Jump to content

Letamo la vanderkloof

Go tswa ko Wikipedia

Letamo la Vanderkloof (le pele le neng le bidiwa letamo la P.K Le Roux) le dikhilomithara di le lekgolo le masome a mararo kwa tlase ga letamo la Gariep le tshelwa ke noka ya Orange, noka e tona thata kwa Aforika Borwa.[1] Letamo la Vanderkloof ke letamo la bobedi ka botona kwa Aforika Borwa (ka selekanyo sa metsi), le na le lebotana le letona thata mo lefatsheng leo le le dimithara di le lekgolo le borobabobedi. letamo le le butswe semmuso ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a supa le bosupa (1977); le tshwara metsi a selekanyo sa di mithara di le sedikadike, dikete di le lekgolo, masome a robabobedi le bosupa le bophara jwa 133.43 kilomiters fa le tletse. Dinoka tse dingwe tse di tshelang mo letamong le di akaretsa noka ya Berg, melatswana e mebedi e e senang maina go tswa kwa Reebokrand le noka ya Knapsak, Paaiskloofspruit, noka ya Seekoei, Kattegatspruit le noka ya Hondeblaf go dikologa.

Toropo ya Vanderkloof e tlhamilwe mo lotshitshing lo lo mo molemeng wa letamo, tsela ya go tsena mo toropong e tswa kwa lebotaneng la letamo, go na le matlo a boitapoloso le a go itlosa bodutu jaaka Rolftontein Nature Reserve.

Ditshwantsho

[fetola | Fetola Motswedi]
Moja wa letamo
  1. Van Aarde, Andries, ed. (2018). South Africa’s water governance hydraulic mission (1912–2008) in a WEF-Nexus context. AOSIS (Pty) Ltd. pp. 198–200 – via Internet Archive.