Jump to content

Letamo la Bui

Go tswa ko Wikipedia
letamo la Buli

Letamo la Bui ke porojeke ya motlakase wa metsi wa dimekawate di le makgolo a mane (400 (di-hp di le 540 000) kwa Ghana. E agilwe mo nokeng ya Black Volta kwa Bui Gorge, kwa ntlheng e e kwa borwa ya Phaka ya Bosetšhaba ya Bui. Porojekete eno e ne e le tirisanommogo fa gare ga puso ya lefatshe la Ghana le Sino Hydro, e leng kompone ya puso ya China ya go aga. Kago ya letamo leletona e simolotse ka kgwedi ya Sedimonthole ka ngwaga wa dikete tse pedi le borobabongwe (2009). Jenereitara ya lone ya ntlha e ne ya tsenngwa tirisong ka kgwedi ya Motsheganong e thola boraro ka ngwga wa dikete tse pedi le lesome le boraro(2013),[1]mme letamo le ne la tlhongwa ka kgwedi ya Sedimonthole one ngwaga oo.[2]

Bui ke polante ya bobedi e kgolo e e tlhagisang motlakase wa metsi mo nageng morago ga Letamo la Akosombo. Letamo le ne la tlatsa bokana ka 20% ya Bui National Park mme la ama mafelo a bodulo a kubu e ntsho e e sa tlwaelegang mmogo le palo e kgolo ya mefuta ya diphologolo tsa naga. E ne ya tlhoka gore batho ba le sekete ,makgolo a mabedi le lesome le borataro ba fudusiwe, [3]mme ya ama matshelo le matshelo a ba bangwe ba le bantsi.

Letamo la motlakase wa metsi la Bui le ne le akanyeditswe la ntlha ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a mabedi le botlhano (1925) ke moithuta-lefatshe le moithuta-tlholego wa Borithane le Australia Albert Ernest Kitson fa a ne a etetse Bui Gorge. Letamo le ne le ntse le le mo botong ya go thala fa e sale ka dingwaga tsa bo ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a marataro (1960), fa letamo le legolo go gaisa la Ghana, Letamo la Akosombo, le ne le agiwa go ya kwa tlase mo Nokeng ya Volta. Ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a supa le boferabobedi (1978) thulaganyo ya Letamo la Bui e ne ya tsweletswa pele ka tshegetso ya Australia le Banka ya Lefatshe. Le fa go ntse jalo, gontsha puso ga sesole makgetlo a le manè go ne ga emisa dithulaganyo tseno. Ka nako eo Ghana e ne ya simolola go tshwenngwa ke go kgaoganngwa ga maatla, mo go ntseng go tsweletse fa e sa le ka nako eo. Ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le bobedi (1992), porojeke e ne ya tsosolosiwa mme thutopatlisiso ya ntlha ya go bona gore a e ka kgonega e ne ya dirwa ke feme ya Fora ya Coyne et Bellier.[4]

  1. ↑ "President Mahama inaugurates the Bui Hydro electricity project". Modern Ghana. 5 May 2013. Retrieved 4 February 2024
  2. ↑ "Ghana: Bui Dam Comes Alive - Ghana Energy Problems Now Over". All Africa. 20 December 2014. Retrieved 11 December 2014.
  3. ↑ "Background of the Bui Resettlement". Bui Power Authority. 7 May 2011. Archived from the original on 24 July 2011. Retrieved 4 February 2024.
  4. ↑ Oliver Hensengerth:Interaction of Chinese Institutions with Host Governments in Dam Construction:The Bui dam in Ghana Archived October 4, 2011, at the Wayback Machine, German Development Institute, Discussion Paper 3/2011, p. 9-13, retrieved on May 7, 2011 (full version not available on-line)