Jump to content

Letamo la Mazowe

Go tswa ko Wikipedia

Letamo la Mazowe (kgotsa Letamo la Mazoe) ke letamo le le mo nokeng ya Mazowe kwa Zimbabwe, mo Iron Mask Hills dikilometara di ka nna masome a mararo le botlhano (35 (22 mi) bokone jwa Harare. E agilwe ka ngwaga wa sekete , makgolo a robabongwe le masome a mabedi (1920), e ne e agetswe go nosetsa masimo a Mazoe. [1]Letamo leno gape e ne e le legae la Hunyani Rowing Club mme pele e ne e le lefelo le go neng go tshamekela mo go lone setlhopha sa St. Georges, Prince Edward, Arundel le ditlhopha tse dingwe tsa go kgweetsa ka mekoro. Ke yone fela letamo le legolo mo nokeng ya Mazowe. [2]

Letamo la konkoreite le ne la agiwa ke rakonteraka wa selegae wa kwa Boritane Pauling & Co. mme la tlhatlosiwa ka dimetara di le tharo ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le bongwe (1961) ka go epa mo lefikeng la motheo le go tsenya dithene tse di gateletsweng mo konkoreiting. E bogodimo jwa dimetara di le masome a mararo le bosupa le boleele jwa dimetara di le lekgolo le masome a marataro le boraro , e na le ditsela tsa go tshologa metsi mo matlhakoreng oomabedi. [1]E kgona go tshola 35 million cubic metres ya metsi mme e na le bogolo jwa makgolo a mane le masome a mane le botlhano (445 hectares) fa e tletse. Leuba le le tsereng lobaka lo loleele mo masomeng a mabedi a ntlha a dingwaga a lekgolo la bo masome a mabedi le bongwe la dingwaga le dirile gore letamo leno le se ka la tlhola le nna le metsi, mme seno se ile sa senya thata temothuo ya mo lefelong leo. E ne e batlile e oma ka nako ya komelelo ya ko ngwageng wa sekete, le makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le bone go ya ko ngwageng wa sekete , makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le bone (1984-85) le gape ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le borataro (1996), mme le morago ga komelelo ya bosheng jaana letamo le ne la sala le se na sepe.[3][4]

  1. 1 2 Encyclopedia Zimbabwe (2nd ed.). Worcester: Arlington Business Corporation. 1989. ISBN 0-9514505-0-6.
  2. ↑ Matiza, T.; Crafter, S. A. (1994). Wetlands Ecology and Priorities for Conservation in Zimbabwe: Proceedings of a Seminar on Wetlands Ecology and Priorities for Conservation in Zimbabwe, Harare Kentucky Airport Hotel, 13-15 January, 1992. IUCN. p. 69. ISBN 978-2-8317-0202-5.
  3. ↑ "Mazowe Dam Almost Dry". The Herald. allafrica.com. 18 November 2004. Retrieved 29 March 2011
  4. ↑ Downing, Thomas E. (2013). Climate Change and World Food Security. Springer Science & Business Media. p. 476. ISBN 978-3-642-61086-8.