Jump to content

Letsatsi la Herero

Go tswa ko Wikipedia
Samuel Maharero, Kgosi wa Ba Herero, ka nako ya polao ya batho ba merafe ya Herero le Nama ka 1904

Letsatsi la Herero (le leitsegeng gape jaaka letsatsi la folagag e khibidu kgotsa letsatsi la bagaka ba folagag e khibidu, ka Otjiherero)[1] ke bokopano jwa BaHerero ba Namibia go ikgopotsa magosi a bone a a tlhokafetseng. Le tshwarelwa kwa Okahandja kwa legareng la Namibia ngwaga le ngwaga ka Phatwe a le masome mabedi le borataro, letsatsi le lefelo le mmele wa ga kgosi wa BaHerero Samuel Maharero o neng wa bolokwa gape gaufi le borragwemogologolwane ka ngwaga wa 1923.[2] Moletlo o o tsaya lobaka lwa malatsi a mararo, le ntswa o simolola ka letsatsi la Tshipi o o gaufi le Phatwe a le masome mabedi le boraro.[3]

Tse di diragetseng pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Ntwa ya Waterberg ya Phatwe a le lesome le motso ngwaga wa 1904 e ne e le ntwa ya bofelo ya dintwa tsa Herero kwa e neng e le German South West Africa. Morago ga phenyo ya sesole sa Herero, BaHerero ba ba neng ba santse ba tshela ba ne ba tshabela kwa sekakeng sa Kalahari ba le ka fa tlase ga ketelelo pele ya ga Samuel Maharero. Mo palo kakanyetsong ya dikete di le masome mane le borataro jwa masole a BaHerero, ba le sekete, lekgolo le masome a supa le botlhano ba ne ba goroga kwa Bechuanaland, ba bangwe ba ne ba tlhokafala ka ntlha ya lenyora, tlala le malwetsi.[4]

Samuel Maharero o ne a bona botshabelo jwa Britain kwa Bechuanaland Protectorate a tshelela mo botshabing kwa Tsau go fitlhelela ka 1907, morago a nna kwa Transvaal.[5] Morago ga loso lwa gagwe ka Mopitlo a le lesome le bone ngwaga wa 1923, ke gone mmele wa gagwe o neng wa fudusediwa kwa South West Africa. Setopo sa gagwe se ne sa goroga kwa Okajandja ka Phatwe a le masome mabedi le boraro ngwaga wa 1923, a bolokwa koo ka Phatwe a le masome mabedi le borataro.[2]

Segopotso sa dikgosi tsa Herero kwa Okahandja: letlapa la ga Tjamuaha, Maharero le Samuel Maharero

Ba sa itse seabe se go bolokwa gape go tlaa nnang le sone jaaka segopotso sa kgololesego mo bokoloneng le sekao sa bosetshaba, batsamaisi ba Aforika Borwa ba ne ba fa tetla ya go bolokwa gape. Moletlo o o ne o tseneletswe ke BaHerero ba le dikete tharo le batho basweu ba le lekgolo, ba akaretsa matona a puso. Fa e sale jalo, letsatsi la BaHerero le tshwarwa ngwaga le ngwaga e le tsela ya go bopagana, go nna boikanyo le go nna kgatlhanong le bokolone, bogolo jang ke ma Jeremane.[2][6]

Ditsamaiso

[fetola | Fetola Motswedi]

Moletlo wa boremelelo wa bokopano jo jwa malatsi a mararo ke mogwanto go ya kwa mabitleng a a mmalwa a dikgosi tsa BaHerero, morago go iwe kerekeng. Banna ba apara paka ya sesole, basadi ba apara mosese wa setso wa BaHereri, o e leng sekete se setona se se tlhatlhaganeng le hutshe e e dibaka tse pedi.[3]

Letsatsi la bagaka

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Phatwe a le malatsi a a masome mabedi le borataro, lefatshe la Namibia le ipelela gape letsatsi la bagaka, e le letsatsi la go ikgopotsa ntwa ya Namibia ya boipuso e e simologileng ka Phatwe a le malatsi a a masome mabedi le borataro ka ngwaga wa 1966 kwa Omugulugwombashe. Bokopano jwa letsatsi la BaHerero  ga bo diragale ka Phatwe a le masome mabedi le borataro go fa matona a puso a BaHerero sevaka sa go tsenelela meletlo yotlhe ka bobedi.

  1. Kazondovi, Lorraine (25 June 2013). "Chiefs to meet over Red Flag Heroes Day". New Era. Archived from the original on 26 June 2013.
  2. 1 2 3 1923 in Namibia KlausDierks.com
  3. 1 2 Irwing, Keith (ed.). "Herero Day, Namibia". namibia-1-on-1.com. Retrieved 02 October 2025
  4. Irwing, Keith (ed.). "The Battle of Waterberg, part 1". namibia-1-on-1.com. Retrieved 02 October 2025[self-published source]
  5. Irwing, Keith (ed.). "The Battle of Waterberg, part 2". namibia-1-on-1.com. Retrieved 03 October 2025 [self-published source]
  6. Garvey, Marcus (1995). Hill, Robert A; Garvey, Marcus (eds.). The Marcus Garvey and Universal Negro Improvement Association Papers: Africa for the Africans, 1921–1922. Vol. 11. University of California Press. p. 400. ISBN 9780520202115.