Jump to content

Letsatsi la ga Mandela le Lebaka la Lona

Go tswa ko Wikipedia
Nelson Mandela

Letsatsi la ga Mandela le Bokao Jwa Lone

[fetola | Fetola Motswedi]

Letsatsi la ga Mandela, le le ketekiwang ka 18 Phukwi, le tlotla botshelo le boswa jwa ga Nelson Mandela, moporesidente wa ntlha wa motho montsho wa Aforika Borwa le letshwao la lefatshe la kagiso, tshiamiso le ditshwanelo tsa botho. Letsatsi le le begilweng semmuso ke Ditšhaba tse di Kopaneng ka 2009, le rotloetsa batho go dirisa metsotso e le 67 ya nako ya bone go direla ba bangwe ba emela dingwaga tse 67 tse Mandela a di dirisitseng go lwela tekatekano le kgololosego.[1]

Maikaelelo a Letsatsi la ga Mandela

[fetola | Fetola Motswedi]

Maikaelelo a Letsatsi la ga Mandela ke go rotloetsa batho le ditšhaba go tsaya dikgato tse dinnye mme di na le bokao tse di tokafatsang matshelo a ba bangwe. E ka tswa e le go fepa ba ba tshwerweng ke tlala, go etela bagodi, go jala ditlhare, kgotsa go thusa mokgatlho mongwe wa selegae, selo sa botlhokwa ke go dira pharologano e e siameng fela jaaka Mandela a dirile mo botshelong jwa gagwe jotlhe.[2] Mandela o ne a dumela gore mongwe le mongwe o na le bokgoni le boikarabelo jwa go fetola lefatshe. Nngwe ya dipolelo tsa gagwe tse di itsegeng thata ke e e reng, "Se se botlhokwa mo botshelong ga se fela gore re kile ra tshela. Ke pharologanyo e re e dirileng mo matshelong a batho ba bangwe. Letsatsi la ga Mandela le diragatsa tumelo eo ka go rotloetsa go direla ba bangwe, go nna pelonomi le go nna kutlwelobotlhoko.[3]

Botlhokwa jwa Letsatsi la Mandela go sechaba

[fetola | Fetola Motswedi]

Go ralala lefatshe, Letsatsi la ga Mandela le tshwaiwa ka diporojeke tsa boithaopo, matsholo a dikolo, go phepafatsa mo tikologong le go dira ditiro tsa go thusa ba bangwe.[4] E re gakolola gore ga go tlhokege gore re nne bagaka kgotsa baeteledipele go dira diphetogo Ditiro tse di bonolo tsa tlhokomelo le bopelotshweu di ka nna le tlhotlheletso e kgolo. Fa re keteka Letsatsi la ga Mandela, re gakololwa gore ntwa ya ga Mandela ya go lwela tshiamiso ga e ise e fele. Fa re tshela go ya ka melao ya gagwe ya go nna seoposengwe, go nna le seriti le go tlotlana, re thusa go boloka boswa jwa gagwe bo tshela, e seng fela letsatsi le le lengwe, mme letsatsi le letsatsi.[5]

  1. https://www.jacarandafm.com/shows/workzone-elana-afrika-bredenkamp/how-spend-your-67-minutes-mandela-day/
  2. https://www.primediaplus.com/2025/07/10/how-you-can-turn-67-minutes-into-lasting-impact-with-jozi-my-jozi-this-mandela-day
  3. https://www.goodthingsguy.com/lifestyle/mandela-day-2025-5-causes-empowering-inspiring-sa/
  4. https://www.timeout.com/johannesburg/news/mandela-day-events-in-johannesburg-070925
  5. https://iol.co.za/weekend-argus/news/2025-07-11-help-south-africas-children-volunteer-with-ladles-of-love-this-mandela-day/