Jump to content

Letamo la Djibloho

Go tswa ko Wikipedia

Letamo la Djibloho ke letamo le le agilweng mo nokeng ya Wele gaufi le Djibloho kwa Wele-Nzas, kwa Equatorial Guinea. Boikaelelo jo bogolo jwa letamo le ke go tlhagisa motlakase wa metsi mme le tshegetsa seteišene sa motlakase sa 120 megawatts (160,000 hp), se se tlamelang ka motlakase kwa motsemoshate wa Ciudad de la Paz[1]. Go agiwa ga porojeke eno go simolotse ka ngwaga wa dikete tse pedi le borobabobedi mme e ne ya bulwa ka kgwedi ya Phalane,ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bobedi . Ke lefelo le legolo la go fetlha motlakase ka metsi mo nageng eno. Bontsi jwa ditshenyegelo tsa porojeke eno di ne di duelelwa ke puso ya naga e e neng e tlile go nna mong wa lefelo leno mme madi a mangwe a ne a ntshiwa ke puso ya China. Sinohydro e agile letamo le seteišene sa motlakase. [2][3]

  1. ↑ "Mines Minister visits the site of Djibloho". guineaecuatorialpress.com. 16 September 2010. Archived from the original on 2 August 2019.
  2. ↑ "Hydroelectric Power Plants in West Africa". IndustCards. Archived from the original on 19 July 2009. Retrieved 25 March 2014.
  3. ↑ "Equatorial Guinea, Djiploho Hydropower Plant". Sinohydro. Archived from the original on 25 March 2014. Retrieved 25 March 2014.