Letsatsi la mafatshefatshe la go emisiwa ga tlhaolele ya lotso le mmala
Letsatsi la mafatshefatshe la go emisiwa ga tlhaolele ya lotso le mmala le ketikiwa ngwaga le ngwaga ka kgwedi ya Mopitlo e le masome mabedi le motso fa e sale le tlhomamisiwa ke lekgotla la United Nations ka ngwaga wa 1966. Kwa Aforika Borwa, lefatshe le tiragalo e diragaletseng kwa go lone, e e neng ya baka gore le ipelelwe, ya kganyaolo ya Sharpville, letsatsi leo le ipelelwa e le letsatsi la ditshwanelo tsa setho, ebile ke letsatsi la boikhutso.
Tse di diragetseng pele
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Mopitlo a le masome mabedi le motso ngwaga wa 1960, mapodisi a ne a thuntsha batho kwa mogwantong wa kagiso kwa Sharpville, Aforika Borwa, kgatlhanong le melao ya bukana ya mosepele. Mo tiragalong e e itseweng jaaka kganyaolo ya Sharpville, batho ba le masome a marataro le borobabongwe ba ne ba bolawa, fa ba le lekgolo le masome a robabobedi ba ne ba gobala.[1]
Lekgotla la United Nations General Assembly fa le tlhomamisa letsatsi ka ngwaga wa 1966, le ne la gwetlha batho mo mafatsheng go oketsa maiteko a bone a go emisa ditsela tsotlhe tsa tlhaolele ya lotso le mmala.[2][1]
Letsatsi la ditshwanelo tsa setho kwa Aforika Borwa
[fetola | Fetola Motswedi]
Kwa Aforika Borwa, letsatsi le le ipelelwa ka Mopitlo a le masome mabedi le motso ngwaga le ngwaga e le letsatsi la boikhutso le le bidiwang letsatsi la ditshwanelo tsa setho fa e sale ka ngwaga wa 1994,[3] fa Nelson Mandela a ne a tlhophiwa go nna tautona wa Aforika Borwa o mošha wa puso ya batho ka batho.[4] Letsatsi le le bonwa e le letsatsi la go lela ke bangwe, ba ipelela matshelo a ba ba neng ba swela puso ya batho ka batho le ditshwanelo tse di lekanang mo bathong ba Aforika Borwa botlhe ka nako ya tlhaolele, tsamaiso e e neng e agilwe mo tlhaoleleng ya lotso le mmala.[1]
Ka letsatsi le, puso e gwetlha gore batho ba Aforika Borwa ba gakologelwa ditshwanelo tsa bone, ba sireletse ditshwanelo tsa bone le ditshwanelo tsa batho botlhe mo go tsuololweng, go sa kgathalesege lotso, bong, tumelo, mokgwa wa tlhakanelo dikobo, gore a ke batswakwa kgotsa nnyaa.[4]
Ditlhogo
[fetola | Fetola Motswedi]Ngwaga le ngwaga, letsatsi la mafatshefatshe la go emisiwa ga tlhaolele ya lotso le mmala le mo setlhogong sengwe:
- 2010: tlogelang tlhaolele ya lotso le mmala
- 2014: Seabe sa baeteledipele mo go emiseng tlhaolele ya lotso le mmala[2]
- 2015: Go ithuta mo dipogisong go emisa tlhaolele ya lotso le mmala gompieno[2]
- 2017: tshekatsheko ya motho ka ntlha ya lotso le mmala wa gagwe le go gwetlha kilo, go akaretsa mo phudugong[2]
- 2018: go rotloetsa kutlwano, go akarediwa, kopano le tlotlo ya go sa tshwane, go lebeletswe go emisa tlhaolele ya lotso le mmala.[2]
- 2019: go thibela le go lwantsha go golela pele ga go ikaya ka maemo le go etelela pele [2]
- 2020: Temogo, tshiamiso le tlhabololo: tshekatsheko ya legare la ngwaga ya lesome la dingwaga tsa batho ba ditso tsa Aforika[2]
- 2022: Mantswe mo tirong kgatlhanong le tlhaolele ya lotso le mmala
- 2023: dingwaga di le masome a supa le botlhano a UDHR - moko mo go emiseng tlhaolele ya lotso.
- 2024: Setho, go sena tlhaolele ya lotso
- 2025: dingwaga di le masome a marataro tsa bokopano jwa mafatshefatshe jwa kemiso ya mefuta yotlhe ya tlhaolele ya lotso le mmala.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ 1.0 1.1 1.2 "International Day for the Elimination of Racial Discrimination". United Nations. Retrieved 31 July 2025
- ↑ 2.0 2.1 2.2 2.3 2.4 2.5 2.6 Yussuf, Ahmed (21 March 2023). "From a massacre in apartheid South Africa to 'feel good' multiculturalism: The dark history of Harmony Day". ABC News (Australia). Retrieved 31 July 2025
- ↑ "Public Holidays Act 36 of 1994". South African Government. 1 January 1995. Retrieved 31 July 2025
- ↑ 4.0 4.1 "Human Rights Day". Parliament of the Republic of South Africa.