Letsatsi la Boipuso jwa Botswana
Letsatsi la Boipuso jwa lefatshe la Botswana, ke letsatsi la boikhutso le le ipelelwang mo Botswana ka Lwetse a le malatsi a a masome mararo ngwaga le ngwaga. Letsatsi le le ipelela kgololesego ya Botswana go tswa mo United Kingdom ka Lwetse a le masome mararo ngwaga wa 1966.[1]
Letsatsi la boipuso gantsi le amanngwa le dipontsho tsa melelo e e tlolang ditlhase, megwanto, ditshupo, meletlo, le go kopana le ba lolwapa, le mafoko a sepolotiki, fa godimo ga ditiragalo tsa setšhaba le tsa sepolotiki go ipelelwa ditso, puso le ngwao ya Botswana. Letsatsi la boipuso ke letsatsi la Botswana.[2]
Tse di diragetseng pele
[fetola | Fetola Motswedi]Moeteledipele o a nenga nonofile thata ke Kgosi Khama III, o a neng a na le kemo nokeng e e nonofileng go tswa mo pusong ya Britain, ebile a ratega thata mo bathong ba kereke ya Evangelical kwa Britain. O ne a bereka thata le sesole sa Britain, ebile a sireletsa lefatshe le le neng le le letona mme le sena batho ba bantsi mo ditsuoloding tsa Aforika Borwa.[3]
Morwa Khama o motona e ne e le Sekgoma II, o a neng a nna kgosi ya Bangwato fa Khama a tlhokafala ka ngwaga wa 1923. Morwa Sekgoma II o motona e ne e le Seretse. Mo botshelong jwa gagwe jotlhe Khama o ne a nyala basadi ba le bantsi (fa o mongwe a sena go tlhokafala). Mongwe wa basadi ba gagwe ebong Semane, o ne a mo tsholela ngwana wa mosimane Tshekedi.[4]
Puso ya ga Sekgoma II e nnile lobaka lwa ngwaga dfela, a tlogela morwaagwe Seretse, o ka nako eo e neng e santse e le losea, e le ene mojaboswa wa bogosi (Tshekedi o ne a se mo lenaneong la go nna kgosi ka a ne a se ngwana wa ga Sekgoma II. Ka jalo go diragatsa setso, Tshekedi o ne a tshwarelela bogosi jwa morafe go fitlhelela Seretse a lekana go tsaya bogosi. Go neelana bogosi go stwa kwa go Tshekedi go ya kwa go Seretse go ne go rulaganyeditswe go diragala morago ga Seretse a boa kwa dithutong tsa gagwe tsa molao kwa Britain.
Go tshwarelela bogosi ga ga Tshekedi go gakologelwa ka go atolosa mephato ga gagwe, go aga dikolo, go aga di sigo tsa mabele, go buisana le bagogi ba kolone ba Britain ka tsamaiso ya bogosi jwa Bangwato; le ka maiteko a gagwe a go berekisana le kgaogano ya morafe morago ga Seretse a nyala mosadi o mosweu, Ruth Williams, fa a ithuta kwa Britain.
Tshekedi o ne a le kgatlhanong le lonaylo lo ka mo setsong tsa Botswana kgosi o ka se nyale jaaka a batla. E ne e le motlhanka wa batho; bogosi bo ne bo ka mo tswa diatleng. Seretse o ne a sa boele morago go nyala Ruth (selo se a neng a se dira fa a tshabetse kwa Britain ka 1948), le dikakanyo tsa morafe ka lonyalo di ne tsa baka kgaogano, bagolo ba dumalana le Tshekedi, ba ba nnye ba dumalana le Seretse. kwa phelelong bagogi ba Britain ba ne ba koba banna ba botlhe ka bobedi (Tshekedi go tswa kwa ga Mma Ngwato, Seretse go tswa mo lefatsheng ka kakaretso). Go tsuologo go ne ga nna gontsi, batho ba bolawa.[5]
Seretse le Ruth ba ne ba letlelelwa go boela Botswana, mme ene le Tshekedi ba kgona go baakanya dilo gareng ga bone. Ka nako e, Seretse o nea sa ipone e le kgosi ya Bangwato, o ne a ipona e le moeteledipele wa Botswana Democratic Party ebile e le tautona wa lefatshe la Botswana le le neng le tloga le tsaya boipuso ka ngwaga wa 1966. O ne a nna tautona wa Botswana go fitlhelela a tlhokafala ka ntlha ya kankere ka ngwaga wa 1980.[6]
Ngwao
[fetola | Fetola Motswedi]Letsatsi la booipuso ke letsatsi la lefatshe la boikhutso le le supiwang ka ditshupo tsa borata lefatshe. Jaka meletlo e mengwe, letsatsi la boipuso le ketekelwa kwa ntle. Ditirelo tsotlhe tsa puso jaaka tsa poso, le dikgotlatshekelo di a tswala ka letsatsi le. Mapolotiki a le mantsi a iponagatsa kwa meletlong go galaletsa ngwao, ditso, le batho.[7]
Malwapa a ipelela boipuso ka go tsenelela meletlo; bangwe ba tsaya sebaka go ikhutsa kgotsa go tsaya mafelo a beke a maleele go iketla le ba lolwapa kgotsa ditsala. Mekgabisa (dibaluni, lediaparo) e a bo e le ya mmal wa botala jwa loapi, bosweu le bontsho, mebala ya folaga ya Botswana. Megwanto e dirwa mo mosong, pele ga ba lolwapa ba kopana, fa ditshupo tsa melelo ya ditlhase di diragala mo maitseboeng morago ga go nna lefifi kwa lobalelng lwa metshameko.[8]
Ditshedimosetso tse dingwe
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Constitution of Botswana 1966". www.commonlii.org. Retrieved 2025-09-26
- ↑ "Botswana Day 2020, 2021 and 2022 in Botswana". PublicHolidays.africa. Retrieved 2025-09-26
- ↑ J. Mutero Chirenje, Chief Kgama and his times c. 1835-1923: the story of a Southern African ruler (1978).
- ↑ Professor Henry Louis Gates, Jr.; Professor Emmanuel Akyeampong; Mr. Steven J. Niven (2 February 2012). Dictionary of African Biography. OUP USA. pp. 355–. ISBN 978-0-19-538207-5.
- ↑ "President Seretse Khama | South African History Online". www.sahistory.org.za. Retrieved 2025-09-26
- ↑ "Botswana president reported near death". The Montreal Gazette. Retrieved 2025-09-26– via Google News Archive.
- ↑ Makgala, Christian John; Bolaane, Maitseo (2016). "Gobe Matenge's Social Engineering Through Milestone Independence Anniversary Celebrations in Botswana, 1975–2016". Botswana Notes and Records. 48: 218–228.
- ↑ Mogalakwe, Monageng; Nyamnjoh, Francis (2017-01-02). "Botswana at 50: democratic deficit, elite corruption and poverty in the midst of plenty". Journal of Contemporary African Studies. 35 (1): 1–14. doi:10.1080/02589001.2017.1286636. ISSN 0258-9001.