Jump to content

Letlole la dituelo tsa bokgoba la lefatshe lotlhe

Go tswa ko Wikipedia

Letlole la dituelo tsa bokgoba la lefatshe lotlhe ke letlole le le tlhamilweng ke lekgotla la African Union le lekgotla la Caricom le maikaelelo a lone e leng go batla dituelo tsa bokgoba mo mafatsheng a a neng a eteletse pele dikolone a kwa Europe. Le butswe ka ngwaga wa 2023.

Letlole le le simolotswe ke lekgotla la African Union le lekgotla la Caricom kwa bokopanong jwa dituelo kwa Accra, jwa malatsi a le mane ka kgwedi ya Ngwanatsele ngwaga wa 2023.[1][2] Le batla dituelo tsa bokgoba mo mafatsheng a pele a kwa Europe a a neng a eteletse pele mafatshe a Aforika le a Caribbean.[2] Ga go ise go itsesiwe gore le ya go bereka ka tsela e e ntseng jang.[1] Letlole le le tla bo le le mo Aforika.[2]

Mokwalo wa ntlha wa molao o o solofetsweng wa kwa Accra o supile fa lekgotla la African Union le tla ikgolaganya le la United Nations go tlhotlhomisa gore a ditiro tsa bokgoba kgatlhanong le batho ba Aforika di ne di le kkgatlhanong le ditshwanelo tsa setho ka nako eo, le gore a go tlaa sekiwa.[2] Tautona wa lefatshe la Ghana, Nana Akufo-Addo o ne a bua kwa bokopanong are "nako yotlhe ya bokgoba e ne eraya gore tswelelopele ya rona, mo go tsa itsholelo, ngwao le tlhaloganyo, e ne e eme. Go na le mainane a dipolelo tsa malwapa a a neng a kgaogantswe, ga o kake wa baya tlhwatlhwa mo ditlamoragong tsa masetlapelo a, mme di tshwanetswe go lemogiwa. Akufo-Addo o ne a re Aforika otlhe e tshwanelwa ke go kopiwa maitshwarelo semmuso ke mafatshe a kwa Europe a a neng a na le seabe mo kgwebong ya makgoba, le gore ga go na madi ape a a ka baakanyang tshenyo e e bakilweng ke go gweba ka makgoba go kgabaganya lewatle la Atlantic le maduo a gone. Mme ke kgang e lefatshe le tshwanetseng go bisana ka yone, e seng go e itlhokomolosa. Mokwaledimogolo wa Caricom carla, Barnett o ne a bua kwa bokopanong are "re mo nakong e e maleba ya letsholo la mafatshe la tshiamiso", le gore go botlhokwa go bua ka lentswe le le lengwe go ema nokeng go batla tshiamiso.[2]

Baemedi go tswa kwa African Union ba ne ba simolola dipuisano tsa gore ba ka bereka jang le mafatshe a Caribbean kwa The Bahamas ka Phukwi ngwaga wa 2023.[2]

Morirelapuso wa kwa ofising ya lefatashe la Britain la ofisi ya mafatshe a sele o ne a tsenelela bokopano jo e le bontlha jwa puisano tsa mafatshe. Puso ya Britain e tidile kgonagalo ya dituelo.

Go tsiboga

[fetola | Fetola Motswedi]

Moemedi wa lefatshe la Barbados kwa Caricom david Comissiong are batho ba tshwanetse go rotloediwa ke tiro e e setseng e dirilwe go tlhama letsholo la dituelo tsa mafatshefatshe.[2]

Mopalamente wa kwa Britain Bell Ribeiro-Addy o ne a tsenelea bokopano are go kopana ga African Union le Caricom go supa fa ba rometse molaetsa o o phepa wa gore se ke selo se se ka itlhokomolosiweng.[2]

Ditshedimosetso tse dingwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. 1 2 Kokutse, Francis (16 November 2023). "A Ghana reparations summit agrees on a global fund to compensate Africans for the slave trade". ABC News.
  2. 1 2 3 4 5 6 7 8 Gentleman, Amelia (17 November 2023). "African and Caribbean nations agree move to seek reparations for slavery". The Guardian.