Letamo la Bokaa
Letamo la Bokaa ke letamo le le fa nokeng ya Metsimotlhabe, e leng molatswana wa noka ya Ngotwane, mo Botswana. Le thusa toropo kgolo ya Gaborone ka metsi. E tsamaisiwa ke Koporasi ya Ditirelo tsa Metsi.[1] ebong (Water Utilities).
Popego ya Letamo
[fetola | Fetola Motswedi]Letamo la Bokaa le agilwe ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le ka sekete makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le motso (1990/1991) ka go bula phatlhana ee tsayang metsi mo nokeng ya Metsimotlhabe, e leng molatswana wa noka ya Ngotwane fela kwa borwa jwa motse wa Bokaa.[2] Lefelo la kgobokanyo ya metsi le ka nna disekwerekilometara di le dikete dile tharo, makgolo a matlhano le masome a supa(3 570) (1 380 sq mi). Letamo le ke sebopego sa go tlatsa mpa ya lefatshe le le nang le bogodimo jwa maemo a tlhogo jwa dimitara di le 14 (46 ft). Le butswe ka semmuso ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe, masome a robabongwe le metsi e meraro(1993). Bophara jwa letamo fa le tletse ke disekwerekilometara di le 6.6 (2.5 sq mi).[3] Letamo leo le ka nna dikilometara di le thataro(3.7 mi) ka boleele mme le feta dimitara di le makgolo a matlhano (500 m) (1,600 ft) kwa le phothologileng thata teng.[2]
Phatlalatso ya metsi
[fetola | Fetola Motswedi]Letamo la Bokaa le na le bokgoni jwa dikhubikimitara di le 18 500 000.[4] E ka nna dikilometara di le masome mabedi (dimaele di le 12) go tswa kwa motsemogolong wa Botswana ,Gaborone.[2] Go tloga ka ngwaga wa kete pedi, Iesome le bobedi (2012) letamo le ne le tlamela Gaborone le metse ee mabapi ka metsi a selekanyo sa diperesente dile masome a mabedi le botlhano (25%). Go ne ga nna le komelelo ee kwa godimo thata ka mariga a 2012, mme letamo le ne la omelela la ba la tswalwa ka Lwetse ngwaga one wa 2012.[5]
Phaephe ya North-South Carrier (NSC) e simolotse go dirisiwa ka ngwaga wa kete pedi (2000), e isa metsi kwa Gaborone go tswa kwa bokone mme e ralala letamo la Bokaa. Mofuta wa ntlha wa leano la NSC o ne o dirisa Letamo la Bokaa jaaka letamo, fela go ne ga swetswa gore boemong jwa seo go agiwe letamo le le khurumeditsweng gaufi le Gaborone kwa Mmamashia go fokotsa tatlhegelo ya metsi mo go bakwang ke phefo ee molelo.[6] Metsi a a tswang kwa Letamong la Bokaa jaanong a tsenngwa mo phaepheng ya NSC.[7] Metsi aa phepafadiwa kwa lefelong la phepafatso metsi la Mmamashia, ka tlhamalalo go ya kwa borwa.[8]
Tiriso tsa letamo
[fetola | Fetola Motswedi]Go na le lefelo la itloso boduto la baeng ka mafelobeke mo lotshitshing ka kwa borwa.[2] Letamo le mo kgaolong ya Acacia savanna e e dirisiwang go fudisa leruo le lentsi go akaretsa dinku, dipodi, ditonki le dikgomo. Terata e senyegile ka jalo leruo le gatile ntlha ya metsi go nna seretse se se senang sepe mo mafelong a le mantsi.[2]
Letamo le ke legae la dinonyane tse dintsi tsa metsi, segolobogolo palo e e botlhokwa ya pochard ya borwa.[2] Gape go ile ga lemogiwa dipalo tse dintsi tsa di- grebe tse di nang le ditlhoa tse dikgolo. Ka dinako tse dingwe ke legae la dipalo tse dinnye tsa di-pelican tse di nang le mokwatla o o pinki. Magareng ga ngwaga tsa sekete, makgolo a robabongwe, masome a robabongwe le motso le sekete, makgolo a robabongwe, masome a robabongwe le botlhano (1991 le 1995), palo ya dinonyane tsa metsi e ne ya fitlha kwa setlhoeng sa dinonyane di ka nna dikete tse nne.[2]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Corporate Profile - WUC.
- 1 2 3 4 5 6 7 Bokaa Dam - BirdLife International.
- ↑ Water Utilities Corporation 2010.
- ↑ Central Statistics Office 2009, p. 3.
- ↑ Ngwanaamotho 2012.
- ↑ Bevanger 1994, p. 6.
- ↑ Bevanger 1994, p. 8.
- ↑ Paya, Matsiara, Bettesworth, et al. 2012, p. 3.