Jump to content

Letsatsi la mafatshefatshe la kemiso ya bokgoba

Go tswa ko Wikipedia
Emisang bokgoba jwa bana

Letsatsi la mafatshefatshe la kemiso ya bokgoba[1] ke tiragalo ya ngwaga le ngwaga ka kgwedi ya Morule a le malatsi a mabedi, le le rulagantsweng fa e sale ka ngwaga wa 1986 ke lekgotla la United Nations General Assembly.

Phuthego ya go fokodiwa ga thekiso ya batho le go tlontlololwa ka go gwebisiwa ka mebele ga ba bangwe[2] e ne ya tlhomamisiwa ke lekgotla la United Nations General Assembly[3] ka Morule a le malatsi a mabedi ngwaga wa 1949. Phuthego e e ne ya tlhomamisa le ngwaga wa mafatshefatshe wa go ikgopotsa tshotlego ya bokgoba le kemiso ya jone ka Morule a le lesome le boferabobedi ngwaga wa 2002.

Lekgotla la United Nations le gatelela ntwa kgatlhanong le bokgoba e le bontlha jwa go ititaya sehuba mo ditshwanelo tsa setho, ba lemoga gore bokgoba jwa mofuta ofe fela, ke tlolo molao. Bokgoba jwa gompieno ke bothata jwa lefatshe ka kakaretso, bo bo amang bana ba feta sedikadike ba ba rekisiwang ngwaga le ngwaga go dira ditiro ka tlhwatlhwa ee kwa tlase kgotsa go dirisiwa botlhaswa mo tlhakanelong dikobo, ba emelana le maemo a pampiri ya ditshwanelo tsa setho ya lefatshe lotlhe e e reng "ga go na ope o o tla nnang mo bokgobeng kgotsa botlhanka."Letsatsi la mafatshefatshe la kemiso ya bokgoba ke segopotso le pitso ya go tsaya kgato go emisa bokgoba ka mefuta ya jone yotlhe.[4][5]

Ditiragalo tsa letsatsi le di akaretsa go gatisa ditsebe, maboko, le maiphitlhelo go akantsha le go buisana, tshekatsheko ya mo borutelong ya kgwebo ya bokgoba le go fetoga ga yone, le dipuo ka baeteledipele ba polotiki ba gwetlha kgato go emisa bokgoba. Metswedi ya dikgang gantsi e tsenya dikgang, dipuisano, le diphuthego go tlotlomatsa kgang e, fa matsholo a go tsibosa batho a anamisa dintlha kwa dikolong tse dikgolwane le mafelo a mangwe.[4]

  1. "International Day for the Abolition of Slavery". www.timeanddate.com.
  2. Refugees, United Nations High Commissioner for. "Refworld - Convention for the Suppression of the Traffic in Persons and of the Exploitation of the Prostitution of Others".
  3. "General Assembly of the United Nations". www.un.org.
  4. 4.0 4.1 "International Day for the Abolition of Slavery 2024". www.timeanddate.com. Retrieved 23 June 2025.
  5. Nations, United. "International Day for the Abolition of Slavery". United Nations. Retrieved 23 June 2025.