Lesliana Pereira
Lesliana Massoxi Amaro Gomes Pereira, yo o itsiweng e le Lesliana Pereira, ke modiragatsi wa mo Angola, mofenyi wa kgaisano ya bontle. O ne a tlotlomadiwa e le Mma Angola ka 2007. O ne a ya go emela naga ya gaabo kwa Miss Universe 2008, mme ga a ka a fenya. Ka ngwaga wa 2014, o ne a tshameka mo filiming ya Njinga: Queen of Angola jaaka Queen Njinga Mbandi, karolo e e neng ya mo tlisetsa moputso wa motshameki wa televishine kwa 11th Africa Movie Academy Awards.
2008-2013: Miss Angola
[fetola | Fetola Motswedi]Pereira o ne a tlhomiwa go nna Mohumagadi Angola ka 2007[4] mme a emela morafe wa gagwe mo kgaisanong ya Miss Universe 2008.[ 5] Mmogo le mofenyi wa Miss Universe, Leila Lopes, Periera o ne a botsolotswa mo thulaganyong e e tumileng ya thelebishene ya Sepotokisi ya Programa do Jô.[ 6] O ne a tshameka le Erica Chissapa mo filiming ya ga Xuxa Meneghel, Xuxa in the Mystery of Feiurinha. Kgabagare o ne a bona seabe sa Fadona mo filiming, e e neng ya gololwa ka Ferikgong 2010. Filimi e ne e atlegile mo kgwebong, mme e ne ya rekisiwa go feta Avatar mo bekeng ya yone ya ntlha kwa Angola.[ 7]
2013 - 2015: Njinga: Kgosigadi ya Angola
[fetola | Fetola Motswedi]Seabe sa ga Pereira mo filiming ya hisetori ya 2014, Njinga: Queen of Angola e ne ya dira gore a itsege thata. Filimi e bua ka kgang ya gore Kgosigadi ya Angola e ne ya nna kgatlhanong le beng ba kolone. Filimi eno e ne ya bontshiwa kwa dinageng di le mmalwa go akaretsa le kwa Lontone, kwa UK. Ka nako ya moletlo wa difilimi wa Film Africa, palo ya dithekete tse di neng di kopilwe tsa filimi eo e ne e feta ya ditulo tse di neng di le teng. Batlhophisi ba ne ba tshwanelwa ke go fudugela kwa phaposing e kgolwane gore ba kgone go amogela babogedi ba ba neng ba tlile go lebelela filimi eno. 2] Filimi e ne e sa atlege fela mo kgwebong mme gape e ne ya mo tlisetsa dikgele tse di akaretsang tsa go nna motshameki yo o gaisang wa mosadi mo go 11th Africa Movie Academy Awards. 9][10]
Se se ne sa dira gore a nne le dipuisano tsa maemo a a kwa godimo le lenaneo le le tumileng la thelebišene la kwa Boritane, Arise News le go etelela pele pego ya Revista Africa ya Globo Internacional. Jaaka karolo ya maikarabelo a gagwe a loago, o ne a buelela mo phatlhalatseng gore go nne le kitso le tshireletso kgatlhanong le HIV/AIDS. 11][12] Ka ngwaga wa 2015, Pereira o ne a tshameka karolo mo thelebisheneng ya Brazil ya I Love Paraisópolis. 13]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi][1] « Lesliana Pereira eleita Miss Angola », angonoticias.com, 15.12.2007.
[2] "Lesliana Pereira deslumbra em Londres" [Lesliana Pereira dazzles in London]. angonoticias.com (in Portuguese). 11 December 2014. Retrieved 4 October 2020.
[3] "Lesliana grava novela em Nova Iorque" [Lesliana records soap opera in New York]. Jornal de Angola (in Portuguese). 25 March 2015. Archived from the original on 8 October 2020. Retrieved 4 October 2020.
[4] "Leslina Pereira Wins Miss Angola 2008 Contest". Angola Press News Agency. 15 December 2007.
[5] "Charity gala collects USD 33.500". Angola Press News Agency. 12 December 2008.
[6] "Jô Soares recebe duas misses de Angola em seu programa" [Jô Soares receives two misses from Angola in his program] (in Portuguese). Universo Online. 16 March 2011.
[7] "Lesliana Pereira: The most beautiful Angolan tear". Angola Monitor. 9 February 2015. Archived from the original on 28 May 2016. Retrieved 13 May 2016.
[8] "'Njinga, Queen of Angola': Masterpiece premiering at San Francisco Black Film Festival". San Francisco Bay View. 21 May 2015.
[9] "As férias de Lesliana Pereira" [Lesliana Pereira's vacation]. Jornal de Angola (in Portuguese). 18 January 2016. Archived from the original on 12 July 2018. Retrieved 4 October 2020.
[10] "How Sadiq Daba emerged Africa's Best Actor". Vanguard. 27 September 2015.
[11] "Angola: Miss Angola Advises Soldiers to Adhere to HIV/Aids Testing Centres". AllAfrica. 22 March 2008.
[12] "Lesliana Pereira é uma beldade e excepcionalmente simples. Massoxi, como é carinhosamente tratada familiarmente, frequentou o primeiro e segundo níveis no Colégio Angolano, localizado na Praia Morena" [Lesliana Pereira is a beauty and exceptionally simple. Massoxi, as she is affectionately treated by family, attended the first and second levels at Colégio Angolano, located in Praia Morena]. Jornal de Angolo (in Portuguese). 28 February 2010. Archived from the original on 19 October 2020. Retrieved 4 October 2020.
[13] Azevedo, Philippe (9 February 2015). "Atriz angolana Lesliana Pereira grava participação na novela "I Love Paraisópolis"" [Angolan actress Lesliana Pereira records participation in the soap opera "I Love Paraisópolis"] (in Portuguese). Overtube.