lone. Moitseanape wa marope wa pele wa go epa diteemane Phil Swinfen o akanyetsa a lebile dithekiso tse dingwe tse di tshwanang gore lejwe le ka rekisiwa ka tlhwatlhwa ya didikadike tsa dolara di le masome mane go tsena di le masome a marataro.[3] Tsamaiso ya go rekisa le go kgaola teemane e ka nna ya tsaya dingwaga go fela. Ka Motsheganong ngwaga wa dikete pedi, lesome le borataro, Sotheby kwa Lontone ba ne ba itsise fa teemane ya Lesedi La Rona e tlaa bapadiwa mo palobalong e le nosi ka Seetebosigo a le masome mabedi le borobabongwe ngwaga wa dikete pedi lesome le borataro. [20]E ne e solofetswe go rekiwa ka didikadike tsa di dolara di le masome a supa. Morago ga go sekasekiwa thata,[21] teemane e ne ya supiwa kwa palobalong e le bokete jwa digereme di le makgolo mabedi,masome mabedi le motso (dikharete di le sekete, lekgolo le borobabongwe). Madi a a kwa godimo mo palobalong e ne e le didikadike tsa di dolara di le masome a marataro le motso. Le fa go ntse jalo, tlhwatlhwa e e ne e tlhaela tlhwatlhwa e e neng e beilwe mme e sa bolelwe, lejwe le ne la seka la rekisiwa.[22] Dipalo di simolotse ka didikadike di le masome a matlhano, palobatho e nnile lobaka lwa metsotso e e kwa tlase ga e le lesome le botlhano.[23]
Ka Seetebosigo ngwaga wa dikete pedi lesome le borataro, teemane ya Lesedi La Rona e ne ya sirelediwa ka didikadike ysa di dolara di le lekgolo le masome mabedi.[24] E ne ya rekisiwa ka Lwetse ngwaga wa dikete pedi lesome le bosupa ka didikadike tsa didolara di le masome a matlhano le boraro, e rekisediwa moitseanape wa mekgabisa wa lwa Britain Graff Diamonds.[25]
Go kgaolwa
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Moranang a le lesome ngwaga wa dikete pedi lesome le borobabongwe, moitsenanape wa mekgabisa Graff o ne a suoa majwe a a kgaotsweng mo teemaneng ya Lesedi La Rona. E ne e kgaogantswe go nna teemane e tona e le nngwe le tse dinnye di le masome marataro le borataro. Ka ntlha ya selekanyo sa lejwe le le sa tweng sepe, Graff o ne a tshwanelwa ke go aga seipone se se nang le maranyane a a bonesang go sekaseka go kgaolwa ga yone. Lejwe le letona, le.le biditsweng Graff Lesedi La Rona, ke teemane e tona e e e kgaotsweng go nna emerald. Ke ya mmala wa D (ga e na mmala) e e bonalang sentle, e le bokete jwa dikherete di le makgolo a mararo le bobedi. Go ya ka Graff, lejwe le ke lone le letona le le bonalang sentle gape le na le mmala o o bonalang le le kileng la kalwa ke Gemological Institute of America (GIA). Majwe a mangwe a a masome a marataro le borataro a a kgaotsweng mo lejweng la Lesedi La Rona a farologana ka selekanyo go tswa dikharete di le masome mabedi le borataro go tsena le le kwa tlase ga kharete e le nngwe. Lejwe lengwe le lengwe le kwadilwe "Graff, Lesedi La Rona" le palo e e faphegileng ya GIA.[2][26]
Mategeniki
[fetola | Fetola Motswedi]Teemane e e ntshitswe ka motshine o motona wa TOMRA o o dirisang seipone sa x-ray.[7] Ka Motsheganong ngwaga wa dikete pedi lesome le botlhano, tsamaiso ha kwa moepong wa Karowe e ne ya emeletsa mategeniki a bone a Dense Media Separation (DMS) ka di TOMRA XRT di le thataro tse di ka kgaoganyang dilo tse di dimilimithata di le masome a marataro le borobabobedi. Mategeniki a X-ray (XRT) a go kgaoganya a tlhophilwe morago ga go dira metseletsele ya ditlhatlhobo. Motshine mongwe le mongwe o ka kgaoganya dilo di le bokete jwa lekgolo le masome a matlhano ka oura, morago ga foo di kgaoganngwa ka mabogo.[27] Moepo wa diteemane wa Karowe ke moepo wa ntlha go dirisa motshine o o itirisang o o kgaoganyang diteemane.[28]
Ditshedimosetso tse dingwe
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Because of its initial pre-cleaning weight of 1,111 carats (222.2 g; 7.84 oz).
- 1 2 DeMarco, Anthony (10 April 2019). "Graff Unveils World's Largest Square Emerald Cut Diamond At 302.37 Carats". Forbes. Retrieved 22 July 2026
- 1 2 3 4 MacDonald, Alex (19 November 2015). "World's Second-Largest Diamond Discovered in Botswana". www.wsj.com. The Wall Street Journal. Retrieved 23 July 2026
- 1 2 3 "Second largest gem quality diamond ever found recovered in Botswana". www.telegraph.co.uk. The Telegraph. Retrieved 23 July 2026
- ↑ MacDonald, Alex (19 November 2015). "World's Second-Largest Diamond Discovered in Botswana". The Wall Street Journal. Retrieved 23 July 2026
- ↑ "Lucara makes diamond history recovers 1,111 carat diamond" (PDF). www.lucaradiamond.com. Lucara Diamond. Archived from the original (PDF) on 20 November 2015. Retrieved 23 July 2026
- 1 2 "TOMRA sorting mining congratulates Lucara Diamond Corp. upon the recent recovery of a magnificent 1,111 ct IIA diamond using TOMRA x-ray transmission (XRT) technology at their Karowe mine in Botswana". www.tomra.com. TOMRA. 24 November 2015.
- ↑ "Lesedi la Rona diamond set to be sold at auction for £52m". www.bbc.com. BBC News. 29 June 2016. Retrieved 23 July 2026
- 1 2 "Biggest diamond in 100 years adds $150 million to miner". www.cnn.com. CNN. 19 November 2015. Archived from the original on November 19, 2015. Retrieved 23 jULY 2026
- ↑ "Lesedi La Rona". www.sothebys.com. Sotheby's. Retrieved 23 jULY 2026
- ↑ "Lucara Recovers Two More Large Diamonds Including an 813 Carat Stone from the Karowe Mine in Botswana". www.lucaradiamond.com. Archived from the original on 2015-11-19. Retrieved 23 July 2026
- 1 2 "World's second-largest diamond 'found in Botswana'". www.bbc.com. BBC. Retrieved 23 July 2026
- 1 2 3 Cornish, Laura (27 May 2015). "Lucara Diamonds looks for buyers for 342 carat in July exceptional stone tender". www.miningreview.com. Spintelligent (Pty) Ltd. Archived from the original on 28 May 2015. Retrieved 23 July 2026
- ↑ Ngwako, Portia (18 January 2016). "Batswana To Name Biggest Diamond". www.thevoicebw.com. The Voice Pty Ltd. Archived from the original on 1 February 2016. Retrieved 23 July 2026
- ↑ "Lucara Names 1,111 Carat Diamond Lesedi La Rona". www.marketwired.com. Marketwired L.P. 9 February 2016. Retrieved 23 July 2026
- ↑ Ngwako, Portia (9 February 2016). "Largest Diamond Named". www.thevoicebw.com. The Voice Newspaper Botswana. Archived from the original on 11 February 2016. Retrieved 23 July 2026
- 1 2 "Lucara Names 1,111 Carat Diamond Lesedi La Rona". www.lucaradiamond.com. Lucara Diamond. 2016-06-30. Archived from the original on 15 May 2016. Retrieved 23 July 2026
- ↑ le Cordeur, Matthew (9 February 2016). "Largest diamond found in 100 years named". fin24.com. News24. Retrieved 23 July 2026
- ↑ Lars Andersen (27 May 2016). "Largest uncut diamond in the world at Antwerp: exclusive presentation". The Brussels Times. Retrieved 23 July 2026
- ↑ Becker, Vivienne (5 May 2016). "Lesedi La Rona: The Diamond of a Lifetime". www.sothebys.com. Sotheby's. Retrieved 23 July 2026
- ↑ Metha, Diana (4 May 2016). "Tennis-ball sized diamond found by Canadian firm could fetch $90M". www.ctvnews.ca. CTV News. Retrieved 23 July 2026
- ↑ "Tennis-ball sized Lesedi La Rona diamond fails to sell at London auction". www.cbc.ca. Canadian Broadcasting Corporation. 29 June 2016. Retrieved 23 July 2026
- ↑ DeMarco, Anthony (29 June 2016). "World's Largest Rough Diamond Fails to Sell At Auction". Forbes. Retrieved 23 July 2026
- ↑ "Lesedi La Rona insured for P1.3bn". www.mmegi.bw. Mmegi. 29 June 2016. Retrieved 23 July 2026
- ↑ "World's biggest uncut diamond sells for $53m". 26 September 2017. Archived from the original on 2017-09-26. Retrieved 23 July 2026
- ↑ "Introducing The Graff Lesedi La Rona". Graff. Retrieved 23 July 2026
- ↑ "TOMRA equipment key to record Lucara diamond recovery". International Mining. 27 November 2015. Retrieved 23 July 2026
- ↑ Creamer, Martin (9 June 2015). "Pioneering Botswana diamond circuit set for design run this month". www.miningweekly.com. Mining Weekly. Retrieved 23 July 2026