Letsatsi la Babereki (Botswana)
Letsatsi la Babereki kgotsa Letsatsi la Badiri) ke letsatsi la boikhutso la semmuso mo mafatsheng a mantsi. Mo mafatsheng a mantsi Letsatsi la Badiri le tshwana le Letsatsi la babereki la Boditšhabatšhaba, le le tlang ka kgwedi ya Motsheganong e tlhola gangwe. E ne e tlhophilwe kwa tshimologong go keteka mogwanto wa kakaretso ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabobedi le masome a robabobedi le borataro o o neng wa felela ka kgang ya Haymarket.[1] Kwa United States le Canada, ke letsatsi la boikhutso la setšhaba ka Mosupologo wa ntlha ka kgwedi ya Lwetse.
Letsatsi la Badiri ke letsatsi la boikhutso la setšhaba/la semolao. Ke letsatsi la ngwaga le ngwaga la go keteka mokgatlho wa badiri le go keteka diphitlhelelo. E simologile mo mokgatlhong wa babereki, segolobogolo mo mokgatlhong wa go bereka diura di le robedi ka letsatsi, o o neng o buelela diura di le robedi tsa tiro, diura di le robedi tsa boitapoloso le diura di le robedi tsa go ikhutsa.
Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Babereki
[fetola | Fetola Motswedi]Setlhogo sa konokono: Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Babereki
Mo mafatsheng a le mantsi, "Letsatsi la Babereki" le tshwana le, kgotsa le amana le, Letsatsi la Badiri la Boditšhabatšhaba, le le tlang ka kgwedi ya Motsheganong e tlola gangwe. Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Badiri le gopotsa tiragalo ya Haymarket ya ngwaga wa sekete,makgolo a robabobedi le masome a robabobedi le borataro kwa Chicago, fa go ne go na le seteraeke sa kakaretso sa go dira diura di le robedi ka letsatsi.[1]
Mafatshe a mangwe a na le letsatsi la boikhutso ka letlha leno kgotsa mo e ka nnang ka lone, mme ga se letsatsi la go keteka Letsatsi la Badiri. Ba bangwe ba keteka Letsatsi la Badiri ka Mosupologo wa ntlha morago ga Motsheganong a tlhola gangwe.
Malatsi a mangwe
[fetola | Fetola Motswedi]Australia
[fetola | Fetola Motswedi]
Letsatsi la Badiri ke letsatsi la boikhutso la setšhaba kwa Australia ka matlha a a farologaneng go ya ka diporofense le dikgaolo. Kwa mafatsheng mangwe letsatsi leno le gopotsa mogwanto wa Letsatsi la Diura di le Robabobedi (bona fa tlase). Ke Mantaga wa ntlha wa kgwedi ya Phalane kwa Australian Capital Territory, New South Wales le Australia Borwa. Kwa Victoria le Tasmania, ke Mosupologo wa bobedi ka kgwedi ya Mopitlwe (le fa e le gore e bidiwa Letsatsi la Diura di le Robabedi).[2] [3]Kwa Australia Bophirima, Letsatsi la Babereki ke Mosupologo wa ntlha wa kgwedi ya Mopitlwe. [4] Kwa Queensland le Northern Territory, Letsatsi la Babereki le ketekwa ka Mosupologo wa ntlha wa kgwedi ya Motsheganong (le fa e le gore la bofelo le bidiwa Letsatsi la Motsheganong).[5] Ke ka Mosupologo wa bonè wa kgwedi ya Mopitlwe mo kgaolong ya Christmas Island.
Victoria
[fetola | Fetola Motswedi]Motsamao wa ntlha wa go dira diura di le robabedi ka letsatsi o ne wa tshwarwa kwa Melbourne ka kgwedi ya Moranang e le masome a mabedi le bongwe,ngwaga wa sekete,makgolo a robabobedi le masome a matlhano le borataro.[6] Ka letsatsi leno, batho ba ba thulang mantswe le ba ba berekang mo mafelong a go agiwang mo go one go dikologa Melbourne ba ne ba emisa tiro mme ba gwanta go tswa kwa sekolong se segowalne ya Melbourne go ya kwa Ntlong ya Palamente go fitlhelela letsatsi la diura tse robedi. Kgaratlho ya bone ya go dira ka tlhamalalo e ne e atlegile, mme ba lemogwa jaaka bangwe ba badiri ba ntlha ba ba rulagantsweng mo lefatsheng go fitlhelela letsatsi la diura di robabobedi, ntle le go latlhegelwa ke tuelo. [7]
Queensland
[fetola | Fetola Motswedi]Letsatsi la Badiri le ne la ketekwa la ntlha jaaka letsatsi la boikhutso la setšhaba kwa Queensland ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabobedi le masome a marataro le botlhano jaaka Letsatsi la go Keteka Diura di Robabobedi. E ne ya tshwarwa ka kgwedi ya Mopitlo e rogwa (Letsatsi la ga St. David) mme e ne e keteka go fenya ga badiri ba kwa Brisbane ka go dira diura di le robedi ka letsatsi ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabobedi le masome a matlhano le borobabobedi. Letsatsi leno le ne la fudusediwa kwa go May Day mo e ka nnang ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabobedi le masome a robabongwe le borataro, go bontsha kutlwano le go tlhaselwa ga badiri ba United States mo parading ya ntlha ya May Day mo kgannyeng ya Haymarket. Ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le bongwe , letsatsi la boikhutso le ne la fudusetswa kwa go Mantaga wa ntlha wa Motsheganong, go netefatsa gore go nna le mafelo a beke a maleele. [8]
Bangladesh
[fetola | Fetola Motswedi]Mokgatlho wa Bangladesh Garment Sramik Sanghati, o o direlang boiketlo jwa badiri ba diaparo, o kopile gore ka dkgwedi ya Moranang e le masome a mabedi le bone e nne Letsatsi la Pabalesego ya Babereki kwa Bangladesh, go gopola batswasetlhabelo ba go gosomana ga Rana Plaza ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le boraro . [9][10]Le fa go ntse jalo, Bangladesh e keteka Letsatsi la Motsheganong ka kgwedi ya Motsheganong e tlhola gangwe.
Ditlhaketlhake tsa Bahamas
[fetola | Fetola Motswedi]Letsatsi la Badiri ke letsatsi la boikhutso la bosetšhaba kwa Bahamas, le le ketekiwang ka Labotlhano wa ntlha ka kgwedi ya Seetebosigo gore badiri ba nne le mafelo a beke a maleele. [11] Letsatsi la setso la Letsatsi la Badiri kwa Bahamas, le fa go ntse jalo, ke kgwedi ya Seetebosigo e le tlhola ga supa, go gopola seteraeke se se botlhokwa sa badiri se se simolotseng ka letsatsi leo ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a mane le bobedi . Letsatsi la Babereki le diretswe go tlotla le go keteka badiri le botlhokwa jwa dikabelo tsa bone mo setšhabeng le mo setšhabeng. Kwa motsemogolong wa Nassau, diketekete tsa batho di tla go bona mokoloko o o tsamayang mo mebileng, o o simololang mo mosong. Ditlhopha tsa mmino tse di apereng paka e e mebalabala, baopedi ba setso ba Junkanoo ba Aforika, le maloko a makgotla a badiri a a farologaneng le makoko a sepolotiki tsotlhe ke karolo ya mokoloko, o o felelang kwa Southern Recreation Grounds, kwa badiredi ba puso ba neelang dipuo ka nako eo. [12]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 Rothman, Lily (1 May 2017). "The Bloody Story of How May Day Became a Holiday for Workers". Time. Retrieved 2 April 2025.
- ↑ "Public Holidays Act 1993" (PDF). vic.gov.au. Archived (PDF) from the original on 19 September 2021. Retrieved 8 October 2024.
- ↑ Tasmanian Legislation Online: Statutory Holidays Act 2000". tas.gov.au. Archived from the original on 3 October 2024. Retrieved 8 October 2024.
- ↑ "Public and Bank Holidays Act 1972" (PDF). wa.gov.au. Archived (PDF) from the original on 17 June 2024. Retrieved 8 October 2024.
- ↑ "Australian Government: National Public Holidays". australia.gov.au. Archived from the original on 14 April 2020. Retrieved 7 March 2016.
- ↑ "Australian Public Holidays: Labour Day". alldownunder.com. 1998. Archived from the original on 19 June 2015. Retrieved 7 March 2016.
- ↑ Lewis, Wendy; Balderstone, Simon; Bowman, John (2006). Events that Shaped Australia. New Holland Publishers. p. 57. ISBN 978-1-74110-492-9. Retrieved 7 March 2016.
- ↑ Radical Brisbane (2004), ISBN 0958079455, pp 231–4.
- ↑ "Thousands mourn collapse victims of Rana Plaza garment factory one year on". Deutsche Welle. 24 April 2014. Archived from the original on 20 July 2014. Retrieved 20 July 2014.
- ↑ "Bangladesh Official Public Holidays". Official Public Holidays. Archived from the original on 30 March 2014. Retrieved 27 December 2015.
- ↑ "Holidays in The Bahamas in 2015". timeanddate.com. Archived from the original on 21 January 2016. Retrieved 27 December 2015.
- ↑ Brown, Oswald (2 June 2023). "History of Randol Fawkes Labour Day". Bahamas Chronicle. Retrieved 18 January 2025.