Letsatsi la boditšhaba la ga Nelson Mandela
Letsatsi la ga Nelson Mandela la boditšhaba le le itsegeng jaaka letsatsi la ga Mandela, le ketekwa ngwaga le ngwaga ka 18 Phukwi, ka letsatsi la matsalo la ga Nelson Mandela.[1] Go ketekwa boswa le ditiro tsa ga moporesidente wa ntlha wa motho montsho wa Aforika Borwa le boineelo jwa gagwe jwa botshelo jotlhe mo tshiamong, tekatekanong le ditshwanelo tsa botho. Ditšhaba tse di kopaneng ka kakaretso di ne tsa itsisewe semmuso ka letsatsi leno ka Ngwanaitseele wa 2009, di lemoga seabe se se tlhomologileng sa ga Mandela mo kagisong, kgololosegong le tshiamiso ya loago mo lefatsheng lotlhe. Letsatsi la ntlha la Mandela le le sa lemogiwang ke le le ne la tshwarwa ka 18 Phukwi 2010, mme segopotso se simolotse ngwaga pele ga foo ka tshegetso ya lefatshe lotlhe go tswa kwa motheong wa ga Nelson Mandela le maiteko a boditšhabatšhaba.[1]
Tshimologo le hisitori ya lona
[fetola | Fetola Motswedi]
Go tlhomiwa ga letsatsi la ga Mandela e ne e le tlotlo go botlhokwa kgotsa mosola ya tiro le pitso ya ga Nelson Mandela ya go tsaya kgato e e ikaegileng ka mafoko a gagwe a a itsegeng, "Go mo diatleng tsa gago jaanong". O belegwe ka 18 Phukwi 1918, Mandela o feditse dingwaga di le 67 a direla setšhaba, jaaka mmueledi wa ditshwanelo tsa botho, legolegwa, modira kagiso le moporesidente wa Aforika Borwa wa temokerasi.[2] Ka jalo, molaetsa wa letsatsi la ga Mandela o kopa batho, lefatshe ka bophara go dirisa metsotso e le 67 ya nako ya bone go nna le seabe se se siameng mo setšhabeng sa bone mo dingwageng tse a di feditseng a lwela tshiamiso ya loago.[1][2]
Letsatsi la ga Mandela ga le a ikaelela go nna letsatsi la boikhutso la setšhaba, mme ke letsatsi la go tlotla boswa jwa ga Mandela ka go direla setšhaba ka tsela e e nang le bokao, go ithaopa le go dira ditiro tsa bopelonomi. Kgopolo ke gore mongwe le mongwe o na le maatla, le maikarabelo, a go fetola lefatshe gore le nne botoka, tota le ka ditiro tse dinnye.[1][3]
Botlhokwa jwa letsatsi la ga Mandela le ditlamorago tsa lefatshe ka bophara
[fetola | Fetola Motswedi]
Letsatsi la ga Mandela ke segopotso sa lefatshe lotlhe le go rotloetsa batho botlhe go tshegetsa mekgwa e Nelson Mandela a neng a e emela, e leng go itshwarela, poelano, go tlotla ba bangwe le go direla batho. Kitsiso ya ditšhaba tse di kopaneng e amogela seabe sa ga Mandela mo tharabololong ya dikgotlhang, dikamano tsa bomerafe, tshireletso ya ditshwanelo tsa botho, poelano, tekatekano ya bong, ditshwanelo tsa ditlhopha tse di bokoa, go fedisa lehuma, le go tsweletsa temokerasi le tshiamiso ya loago mo lefatsheng ka bophara.[2][3][4] Go ralala lefatshe, batho le mekgatlho ba keteka letsatsi la ga Mandela ka go nna le seabe mo tirong ya boithaopo le maiteko a a tsepameng mo setšhabeng. Ditiro tse di tlwaelegileng di akaretsa go tshegetsa dikolo tsa selegae, go phepafatsa mafelo a setšhaba, go aba didiriswa le go dira ka natla go tokafatsa batho ba ba humanegileng. Tsotlhe di diretswe go rotloetsa kutlwano le go tokafatsa setšhaba. Sekao, diporojeke tsa bosheng tsa setheo sa ga Nelson Mandela di akareditse go fetola dikolo tse di nang le ditlamelo tse di kwa tlase le go rotloetsa boitekanelo le tlhabololo ya setšhaba.[5]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 https://www.nelsonmandela.org/mandela-day
- 1 2 3 https://www.un.org/en/events/mandeladay/
- 1 2 https://www.jagranjosh.com/general-knowledge/nelson-mandela-international-day-check-history-significance-and-mandela-rules-1820000796-1
- ↑ https://www.cnbctv18.com/world/nelson-mandela-day-on-july-18-history-and-significance-14116202.htm
- ↑ https://www.mandeladay.com/