Jump to content

Letamo la Grand Ethiopian Renaissance

Go tswa ko Wikipedia

Letamo la Grand Ethiopian Renaissance (GERD kgotsa TalHiGe[1]), le pele le neng le itsege ka leina la letamo la Millennium dinako tse dingwe le bidiwa letamo la Hidase ke letamo le le agilweng ka majwe kwa nokeng ya Blue Nile kwa Ethiopia. Letamo le le kwa kgaolong ya Metekel ya Benishangul-Gumuz, gaufi le molelwane wa Sudan.[2][3]

Le agilwe ka dingwaga tsa dikete tse pedi le lesome le bongwe (2011) go tsena ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le botlhano (2025), tirisokgolo ya lone ke go fetlha motlakase go thusa ka tlhaelo ya motlakase ya kwa Ethiopia le go rekisetsa mafatshe a a mabapi motlakase. Ka seelo sa 5.15 gigawatts, letamo le ke lone pitsa ya motlakase e tona go di feta tsotlhe mo Aforika[4], e le la masome mabedi ka botona mo lefatsheng ka bophara.

Legato la ntlha la go tlatsa letangwana le simolotse ka kgwedi ya Phukwi ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi (2020), ka kgwedi ya Phatwe,ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi ( 2020) metsi a ne a oketsega go nna selekanyo sa dimithara di le makgolo a matlhano, le masome a mane (dimithara di le masome mane go feta bo kwa tlase jwa letamo, le le leng dimithara di le makgolo a matlhano go feta seelo sa lewatle). Legato la bobedi la go tlatsa le feditswe ka kgwedi ya Phukwi a le lesome le borobabongwe ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bongwe (2021), metsi a tlhaatlogetse kwa dimithareng di le makgolo a matlhano, masome a supa le botlhano. Legato laboraro le feditswe ka kgwedi ya Phatwe a le lesome lebobedi ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bobedi (2022) mo seelong sa dimithara di le makgolo a marataro. Legato la bone le feditswe ka kgwedi ya Lwetse a le lesome ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le boraro (2023) ka seelo sa dimithara di le makgolo a marataro masome a mabedi le botlhano. Legato la botlhano ebile e le lone la bofelo le feditswe ka kgwedi ya Phalane ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone (2024), ka seelo sa bofelo sa dimithara di le makgolo a marataro le masome a mane. Pitsa e, e tlhomilwe semmuso ka kgwedi ya Lwetse a robabongwe ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le botlhano ( 2025).

Ka kgwedi ya Tlhakole a le masome mabedi ngwaga wa dikete tse pedi le le masome a mabedi le bobedi (2022), letamo le ne la ntsha motlakase wa di megawattsa di le makgolo a mararo, masome a supa le botlhano e le lantlha. Lefetlha motlakase la bobedi la di megawatts di le makgolo a mararo, masome a supa le botlhano le butswe semmuso ka kgwedi ya Phatwe ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bobedi ( 2022). Metshine ya boraro le bone ya dimegawatts di le makgolo mane di tlhomilwe semmuso ka kgwedi ya Phatwe ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone (2024). Go bulwa ga letamo ga semmuso e ne e le ka kgwedi ya Lwetse a robabongwe ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le botlhano( 2025).

Tse di diragetseng pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Leina le noka ya Blue Nile e le tsayang mo Ethiopia ("Abay") le tswa mo lefokong la Geéz le le rayang bogolo go supa gore ke noka ya dinoka. Lefoko Abay le santse le leteng mo dipuong tsa Ethiopia tse ditona go supa sepe kgotsa ope o o supiwang a le kwa godimo.

Lefelo le le tlhopetsweng letamo la Grand Ethiopian Renaissance le tlhophilwe ke Unted States Bureau of Reclamation ka nako ya tshekatsheko ya Blue Nile, e e dirilweng ka dingwaga tsa 1956 le 1964 ka nako ya bogosi jwa ga Haile Selassie. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya thankgolo ya ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a supa le bone ( 1974), tlhaselo ya Ethiopia ya lefatshe la Somalia ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a supa le bosupa( 1977) go tsena ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a supa le borobabobedi (1978), le ntwa ya selegae ya Ethiopia ya dingwaga tse di lesome le botlhano, porojeke e ne ya seka ya tswelela go fitlhelela ka dingwaga tsa tse dikete tse pedi ( 2000). puso ya Ethiopia e ne ya tlhatlhoba lefelo ka Phalane 2009 le kgwedi ya Phatwe, ngwaga wa dikete tse pedi le lesome (2010). Ka kgwedi ya Ngwanatsele ngwaga wa dikete tse le lesome (2010), go ne ga isiwa moalo wa letamo.

Ka kgwedi ya Mopitlo a le masome mararo le motso ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bongwe (2011), letsatsi morago ga porojeke e sena go bolelwa phatlalatsa, konteraka ya dibilone di le nne le borobabobedi e ne ya neelwa kompone ya Italy ya Salini Impregilo go sena ba ba phadisanelang konteraka e, moalo wa ntlha wa matlapa o ne wa alwa ka kgwedi ya Moranang a le malatsi a mabedi ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bongwe (2011) ke Tautona Meles Zenawi. Motshine o o thubang majwe o ne wa agiwa, ga mmogo le sefofane se sepotlana go fefosa motsamao. Tsholofelo e ne e le gore difetlha motlakase tsa ntlha tse pedi di tlaa bereka morago ga dikgwedi di le masome mane le bone tsa kago, kgotsa ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le botlhano (2015) o simologa.

Lefatshe la Egepeto, le le dikhilomithara di le dikete pedi le makgolo a matlhano kwa tlase ga lefelo leo, le kgatlhanong le letamo le, ka le dumela le tlaa fokotsa seelo sa metsi a Nile a a dirisiwang ke lefatshe la Egepeto. Zenawi o ne a bolela, a ikaegile ka patlisiso e e sa fiwang leina, gore letamo ga le kake la fokotsa metsi a a yang kwa tlase, mme le tlaa laola metsi a a dirisediwang go nosetsa. Ka kgwedi ya Motsheganong ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le motso (2011), go ne ga itsisiwe fa lefatshe la Ethiopia le tlaa tlhakanela moalo wa letamo le la Egepeto gore ditlamorago di sekasekiwe.

Letamo le pele le ne le bidiwa Project X. Morago ga konteraka ya lone e sena go itsisiwe, le ne la bidiwa letamo la Millenium. Ka Moranang a le lesome le botlhano ngwaga wa 2011, khansele ya matona e ne ya le fetola leina go nna letamo la Grand Ethiopian Renaissance. Lefatshe la Ethiopia le na le kgonagalo ya motlakase wa metsi wa 45 GW. Letamo le, le duelelwa ke puso le madi a a abilweng ke makgotla a aikemetseng. Go ne go solofetswe gore le tlaa fela ka kgwedi ya Phukwi ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bosupa (2017).

Ditlamorago tse di ka diragalang ke tsone motswedi wa dikgogakgogano tsa mafatshe a a mo kgaolong. Lefatshe la Egepeto le ikaegile ka noka ya Nile go bona 90% wa metsi a lone. Puso ya Egepeto e ne ya gwetlha gore lefatshe la Ethiopia le emise kago mo letamong e le maemo a a tlhokegang pele ga gpo buisanwa le ne gape la kopa kemo nokeng ya mafatshe a mangwe aa mo kgaolong, baeteledipele bangwe ba sepolotiki ba tlhatlhantse ka ditsela tsa go kganela porojeke e. Lefatshe la Egepeto le ne la tswa ka leano la nyatsa kemo nokeng ya letamo mo kgaolong ga mmogo le lefatshe la China, Italy le mafatshe a mangwe a a emeng porojeke e nokeng. Le fa go ntse jalo, dipuso tsa mafatshe a mangwe kwa lenaneeng la kgampu la Nile di ne tsa supa kemo nokeng ya letamo le. Maatshe a, a akaretsa la Sudan, le e leng lone fela le lengwe le le kwa tlase ga Blue Nile, le ntswa maemo a Sudan ka letamo le a ne a farologana ka nako. Ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bone ( 2014), lefatshe la Sudan le ne la supa la Egepeto ka monwana go bo le tlhotlheletsa seemo.

Lefatshe la Ethiopia le ganetsa gore letamo le tlaa nna le ditlamorago tse di sa siamang mo go eleleng ga metsi kwa tlase, le bolela fa letamo le tlaa oketsa go elela ga metsi go ya Egepeto ka go fokotsa go tsewa ke phefo le letsatsi mo lekadibeng la Nasser. Lefatshe la Ethiopia la re la Egepepeto le nna dingalo fela; ka kgwedi ya Phalane ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabongwe (2019), lefatshe la Egepeto le ne la re dipuisano le mafatshe a Sudan le Ethiopia ka kago ya letamo la dibilone di le nne la motlakase wa metsi le Ethiopia e le agang mo nokeng ya Nile di eme go sena tharabololo. Go simolola ka kgwedi ya Ngwanatsele,ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabongwe (2019), mokwaledi mogolo wa tsa madi wa U.S Steven T. Mnuchin o simolotse go dra dipuisano le mafatshe ka boraro.

Ditshenyegelo le dituelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Letamo la Grand Ethiopian Renaissance (GERD) go akanyeditswe fa le tlaa lopa madi a di dolara a ka nna dibilone di le tlhano, a lekana le 7% wa dipoelo tsa 2016 tsa lefatshe la Ethiopia. Tlhaelo ya madi a a emang nokeng diporojeke mo nokeng ya Blue Nile go tswa kwa mafatsheng kgotla makgotla a mafatshefatshe go supilwe fa e le letsholo la Egepeto go laola go neelana metsi a Nile. Lefatshe la ethiopia le ne la patelesega go ntsha madi a GERD ka go kopa madi kwa makgotleng a a farologaneng ka go rekisa dikamano le go gwetlha babereki go ntsha bontlha bongwe jwa dituelo tsa bone. Madi a a ntshiwang a ntshediwa mo maranyaneng a semmuso a a tlhomamisitsweng ke ofisi ya ga tonakgolo wa Ethiopia.

Bilone e le nngwe ya madi otlhe ya metshine le didirisiwa tsa motlakase a ntshitswe ke Exim Bank of China.

Leano la kago

[fetola | Fetola Motswedi]

Leano la kago le fetogile gantsi ka dingwaga tsa dikete tse pedi le lesome le bongwe (2011) go tsena ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabaongwe (2019). Se se ne sa ama dielo tsa motlakase le go baya.

Pele, ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bongwe (2011), motshine wa motlakase wa metsi o ne o tshwanetse go amogela difetlha motlakase di le lesome le botlhano, nngwe le nngwe ya tsone e fetlha motlakase wa di megawattsa di le makgolo a mararo le masome a matlhano, se se dira gore seelo sotlhe e nne dikete di le tlhano, makgolo mabedi, le masome a matlhano, ka tsholofelo ya motlakase wa di Gigawatts di le dikete di le lesome le botlhano, lekgolo, le masome mabedi le borobabbobedi ka ngwaga. Seelo sa motlakase o o tla a fetlhiwang se ne sa okediwa morago go nna dikete di le thataro ka metshine e le lesome le borataro, mongwe le mongwe o fetlha di megawatts di le dikete di le lesome le borataro, lekgolo, masome a matlhano le boraro. Motlakase o o tla a ntshiwang go ne go solofelwa fa e tlaa nna di Gigawatts di le lesome le borataro, lekgolo le masome a matlhano le boraro ka ngwaga. Seo se ne sa fitlhelelwa ka go oketsa metshine e le lesome le bone ya e le lesome leborataro go stwa kwa di megawatts di le makgolo a mararo, masoe a supa le botlhano go nna di le makgolo a mane go sa fetolwe seelo. Go ya ka tona wa Ethiopia ka kgwedi ya Phalane a le lesome le bosupa ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabongwe (2019), seelo sa go fetlha motlakase sa GERD gompieno ke dikete di le tlhano, lekgolo le masome a matlhano, ka metshine e le lesome le boraro e le kwelo tlase go tswa mo go e le lesome le borataro.

Ga se dipalo tsa motlakase fela tse di fetogileng mo nakong, dipalo tsa go baya le tsone di fetogile. Ka ngwaga wa 2011, letamo le ne le tshwanetse go nna boleele jwa dimithara di le lekgolo masome mane le botlhano ka seelo sa di mithara di le didkadike di le lesome le motso. Letangwana le ne le tshwanetse go nna le seelo sa dikhilomithara di le masome a marataro leborataro le bophara jwa dikhilomithara di le sekete, makgolo a marataro le masome a robabobedi fa le tletse. Letangwana le le bapileng le letamo le legolo le ne le tshwanetse go nna boleele jwa dimkithara di le masome mane lebotlhano ka dimithara go ya kwa godimo, boleele jwa dimithara di le dikete nne le makgolo a robabobedi le seelo sa dimithara di le didikadike di le lesome le botlhano.

Ka ngwaga wa ngwaga wa a 2013, lekgotla la baitseanape ba ba ikemetseng (IPoE) le ne la tlhatlhoba letamo le dipalo tsa lone tsa setegeniki. Ka nako eo, dipalo tsa letangwana di ne di fetogile. Dipalo tsa letangwana fa le tletse di ne tsa ya kwa dikhilomithareng di le sekete, makgolo a robabobedi masome a supa le bone, e le koketsego ya dikhilomithara di le lekgolo, masome a robabongwe le bone. Seelo sa go baya metsi fa le tletse se oketsegilego nna dikhilomithara di le masome a supa le bone, e le koketsego ya dikhilomithara di supa. Dipalo tse ga di a fetoga morago ga 2013. Seelo sa go baya metsi sa dikhilomithara di le masome a supa le bone se emetse dikhilomithara di le masome a robabobedi le bone tsa metsi otlhe a ngwaga a Nile.

Morago ga dikgakololo tsa IPoE, ka ngwaga wa 2013, dipalo tsa letamo di ne tsa fetoga go mekamekana le go elela mo go ntsi ga metsi fa go ka nna merwalela e e feteletseng: bo kwa godimo jwa letamo legolo ke dimithara di le lekgolo, masome a matlhano le botlhano, koketsego ya dimithara di lelesome, ka boleele jwa dimithara di le sekete, makgolo a supa le masome a robabobedi. Dipalo tsa go ntsha metsi ga di a fetoga, ke molomo wa letamo legolo fela o o isitsweng kwa godimo. Letangwana la majwe le ne la isiwa kwa godimo go nna dimithara di le masome a matlhano, koketsego ya dimithara di le tlhano, ka boleele jwa dikete di le tlhano le makgolo a mabedi, koketsego ya dimithara di le masome a mane. Seelo sa letangwana se oketsegile ka dimithara di le didikadidike di le lesome le borataro, koketsego ya mmithara o le mongwe le botlhano.

Matamo a mabedi

[fetola | Fetola Motswedi]

Bo kwa tlase jwa letamo kgolo bo dimithara di le makgolo a matlhano kwa godimo ga seelo sa lewatle, go tsamaelana le seelo sa moalo wa noka ya Blue Nile. Fa o bala go tswa kwa tlase, letamo legolo le boleele jwa lekgolo le masome a mane le botlhano go ya kwa godimo, dimithara di le sekete, makgolo a supa le masome a robabobedi, le agilwe ka lokgarapana lo lontsho. Molomo wa letamo o dimithara di le makgolo a marataro, masome a matlhano le botlhano kwa godimo ga seelo sa lewatle.

  1. "Hidha Haaromsaa Guddicha Itoophiyaa 'Adwaa Lammaffaa' lammiilee Itoophiyaa tokkoomse". BBC News Afaan Oromoo (in Oromo). Retrieved 15 June 2026
  2. "Ethiopia's biggest dam to help neighbours solve power problem". News One. 17 April 2011. Retrieved 15 June 2026
  3. Roussi, Antoaneta (10 October 2019). "Nations Clash over Giant Nile Dam". Nature. 574 (7777): 159–60. doi:10.1038/d41586-019-02987-6. PMID 31595068. S2CID 203929162.
  4. "The bitter dispute over Africa's largest dam". The Economist.