Lesego Chombo
Lesego Chombo (o tshotswe ka 16 Moranang 1998) ke mopolotiki wa Botswana, mmueledi, le mofenyi wa kgaisano ya bontle wa maloba. O direla jaaka Tona ya Botswana ya Basha le Merero ya Bong go tloga ka Ngwanatsele 2024 mme ke motho yo monnye go gaisa go nna le maemo a tona mo hisetoring ya lefatshe. [1][2]Pele a tsena mo dipolotiking, one a dira jaaka mmueledi mme a amogelwa ke setšhaba ka go tsenela dikgaisano tsa bosetšhaba le tsa boditšhabatšhaba tsa mmabontle, go akaretsa go fenya Miss Botswana (2022) le Miss World Africa (2024).[3]
Botshelo le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Lesego Chombo o tsholetswe kwa Shorobe, e leng motse o o kwa Kgaolong ya Bokone Bophirima ya Botswana, mme o goletse mo lefelong le le humileng ka setso. Le fa go ne go na le mathata a itsholelo, one a dira sentle mo dithutong tsa gagwe mme a bontsha bokgoni jwa go nna moeteledipele. Boineelo jwa gagwe mo tshiamong ya loago bo ne jwa dira gore a tsenele dithuto tsa molao kwa University of Botswana.[4] Fa a ntse a ithuta, one a nna le seabe mo mekgatlhong ya baithuti le mo diporojekeng tsa setšhaba, tse di neng tsa thaya motheo wa maitlamo a gagwe a go dirisa kitso ya gagwe ya semolao go buelela tekatekano le tshiamiso. O na le maitemogelo a go dira jaaka Mmueledi wa Molao dingwaga di le pedi pele ga loeto lwa gagwe mo lefatsheng la dikgaisano tsa mmabontle. [5]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Tiro ya semolao
[fetola | Fetola Motswedi]Morago ga go fetsa dithuto tsa gagwe, Chombo one a simolola tiro ya gagwe ya semolao ka go ikatisetsa tiro kwa Baliki Corporate Law. Moragonyana one a tsenela Kebabonye Business Law[1], mme kwa bofelong a nna mothusi wa gagwe. Maikaelelo a gagwe a akaretsa go tlhoma feme ya gagwe ya molao go maatlafatsa baagi ba ba kgaphetsweng kwa thoko ka go ba naya ditirelo tsa semolao tse di fitlhelegang. Tiro ya ga Chombo mo molaong e tlhalositswe ka go tsepamisa mogopolo mo go bueleleng setšhaba le tshiamiso ya loago, mme a amogelwa jaaka moeteledipele wa phetogo mo lefapheng la molao. Ka Ngwanatsele 2024, Tautona Duma Boko one a mo tlhapa go nna leloko la Kokoano Bosetšhaba, koo a neng a tlhophiwa go nna Tona ya Bašwa le Merero ya Bong.[3]
Bontle le feshene
[fetola | Fetola Motswedi]Loeto lwa ga Chombo mo dikgaisanong tsa mmabontle lo simolotse ka phenyo ya gagwe mo kgaisanong ya Kgosigadi Esther ka 2012. Boikuelo jwa gagwe jwa tekatekano ya bong le thuto bo ne jwa gola fa a ne a fiwa serwalo sa Miss Women Empowerment ka 2017. Ka ngwaga wa 2022, o ne a nna le maemo a a kwa godimo morago ga go fenya sekgele sa go nna Mma Botswana. Diphitlhelelo tsa gagwe ka ngwaga wa 2024 jaaka go nna Mohumagatsana wa boditshabatshaba wa Africa di bontshitse bokgoni jwa gagwe jwa go dirisa sethala sa gagwe go rarabolola mathata a a masisi a tlhabololo go ralala Afrika.
Tiro ya sepolotiki
[fetola | Fetola Motswedi]Lesego o ne a tsenngwa mo Ntlokokoano Bosetšhaba ya Botswana jaaka Mopalamente yo o tlhophilweng ka tsela e e kgethegileng.[6] ka 7 Ngwanatsele 2024.[1][2]Go tlhophiwa ga gagwe go nna Tona ya Basha le Merero ya Bong go ne ga itsisiwe ke tautona Duma Boko ka kgwedi ya Ngwanatsele e tlhola malatsi a le lesome le motso ngwaga wa 2024; one a nna motho wa ntlha yo monnye go tshwara ofisi ya tona, a le dingwaga di le masome a mabedi le borataro (26).[3]
Dintlha tsa bofelo
[fetola | Fetola Motswedi]A. Go ya ka Puso ya Botswana, maloko a Palamente a tlhophiwa ke baeteledipele ba makoko a sepolotiki a a emetsweng mo Palamenteng go netefatsa kemedi e e anameng.[1]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 Mashamaite, Modiegi (7 November 2024). "From the catwalk to parliament: ex-Miss Botswana Lesego Chombo accepts new president's nomination as MP". Times Live. Retrieved 11 November 2024.
- 1 2 Former Miss Botswana Lesego Chombo sworn in as MP. Daily Jang. 7 November 2024. Retrieved 11 November 2024
- 1 2 3 Okumu, Anne; Khisa, Brian (2025-05-11). "Lesego Chombo: Miss World Africa beauty queen and Botswana's youngest cabinet minister". BBC News. Retrieved 2025-05-11.
- ↑ Chombo, Lesego (2024-02-09). "Lesego CHOMBO - BOTSWANA". Lesego Chombo - Miss World 2023 Botswana. Retrieved 2024-12-11.
- ↑ Chombo, Lesego (2024-02-13). "Miss World Botswana, Lesego Chombo". Lesego Chombo - Miss World 2023 Botswana. Retrieved 2024-12-11.
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Lesego_Chombo#cite_note-6