Jump to content

Letsatsi la Lefatshe la AIDS

Go tswa ko Wikipedia

Letsatsi la Lefatshe Lotlhe la AIDS, le le tlhomilweng ka letlha la 1 Sedimonthole ngwaga le ngwaga go tloga ka 1988,[1] ke letsatsi la boditšhabatšhaba le le diretsweng go lemosa batho ka leroborobo la AIDS le le bakilweng ke go anama gwa tshwaetsego ya HIV le go hutsafalela ba ba bolailweng ke bolwetse jono. Bolwetse jwa tlhaelo ya masole a mmele (AIDS) ke bolwetse jo bo tsenyang botshelo mo kotsing jo bo bakiwang ke mogare wa Mmoko-tlhabi wa (HIV). Mogare wa HIV o tlhasela masole a mmele a molwetse o be o fokotsa le go emelana gwa malwetse a mangwe. Badiredibagolo ba puso ya boitekanelo, mekgatlho e e seng ya puso, le batho ka bongwe mo lefatsheng lotlhe, ba keteka letsatsi leno, gantsi ba rutwa ka go thibela le go laola AIDS.[2]

Ditshupiso

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. https://www.hiv.gov/events/awareness-days/world-aids-day
  2. https://www.who.int/campaigns/world-aids-day/2025