Letsatsi

Letsatsi (letshwao:
) la ntlha la ngwana ke di 1 ferikgong gole gantsi le ketekiwa jaaka ngwaga o mosha , ke letsatsi le le rotoetsang batho go ipakanyetsa ona ngwaga o.E bile batho ba dumela gore diphetogo di tlile go nna teng ka motho mongwe le mongwe a nnale maikaelo. Mo nageng ya Aforika borwa le itsege jaaka letsatsi la boikhutso la semmuso. Dinonyane tsona di letsa molodi go bontsha bothaga le boitumelo jwa tsona .Ditlhare dia mela malomo le ona a nna mantle le diphologolo di atologa botshelo bo nna bonolo. letlha leo le tlhagisiwa jaaka letlha la boitumelo le go leba bokamoso, Gotswa kwa ga lowe lwetse e itsege jaaka kgwedi ya ntlha ya ngwaga mme ka jalo go nnile ga nna le diphetogo goya ka batho ba nako eo. Batho ba maloba le ba gompieno ka letsatsi la ntlha la ngwaga ba apara diaparo tse dintshwa go bontsha moano wa phetogo ya botshelo jo boswa. yo o ipolelang o abe a ipolella go tlisa lebatho le kagiso mo botshelong jwa gagwe goya ka ditiro tsa gagwe. [1]
Motho yo o senang tiro morago ga letsatsi leo o ya go batla tiro ka a nale tsholofelo yago ngwaga mongwe le mongwe o nale diphetogo tsa one , baithuti bone ba ithumela fa dikolo di tile buwa ka ba falotse mophato o o fitileng. Mo peresidente wa naga ya Aforika borwa o nea baagi ba naga ka tsamaiso ya ngwaga o mabapi le ka tsa di tshelete le ditiro.Difeme le tsona di tlhoka badiri ka ntlha ya gore badiri ba pele ba setse ba le mo dingwageng tsago ikhutsa. batho bangwe bona ba iteboga ka go reka dikoloi , dintlo kgotsa yona naga. Ditiro dinngwe le dingwe tse di neng di dirwa mo malobeng le gompieno di santse di dirwa ka ntlha ga gore fa olatllha setso o abe o itatlha. [2]Bill petro history of the new year's day
Letsatsi la ntlha la ngwaga ke tshupetso ya gore sengwe le sengwe se motho a dumelang mo go sona se kgona go direga ka ona mokgwa oo. Dipula le tsona dia re nela ke gore botshelo bo nna bonolo ka nako eo melapo le dinoka di a thala lefatshe le nna ka boitumelo ka nako eo ele selemo setlha se batho batho bontsi ba se ratang mme gonne go nale batho ba ba sa rateng selelo ka itumela setlha se sengwe jaaka mariga.letsatsi la ntlha la ngwaga ke boipelo jwa batho le ditshidi tse dingwe. Ditumelo le ditsholofelo tse bontse bo nna le tsona ka letsatsi la ntlha ngwaga ke go bontsha gore boitshoko bo tlisa katlego le go bontsha gore matsatsi ga atle ka go tshwana. EBSCOhost new year's ( 2026)